Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 38


Tsetlana 38

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Fayette, New York, Ferikgong 2, 1831. Lobaka e ne e le la khonferense ya Kereke.

1–6, Keresete o bopile dilo tsotlhe; 7–8, O mo gare ga Baitshepi ba Gagwe, ba ba tlaa tlogang ba mmona; 9–12, Nama yotlhe e bodile fa pele ga Gagwe; 13–22, O beetse fa thoko lefatshe la tsholofetso go ruiwa ke Baitshepi ba Gagwe ka nako le ka bosakhutleng; 23–27, Baitshepi ba laelwa gore ba tshwaragane le kaane jaaka bakaulengwe; 28–29, Dintwa di bonelwa pele; 30–33, Baitshepi ba tlaa neelwa thata go tswa kwa godimo le go tswela pele mo gare ga ditšhaba tsotlhe; 34–42, Kereke e laelwa go tlamela bahumanegi le batlhoki le go batla dikhumo tsa bosakhutleng.

1 Go bua jaana Morena Modimo wa gago, e bong Jeso Keresete, Ke ntse Yoo Mogolo, Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo, ene yo o lebeletseng mo lohalahaleng le le a tlhameng la bosakhutleng, le magosana otlhe a masomosomo a legodimo, pele ga lefatshe le dirwa;

2 Ene yo o itseng dilo tsotlhe, gonne dilo tsotlhe di teng fa pele ga matlho ame;

3 Ke nna ene yo o buileng, mme lefatshe le ne la dirwa, mme dilo tsotlhe di tlhodilwe ke nna.

4 Ke nna ene yo ke tseetseng Sione wa ga Enoko mo sehubeng sa me; mme ammaaruri, ka re, fela jaaka botlhe ba dumetse mo leineng la me, gonne ke nna Keresete, mme mo leineng la me, ka molemo wa madi a ke a tsholotseng, ke ba rapeletse fa pele ga ga Rara.

5 Mme bonang, masalela a baikepi ke ba tshwere ka dikeetane tsa lefifi go fitlhelela katlholo ya letsatsi le legolo, e e tlaa tlang kwa bokhutlong jwa lefatshe;

6 Mme fela jalo ke tlaa dira gore baikepi ba tshegediwe, ba ba se kitlang ba utlwa lentswe la me mme ba thatafatsa dipelo tsa bone, mme bohutsana, bohutsana, bohutsana ke khutso ya bone.

7 Mme bonang, ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya gore ke lo matlho a me a mo go lona. Ke mo gare ga lona mme ga lo kake lwa mpona;

8 Mme letsatsi le tloga le tla fa lo tlaa mponang, le go itse gore Ke Kentse; gonne sesiro sa lefifi se tlaa tloga se kgagolwa, mme yo o sa itshekisiwang ga a kitla a itshokela letsatsi leo.

9 Ke gone, tlamang matheka a lona lo ipaakanye. Bonang, bogosi ke jwa lona, mme mmaba ga a kitla a fenya.

10 Ammaaruri ke a lo raya, lo ntlafetse, mme e seng lotlhe; e bile ga go ope wa lona yo ke itumelang thata ka ene;

11 Gonne nama yotlhe e bodile fa pele ga me; mme dithata tsa lefifi di a fenya mo lefatsheng, mo gare ga bana ba batho, mo ponalong ya masomosomo otlhe a legodimo—

12 Mo go dirang gore tidimalo e buse, mme bosakhutleng jotlhe bo tlhokofaditswe, mme baengele ba emetse taelo e kgolo go roba lefatshe, go phutha mofoka gore o fisiwe; mme, bonang, baba ba bopagane.

13 Mme jaanong ke le supetsa bosaitseweng, selo se se dirwang mo matlwaneng a a kwa teng, go diragatsa e bong tshenyego ya lona mo tswelelong ya nako, mme ga lo a itse;

14 Mme jaanong ke a lo bolelela, mme lo sego, e seng ka ntlha ya boikepo jwa lona, le fa e le ka dipelo tsa lona tse di sa dumeleng; gonne ammaaruri bangwe ba lona ba molato fa pele ga me, mme ke tlaa lo utlwelabotlhoko mo bokoweng jwa lona.

15 Ke gone ka moo, lona lo nne thata go tloga fa, se boifeng, gonne bogosi ke jwa lona.

16 Mme ka ga poloko ya lona ke lo neela taelo, gonne ke utlwile dithapelo tsa lona, mme bahumanegi ba ngongoregile fa pele ga me, mme bahumi ke ba bopile, mme nama yotlhe ke ya me, mme ga ke motlhaodi wa batho.

17 Mme ke humisitse lefatshe, mme bonang ke sebeo sa dinao tsa me, ke gone, gape ke tlaa ema mo go lone.

18 Mme ke tshotse e bile ke rata go le neela mahumo a magolo, e bong lefatshe la tsholofetso, lefatshe le le elelang ka mashi le dinotshe, le mo go lone go se kitlang go nna le phutso mogang Morena a tlang;

19 Mme ke tlaa lo le neela e le lefatshe la lona la boswa, fa lo le batla ka dipelo tsa lona tsotlhe.

20 Mme se e tlaa nna kgolagano ya me le lona, lo tlaa nna le lone e le lefatshe la boswa jwa lona, le la boswa jwa bana ba lona ka bosenang bokhutlo, fa lefatshe le santse le le teng, mme lo tlaa le rua gape mo bosakhutleng, go seka le tlhola le feta.

21 Mme, ammaaruri ke a lo raya gore mo nakong ga lo kitla lo nna le kgosi le fa e le mmusi, gonne Ke tlaa nna kgosi ya lona mme ke tlaa lo disa.

22 Ke gone, utlwang lentswe la me mme lo ntshaleng morago, mme lo tlaa nna batho ba ba gololesegileng, mme lo seka lwa nna le melao fa e se melao ya me fa ke tla, gonne ke nna motlhomi wa molao wa lona, mme ke eng se se ka thibang seatla sa me?

23 Mme, ammaaruri ke a lo raya, rutanang go ya ka ofisi e ke le tlhomileng mo go yone;

24 Mme a motho mongwe le mongwe a tlotle mokaulengwe wa gagwe jaaka a itlotla, mme ba dire molemo le boitshepo fa pele ga me.

25 Mme gape Ke a lo raya, a motho mongwe le mongwe a tlotle mokaulengwe wa gagwe jaaka a itlotla.

26 Gonne ke motho ofe mo gare ga lona yo e reng a na le barwa ba le lesome le bobedi, mme a sa ba tlhaole a bile a sa ba tlotle, mme ba mo direla ka boikobo, mme a reye yo mongwefela a re: Apara diaparo tse dintle mme o nne fa; mme go yo mongwe: Apara makgasa mme o nne fa le—mme a lebe barwa ba gagwe mme a re ke mosiami?

27 Bonang, se ke se lo neetse jaaka setshwantsho, mme se ntse fela jaaka Ke ntse. Ke a lo raya, nnang bangwefela; mme fa lo se bangwefela ga lo ba me.

28 Mme gape, Ke a lo raya gore mmaba mo matlwaneng a a kwa teng o batla matshelo a lona.

29 Lo utlwa ka dintwa mo mafatsheng a a kgakala, mme lo re go tloga go nna dintwa tse dikgolo mo mafatsheng a a kgakala mme ga lo itse dipelo tsa batho ba ba mo lefatsheng la lona.

30 Ke lo bolelela dilo tse ka ntlha ya dithapelo tsa lona; ke gone, bolokang tlhalefo mo dihubeng tsa lona, e sere kgotsa boikepo jwa batho jwa senola dilo tse mo go lona ka boikepo jwa bone, ka mokgwa o o tlaa buang mo ditsebeng tsa lona ka lentswe le le kwa godimo go na le leo le le tlaa tshikinyang lefatshe; mme fa lo ipaakantse ga lo kitla lo boifa.

31 Mme gore lo tle lo falole thata ya mmaba, mme phuthegelang kwa go nna lo le batho ba tshiamo, lo sena selabe e bile lo sena molato—

32 Ke gone, ka lebaka le ke lo neetse taelo gore lo tshwanetse go ya kwa Ohio; mme koo ke tlaa lo neela molao wa me; mme ko o lo tlaa apesiwa ka nonofo e e tswang kwa godimo;

33 Mme go tswa koo, le fa e le mang yo ke ratang a tswela pele mo gare ga ditšhaba tsotlhe, mme ba tlaa bolelelwa se ba tlaa se dirang, gonne ke na le tiro e kgolo e e beilweng mo mabolokelong, gonne Iseraele o tlaa bolokwa, mme Ke tlaa ba gogela gongwe le gongwe kwa ke ratang teng, mme ga gona thata epe e e tlaa thibang seatla sa me.

34 Mme jaanong, Ke neela kereke mo dikarolong tse taelo, gore batho bangwe mo gare ga bone ba tlaa tlhomiwa, mme ba tlaa tlhomiwa ka lentswe la kereke;

35 Mme ba tlaa tlhokomela bahumanegi le batlhoki, le go ba direla go ba thusa gore ba se ka ba sotlega; mme ba ba romele kwa lefelong le ke ba le laetseng;

36 Mme se e tlaa nna tiro ya bone, go laola merero yotlhe ya dithoto tsa kereke e.

37 Mme bone bao ba ba nang le masimo a a sa kakeng a rekisiwa, a a tlogelwe kgotsa a hirisiwe ka fa go tlaa nnang molemo ka gona mo go bone.

38 Bonang gore dilo tsotlhe di a dibelwa; mme fa batho ba apesitswe ka nonofo e e tswang kwa godimo mme ba romelwa, dilo tsotlhe tse di tlaa phuthelwa mo sehubeng sa kereke.

39 Mme fa lo batla mahumo se e leng go rata ga ga Rara go lo a neela, lo tlaa nna bahumi ba batho botlhe, gonne lo tlaa nna le mahumo a bosakhutleng; mme go tlhokega gore mahumo a me a lefatshe ke lo a neela; mme itiseng mo boikgogomosong, e sere kgotsa lwa nna jaaka Banefi ba bogologolo.

40 Mme gape, ke a lo raya, ke lo neela taelo, gore motho mongwe le mongwe, mogolwane, moperesiti, moruti, le gone leloko, a tsamaye ka maatla a gagwe, ka ditiro tsa diatla tsa gagwe, go baakanya le go diragatsa dilo tse ke di laetseng.

41 Mme a go rera ga lona e nne lentswe la tlhagiso, motho mongwe le mongwe go moagisanyi wa gagwe, ka bori le ka bonolo.

42 Mme tsamayang lo tswe mo gare ga baikepi. Ipolokeng. Lo ntlafale lona ba lo tshotseng dilwana tsa Morena. Fela jalo. Amene.