Scriptures
Alema 7


Mafoko a ga Alema a a neng a a neela go batho mo Giteone, go ya ka fa pegong e e kwadilweng ya gagwe.

E le mo kgaolo 7.

Kgaolo 7

Keresete o tlaa tsholwa ke Maria—O tlaa golola dikgole tsa loso mme a rwale dibe tsa batho ba gagwe—Ba ba ikotlhayang, ba kolobediwa, mme ba tshegetsa ditaelo ba tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng—Makgapha ga a kake a ja boswa jwa motse wa bogosi jwa Modimo—Boikokobetso, tumelo, tsholofelo, le bopelonomi di a tlhokega. E ka nna dingwaga di le 83 pele ga ga Keresete.

1 Bonang bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke bona gore ke letleletswe go tla go lona, jalo he ke leka go bua le lona ka puo ya me, ee, ka molomo wa me, ke bona gore ke lwa ntlha ke bua le lona ka mafoko a molomo wa me, nna ke ntse ke kganeletswe ka botlalo mo setilong sa katlholo, ke nnile le tiro e ntsi mo e leng gore ke ne ke ka seka ka tla go lona.

2 Mme le tota ke ne ke ka seka ka tla jaanong mo nakong e fa e ne e se gore setilo sa katlholo se neetswe yo mongwe, go busa mo boemong jwa me; mme Morena mo kuwelobotlhokong e ntsi o neetse gore ke tle go lona.

3 Mme bonang, ke tlile ke na le ditsholofelo tse dikgolo le keletso e ntsi gore ke fitlhele gore le ikokobeditse fa pele ga Modimo, le gore lo ne lo tsweletse mo topong ka boikokobetso go matlhogonolo a gagwe, gore ke fitlhele gore lo ne lo sena molato fa pele ga gagwe, gore ke fitlhele gore ga lo mo seemong se se boitshegang se bakaulengwe ba rona ba neng ba le mo go sone kwa Sarahemola.

4 Mme a go segofadiwe leina la Modimo, gore a bo a mphile go itse, ee, a neele go nna boipelo jo bogolo jo bo feteletseng jwa go itse gore ba tlhomilwe gape mo tseleng ya tshiamo ya gagwe.

5 Mme ke a tshepha, go ya ka fa Moweng wa Modimo o o leng mo go nna, gore ke tlaa nna gape le boipelo mo go lona; le fa go ntse jalo, ga ke eletse gore boipelo jwa me mo go lona bo ka tla ka tiragalo ya pogisego e e kana le bohutsana jo ke nnileng le jone go bakaulengwe kwa Sarahemola, gonne bonang, boipelo jwa me bo tla mo go bone morago ga ke sena go kgabaganya ka go ralala pogisego e ntsi le bohutsana.

6 Mme bonang, ke tshepha gore ga lo mo seemong sa tlhoka tumelo e ntsi jaaka go ne go le bakaulengwe ba lona; ke tshepha gore ga lo a tsholetsegela godimo mo boikgogomosong jwa dipelo tsa lona; ee, ke tshepha gore ga lo a baya dipelo tsa lona mo dikhumong le dilo tsa lefela tsa lefatshe; ee, ke tshepha gore ga lo obamele disetwa, mme gore lo obamela Modimo wa boammaaruri le o o tshelang, le gore lo lebeletse kwa pele go phimolo ya dibe tsa lona, ka tumelo e e senang bokhutlo, e e tlaa tlang.

7 Gonne bonang, ka re go lona go dilo di le dintsi go tla; mme bonang, go selo se le sengwe se e leng sa botlhokwa go feta tsone tsotlhe—gonne bonang, nako ga e kgakala gore Morekolodi a tshele mme a tle gareng ga batho ba gagwe.

8 Bonang, ga ke re o tlaa tla gareng ga rona ka nako ya go nna ga gagwe mo motlaaganeng wa gagwe o o swang; gonne bonang, mowa ga o ise o re go nna se e tlaa nna seemo. Jaanong ka ga selo se ga ke itse; mme go le kana ke a itse, gore Morena Modimo o na le thata go dira dilo tsotlhe tse di leng go ya ka fa lefokong la gagwe.

9 Mme bonang, Mowa o rile go le kana go nna, o re: Lelela go batho ba, o re—Ikotlhaeng lona, mme lo baakanye tsela ya Morena, mme lo tsamaye mo ditselaneng tsa gagwe, tse di tlhamaletseng; gonne bonang, motse wa bogosi jwa legodimo o fa seatleng, mme Morwa Modimo o tla mo sefatlhogong sa lefatshe.

10 Mme bonang, o tlaa tsholwa ke Maria, kwa Jerusalema le e leng lefatshe la borraaronamogolo, ene e le kgarejwana, sejana sa botlhokwa e bile se tlhophilwe, yo o tlaa tshutifalewang mme a ime ka thata ya Mowa o o Boitshepho, mme a tlise pele morwa, ee, le e leng Morwa Modimo.

11 Mme o tlaa ya pele, a sotlega ditlhabi le dipogisego le dithaelo tsa mefuta yotlhe; mme se gore lefoko le tle le diragadiwe le le reng o tlaa tsaya mo go ene matlhoko le malwetse a batho ba gagwe.

12 Mme o tlaa tsaya mo go ene loso, gore a tle a bofolole dikgole tsa loso tse di bofang batho ba gagwe; mme o tlaa tsaya mo go ene makoa a bone, gore dijelo tsa gagwe di ka tla tsa tlala ka kutlwelobotlhoko, go ya ka fa nameng, gore a tle a itse go ya ka fa nameng ka fa a ka tlamelang batho ba gagwe go ya ka makoa a bone.

13 Jaanong Mowa o itse dilo tsotlhe; le fa go ntse jalo, Morwa Modimo o sotlega go ya ka fa nameng gore a tle a tseye mo go ene dibe tsa batho ba gagwe, gore o ka tla a phimola ditlolo molao tsa bone go ya ka fa thateng ya kgololo ya gagwe; mme jaanong bonang, se ke bopaki jo bo leng mo go nna.

14 Jaanong ka re go lona lo tshwanetse lo ikotlhae, mme lo tsalwe gape; gonne Mowa wa re fa lo sa tsalwa gape ga lo kake lwa ja boswa motse wa bogosi jwa legodimo; jalo he tlang mme lo kolobediwe go boikotlhao, gore lo tle lo tlhatswiwe go tswa mo dibeng tsa lona, gore lo tle lo nne le tumelo mo Kwanyaneng ya Modimo, yo o tlosang dibe tsa lefatshe, yo o leng mogolo go boloka le go tlhatswa go tswa mo tshiamololong yotlhe.

15 Ee, ka re go lona tlang mme lo se boife, mme lo sekegele kwa thoko sebe sengwe le sengwe, se ka motlhofo se lo tlhaselang, se se lo bofelelang mo tshenyengong, ee, tlang mme lo ye pele, mme lo bontshe go Modimo wa lona gore lo eletsa go ikotlhaela dibe tsa lona le go tsena mo kgolaganong le ene go tshegetsa ditaelo tsa gagwe, mme lo supe go ene ka letsatsi leno ka go ya mo metsing a kolobetso.

16 Mme mang le mang yo o dirang se, mme a tshegetsa ditaelo tsa Modimo go tsweng fa, ene yoo o tlaa gakologelwa gore ke mo raya ke re, ee, o tlaa gakologelwa gore ke mo reile ka re, o tlaa bona botshelo jo bosakhutleng, go ya ka fa bopaking jwa Mowa o o Boitshepho, o o pakang mo go nna.

17 Mme jaanong bakaulengwe ba me ba ba rategang, a lo dumela dilo tse? Bonang, ka re go lona, ee, ke a itse gore lo a di dumela; mme tsela e ke itseng ka yone gore lo a di dumela ke ka itshupegetso ya Mowa o o leng mo go nna. Mme jaanong ka gonne tumelo ya lona e nonofile mabapi le seo, ee, mabapi le dilo tse ke di buileng, go gogolo boipelo jwa me.

18 Gonne jaaka ke lo reile go tswa kwa tshimologong, gore ke ne ke na le keletso e ntsi gore lo bo lo se mo seemong sa tsietsego jaaka bakaulengwe ba lona, le jalo ke bonye gore dikeletso tsa me di kgotsofaditswe.

19 Gonne ke lemoga gore lo mo ditselaneng tsa tshiamo; ke lemoga gore lo mo tseleng e e isang kwa motseng wa bogosi jwa Modimo; ee, ke lemoga gore lo tlhamalatsa ditselana tsa gagwe.

20 Ke lemoga gore go itsisitswe go lona, ka bopaki jwa lefoko la gagwe, gore ga a kake a tsamaya mo ditselaneng tse di sokameng; le fa e le go farologana le se a se buileng; le e seng gore o na le moriti wa go fetoga go tswa mo mojeng go ya kwa molemeng, kgotsa go tswa mo go seo se se siameng go ya go seo se se sa siamang; jalo he, tsela ya gagwe ke tikologo e le nngwe e e sa khutleng.

21 Mme ga a nne mo ditempeleng tse di seng boitshepho; le e seng makgapha kgotsa sengwe fela se se seng phepa se amogelwe mo motseng wa bogosi jwa Modimo; jalo he ka re go lona nako e tlaa tla, ee, mme e tlaa nna ka letsatsi la bofelo, gore yoo yo o makgapha o tlaa sala mo makgapheng a gagwe.

22 Mme jaanong bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke buile dilo tse mo go lona gore ke tle ke lo tsose mo tlhaloganyong tiro ya lona go Modimo, gore lo tle lo tsamaye lo se molato fa pele ga gagwe, gore lo ka tsamaya fa morago ga taolo e e boitshepho ya Modimo, e mo morago ga yone lo amogetsweng.

23 Mme jaanong ke ka re gore lo ikokobetse, mme lo nne boineelo le bonolo; lo le motlhofo go kopiwa; lo tletse bopelotelele le boitshoko; lo le boitshwaro mo dilong tsotlhe; lo tlhoafetse mo go tshegetseng ditaelo tsa Modimo ka dinako tsotlhe; lo kopa eng le eng dilo tsotlhe tse lo emang mo letlhokong la tsone mmogo tsa semowa le senama; ka nako yotlhe lo busetsa ditebogo go Modimo mo dilong eng kana eng tse lo di amogelang.

24 Mme bonang gore lo na le tumelo, tsholofelo, le bopelonomi, mme go tswa foo lo tlaa nna ka nako yotlhe mo ditirong tse di molemo.

25 Mme a Morena a lo segofatse, le go baya diaparo tsa lona di sena selabe, gore lo ka tla lwa bofelo lwa tlisiwa go nna fatshe le Aberahame, Isake, le Jakobe, le baporofiti ba ba boitshepho ba ba kileng ba nna fa e sale lefatshe le simologa, lo na le diaparo tsa lona di sena selabe le jaaka diaparo tsa bone di sena selabe, mo motseng wa bogosi jwa legodimo go sa tlhole gape le tswela kwa ntle.

26 Mme jaanong bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke buile mafoko a go lona go ya ka fa Moweng o o pakang mo go nna; mme botho jwa me bo ipela mo go feteletseng, ka ntlha ya tlhoafalo e e feteletseng le kelotlhoko e lo e fileng lefoko la me.

27 Mme jaanong, a kagiso ya Modimo e nne mo go lona, le mo mantlong a lona le masimo, le mo matsomaneng a lona le matlhape, le tsotlhe tse lo nang le tsone, basadi ba lona le bana ba lona, go ya ka fa tumelong ya lona le ditiro tsa lona tse di molemo, go tsweng mo nakong eno go ya pele le ka metlha. Mme jalo ke buile. Amene.