Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 126


Tsetlana 126

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, mo ntlong ya ga Brigham Young, kwa Nauvoo, Illinois, Phukwi 9, 1841. Ka nako e Brigham Young e ne e le Poresidente ya Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi.

1–3, Brigham Young o akgolelwa ditiro tsa gagwe mme o gololwa mo go tseyeng loeto la kwantle mo lobakeng lo lo tla tlang.

1 Wena mokaulengwe yo o rategang thata, Brigham Young, ammaaruri jaana go bua Morena mo go wena: Motlhanka wa me Brigham, ga go sa tlhole go lopiwa mo seatleng sa gago go tlogela lelwapa la gago jaaka mo metlheng e e fitileng, gonne kabelo ya gago e a amogelesega mo go nna.

2 Ke bone tiro ya gago le letsapa mo maetong ka ntlha ya leina la me.

3 Ke gone ka moo ke go laola go romela lefoko la me kwantle, mme o tlamele thata lelwapa la gago go tswa mo nakong e, go tloga fa le ka bosenang bokhutlo. Amene.