Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 82


Tsetlana 82

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, mo Independence, Jackson County, Missouri, Moranang 26 1832. Lobaka e ne e le la lekgotla la baperesiti ba bagolo le bagolwane ba Kereke. Kwa lekgotleng, Joseph Smith o neng a emiwa nokeng jaaka Moporesidente wa Boperesiti jo Bogolo, go ofisi e pele a neng a e tlhometswe kwa khonferenseng ya baperesiti ba bagolo, bagolwane le maloko, kwa Amherst, Ohio, Hirikgong 25, 1832 (bona setlhogo sa tsetlana 75) Tshenolo e e boeletsa dikaelo tse di neetsweng go le pele mo tshenolong (tsetlana 78) go simolodisa madirelo—a a itsege jaaka United Firm (ka fa tlase ga kaelo ya ga Joseph Smith, lereo “thulaganyo” kgabagare ya emela “madirelo”)—go busa kgwebo ya Kereke ke ditiragalo tsa kanamiso.

1–4, Ko o bontsi bo neetsweng, bontsi bo a batlega; 5–7, Lefifi le busa mo lefatsheng; 8–13, Morena o a tlamega fa re dira se A se buang; 14–18, Sione e tshwanetse go oketsega mo bontleng le mo boitshepong; 19–24, Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go batla go kgatlhegela moagisanyi ka ene.

1 Ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya, batlhanka ba me, e re ka lo itshwarelelana melato, le Nna, Morena, fela jalo ke a lo itshwarela.

2 Le fa gontse jalo, go na le bao mo gare ga lona ba ba leofileng thata; ee, fela lona lotlhe lo leofile; mme ammaaruri Ke a lo raya, lo itise go tloga fa, lo bo lo ikgaphe mo sebeng, e sere kgotsa katlholo e botlhoko ya wela mo ditlhogong tsa lona.

3 Gonne yoo neetsweng se segolo, go lopiwa se segolo; mme yo o leofelang lesedi le legolo o tlaa amogela tshekiso e kgolo.

4 Lo biletsa leina la me ditshenolo, mme Ke a lo di neela; mme e re ka lo sa tshegetse mafoko ame, a Ke lo a neelang, lo nna batlodi; mme tshiamiso le katlholo ke di tefetso tse di golagantsweng le molao wa me.

5 Ke gone ka moo, se Ke se rayang a le mongwe Ke se raya botlhe: Lebelelang, gonne moganetsi o anamisa dipuso tsa gagwe, mme lefifi le a busa;

6 Mme bogale jwa Modimo bo tukela banni ba lefatshe; mme ga go ope yoo dirang molemo, gonne botlhe ba fapogile mo tseleng.

7 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, Nna, Morena, ga ke kitla ke lo balela boleo bope; tsamayang mme lo seka lwa tlhola le leofa; mme mo mothong yoo o leofang dibe tsa pele di tlaa busediwa, go bua Morena Modimo wa lona.

8 Mme gape, Ke a lo raya, Ke lo neela taelo e ntsha, gore lo ka tlhaloganya thato ya me mabapi le lona;

9 Kgotsa, ka mafoko a mangwe, Ke lo neela ditaelo tsa ka fa lo ka dirang ka teng fa pele ga me, gore go ka fetoga go nna poloko ya lona.

10 Nna, Morena, ke a tlamega fa lo dira se Ke se buang; mme fa lo sa dire se Ke se buang, ga lona tsholofetso.

11 Ke gone ka moo, ammaaruri Ke a lo raya, gore go tshwanetse gore batlhanka ba me Edward Partridge le Newel K. Whitney, A. Sidney Gilbert le Sidney Rigdon, le motlhanka wa me Joseph Smith, le John Whitmer le Oliver Cowdery, le W. W. Phelps le Martin Harris ba kopangwe ka tumalano le kgolagano e e sa kakeng ya robiwa ka tlolo, fa e se katlholo e latela ka bonako, mo ditebalebelong tsa lona tse di farologanyeng—

12 Go laola merero ya bahumanegi, le dilo tsotlhe tse e leng tsa bobishopo mo lefatsheng la Sione le mo lefatsheng la Kirtland;

13 Gonne Ke tshwaetse lefatshe la Kirtland mo nakong ya me ya e e tshwanetseng go thusa baitshepi ba Mogodimogodimo, le lemapo la Sione.

14 Gonne Sione o tshwanetse go oketsega mo bontleng, le mo boitshepong; melelwane ya gagwe e tshwanetse go atologa; dimapo tsa gagwe di tshwanetse go thatafadiwa; ee, ammaaruri Ke a lo raya, Sione o tshwanetse go nanoga mme a apare diaparo tsa gagwe tse dintle.

15 Ke gone ka moo, Ke lo neela taelo e, gore lo itlame ka kgolagano e, mme go tlaa dirwa go ya ka melao ya Morena.

16 Bonang, se le gone ke tlhalefo mo go nna go le direla molemo.

17 Mme lo tshwanetse go lekana, kgotsa ka mafoko a mangwe, lo tshwanetse go nna le tshwanelo e e lekanang mo dithotong, go le thusa go laola merero ya ditebalebelo tsa lona, motho mongwe le mongwe go ya ka matlhoko a gagwe le letlhoko la gagwe, e re ka matlhoko a gagwe e le a tshwanetseng—

18 Mme tse tsotlhe ka thuso ya kereke ya Modimo o o tshedileng, gore motho mongwe le mongwe a ka tokafala mo talenteng ya gagwe, gore motho mongwe le mongwe a ka amogela ditalente tse dingwe, ee, e leng ga lekgolo, go latlhelwa mo ntlong ya polokelo ya Morena, go nna thoto e e tlhakanetsweng ya kereke yotlhe—

19 Motho mongwe le mongwe a senka go thusa moagisanyi wa gagwe, mme a dira dilo tsotlhe ka leitlho le le lebeletseng fela kgalalelo ya Modimo.

20 Thulaganyo e Ke e laotse go nna thulaganyo e e sa khutleng mo go lona, le mo go ba ba lo tlhatlhamang, e re ka lo sa leofe.

21 Mme mowa yo o leofelang kgolagano e, mme o thatafatsa pelo ya one, o tlaa direlwa go ya ka melao ya kereke, mme o tlaa neelwa go dikiteo tsa ga Satane go fitlha letsatsi la thekololo.

22 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, mme se ke tlhalefo, itireleng ditsala ka mahumo a a siamang, mme ga ba kitla ba lo senya.

23 Ntlogeleleng katlholo, gonne ke ya me mme Ke tlaa duela. Kagiso e nne le lona; ditshegofatso tsa me di nne le lona.

24 Gonne bogosi e santse e le jwa lona, mme bo tlaa nna ka bosenang bokhutlo, fa lo sa we mo tlhomamong ya lona. Fela jalo. Amene.