Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 89


Tsetlana 89

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Tlhakole 27, 1833. e le ditlaamorago tsa bakaulengwe ba pele ba dirisa motsoko mo diphuthegong tsa bone, Moperofeti o ne a gogelwa go tlhatlhanya ka selo se; ke gone ka moo, o ne a lopa Morena mabapi le se. Tshenolo e, e itsegeng jaaka Lefoko la Tlhalefo, ya nna ditlamorago.

1–9, Go dirisiwa ga mofine, dino tse di loileng, motsoko, le dino tse di bolelo di a ilediwa; 10–17, Ditlhatshana, maungo, nama le mabele di tlhomilwe go dirisiwa ke motho le diphologolo; 18–21, boinelo mo molaong wa efangele, go akaretsa Lefoko la Tlhalefo, di tlisa ditshegofatso tsa lobaka lono fela le tsa semowa.

1 Lefoko la Tlhalefo, go thusa lekgotla la baperesiti ba bagolo, ba ba phuthegileng mo Kirtland, le kereke, mme le gone baitshepi mo Sione—

2 Go romelelwe madume; e seng ka taelo kgotsa patisego, mme ka tshenolo le lefoko la tlhalefo, e e supegetsang thulaganyo le thato ya Modimo mo polokong ya lobaka lono fela ya baitshepi botlhe mo malatsing a bofelo—

3 E e neetsweng go nna molao o o nang le tsholofetso, e e fetotsweng go lekana le nonofo ya ba ba bokowa le ba ba bokowakowa ba baitshepi botlhe, ba e leng kgotsa ba ka bidiwang baitshepi.

4 Bonang, ammaaruri, Morena o bua jaana a re: Ka ditlamorago tsa bosula le ditogamaano tse di teng e bile di tlaa nna mo dipelong tsa batho ba ba logang bogwenegwene mo malatsing a bofelo, Ke lo tlhagisitse, le go le tlhagisa go sale gale, ka go le neela lefoko le la tlhalefo ka tshenolo—

5 Gore e re ka motho mongwe le mongwe a nwa mofine kgotsa seno se se loileng mo gare ga lona, bonang ga go a siama, le e seng go tshwanela mo ponong ya ga Rraeno, fa e se mo go phuthegeng go tsaya karolo mo ditirelong tsa lona fa pele ga gagwe.

6 Mme, bonang, se e tshwanetse go nna mofine, ee, mofine o o itshekileng wa moretlwa, o lo o itiretseng.

7 Mme, gape, dino tse di loileng ga se tsa mpa, mme tsa go tlhapa mebele ya lona.

8 Mme gape, motsoko ga se wa mmele, le fa e le wa mpa, mme ga o a siamela motho, mme ke setlhatshana sa dintho le dikgomo tsotlhe tse dilwalang, go dirisiwa ka kelotlhoko le botsipa.

9 Mme gape, dino tse di bolelo ga se tsa mmele kgotsa mpa.

10 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, ditlhatshana tsotlhe tse di siameng Modimo o di tlhometse boitekanelo jwa mmele, tlholego, le tiriso ya motho—

11 Setlhatshana sengwe le sengwe mo pakeng ya sone, le leungo lengwe le lengwe mo pakeng ya lone; tse tsotlhe di dirisiwe ka kelelelo le malebogo.

12 Ee, le yone nama ya dibatana le ya dinonyane tsa loapi, Nna, Morena, ke di tlhomile go dirisiwa ke motho ka malebogo; le fa go ntse jalo di tshwanetse go dirisiwa ka ngomaelo;

13 Mme go a intumedisa gore di seka tsa dirisiwa, fa e se fela mo nakong tsa mariga, kgotsa go le tsididi, kgotsa leuba.

14 Tlhaka yotlhe e tlhomilwe go dirisiwa ke motho le dibatana, go nna seikokotlelo sa botshelo, e seng fela sa motho mme sa dibatana tsa naga, le dinonyane tsa legodimo, le tsotlhe diphologolo tsa naga tse di tabogang kgotsa tse di gagabang mo lefatsheng;

15 Mme tse Modimo o di diretse go dirisiwa ke motho fela mo dinakong tsa leuba le tlala e e feteletseng.

16 Tlhaka tsa mabele tsotlhe di siametse dijo tsa motho; fela jalo le lone leungo la mofine; leo le le ungwang leungo, le fa e le mo mmung kgotsa mo godimo ga mmu—

17 Le fa go ntse jalo, korong ke ya motho, mme mmedi ke wa pholo, outse ke ya pitse, le lebelebele ke la dinonyane le dikolobe, le dibatana tsotlhe tsa naga, mme barele ke ya diphologolo tsotlhe tse di ka dirisiwang, le dino tse di mololo, jaaka le yone tlhaka tse dinngwe.

18 Mme baitshepi botlhe ba ba gakologelwang go tshegetsa le go dira mafoko a, ba tshela go ya ka kobamelo ya ditaelo, ba tlaa amogela botsogo mo khubung ya bone le moko mo marapong a bone;

19 Mme ba tlaa bona tlhalefo le mahumo a magolo a kitso, e bong mahumo a a fitlhegileng;

20 E bile ba tlaa siana mme ba sa lape, mme ba tsamaya ka dinao mme ba sa idibale.

21 Mme Nna, Morena, ke ba neela tsholofetso, gore moengele wa tshenyo o tlaa feta fa go bone, jaaka bana ba Iseraele, mme a sa ba bolae. Amene.