Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 113


Tsetlana 113

Dikarabo tsa dipotso dingwe tsa mekwalo ya ga Isaia, tse di neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa kgotsa go bapa le Far West, Missouri, Mopitlo 1838.

1–6, Thito ya ga Jese, thobane e tswa mo go yone, le modi wa ga Jese di a supiwa; 7–10, Banni ba Sione ba ba phatlhaladitsweng ba na le tetla ya boperesiti e bile ba bileditswe go boela kwa go Morena.

1 Ke mang Thito ya ga Jese e go builweng ka ene mo go 1st, 2d, 3d, 4th, le 5th ditemana tsa kgaolo ya 11th ya ga Isaia?

2 Ammaaruri go bua jaana Morena: Ke Keresete.

3 Ke thobane efe e go builweng ka yone mo temaneng ya ntlha ya kgaolo ya 11th ya ga Isaia, e o e ka tlang ka Thitong ya ga Jese?

4 Bonang, go bua jaana Morena: Ke motlhanka mo diatleng tsa ga Keresete, yo ka bontlha bongwe e leng kokomana ya ga Jese ga mmogo le ya ga Eforaime, kgotsa wa ntlo ya ga Josefa, yo go beilweng thata e ntsi mo go ene.

5 Ke ofe modi wa ga Jese yo go buiwang ka o ne mo temaneng ya lesome ya kgaolo ya lesome le bongwe?

6 Bonang, go bua jaana Morena, ke kokomana ya ga Jese, ga mmogo le ya ga Josefa, ba ka tshiamo boperesiti e leng jwa bone, le dilotlele tsa bogosi, go nna mokgele, le ya go phutha batho ba me mo malatsing a bofelo.

7 Dipotso ka Elias Higbee: Go kaiwa eng ka taelo e mo go Isaia, kgaolo ya 52d temana ya 1st, e e reng: Apara nonofo ya gago, Ao! Sione—mme Isaia o umaka batho ba fe?

8 O ne a umaka bao ba Modimo a tlaa ba bitsang mo malatsing a bofelo, ba ba tlaa tshegetsang thata ya boperesiti go tlhomamisa gape Sione, le thekololo ya Iseraele; mme go apara nonofo ya gagwe ke go apara taolo ya boperesiti, joo ene, Sione, a nang le tshwanelo mo go bone ka lotsalo; le gone go boela mo thateng eo e e mo latlhegetseng.

9 Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka Sione a ipofolola mo dikgoleng tsa molala wa gagwe; mo temaneng ya 2d?

10 Re tshwanetse ra tlhaloganya gore masalela a a phatlhaladitsweng a rotloediwa go boela kwa go Morena go tswa kwa ba wetseng teng; se fa ba se dira, tsholofetso ya Morena ke gore o tlaa bua le bone, kgotsa a ba neele tshenolo. Bona ditemana tsa 6th, 7th, le 8th. Dikgole tsa molala wa gagwe ke diphutso tsa Modimo mo go ene, kgotsa masalela a Iseraele mo seemong sa bone sa go phatlhaladiwa mo gare ga Baditšhaba.