Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 137


Tsetlana 137

Ponatshegelo e e bontshitsweng Moperofeti Joseph Smith, mo tempeleng kwa Kirtland, Ohio, Firikgong 21, 1836. Lobaka e ne la tirelo ya ditao mo paakanyetsong ya tshwaelo ya tempele.

1–6, Moperofeti o bona morwarraagwe Alvin mo bogosing jwa selesetiale; 7–9, Dithuto tsa poloko ya baswi di a senolwa; 10, Bana botlhe ba a bolokwa mo bogosing jwa selesetiale.

1 Magodimo a ne a re atlhamologetse, mme ka bona bogosi jwa selesetiale jwa Modimo, le kgalalelo ya jone, kana a le mo mmeleng kgotsa kwa ntle ga ke itse.

2 Ke bone bontle jo bofeteletseng jwa kgoro e baja boswa ba bogosi ba tlaa tsenang ka yone, jo bo ne bo ntse jaaka kgabo ya molelo e e kgolokwe;

3 Le yone phatsimo ya setilo sa bogosi jwa Modimo, se mo go sone go ntseng Rara le Morwa.

4 Ke bone mebila e mentle ya bogosi joo, e e neng e na le ponalo e e keteng e adilwe ka gauta.

5 Ke bone Rre Atamo le Aberahame; le rre le mme; morwarre Alvin, yo o saleng a robetse;

6 Mme ka gakgamalela gore go nnile jang gore a amogele boswa mo bogosing joo, gonne o tlogetse botshelo jo pele ga Morena a tlhoma seatla sa gagwe go phutha Iseraele la bobedi, mme a ne a sa kolobelediwa boitshwarelo jwa dibe.

7 Jaana ga tla lentswe la Morena kwa go nna, le re: Botlhe ba ba suleng ba sena kitso ya efangele e, ba ba kabong ba e amogetse fa ba ne ba letleletswe go diega, ba tlaa nna baja boswa jwa bogosi jwa selesetiale wa Modimo;

8 Le gone botlhe ba ba tlaa swang go tswa fa ba sena kitso ya jone, ba ba kabong ba e amogetse ka dipelo tsa bone tsotlhe, ba tlaa ja boswa jwa bogosi joo;

9 Gonne Nna, Morena, ke tlaa atlhola batho go ya ka ditiro tsa bone, go ya ka keletso ya dipelo tsa bone.

10 Mme le gone ka bona gore bana botlhe ba ba swang pele ga ba fitlha mo dingwageng tsa boikarabelelo ba bolokwa mo bogosing jwa selesetiale kwa legodimong.