Scriptures
Alema 63


Kgaolo 63

Shibolane le morago Hilamene ba tsaya dipego tse di kwadilweng tse di boitshepho—Bontsi jwa Banifae bo tsamaela kwa lefatsheng le le kwa bokone—Heikofe o aga dikepe, tse di tsamayang pele mo lewatleng le le kwa bophirima—Moronaeha o fenya Baleimene mo ntweng. E ka nna dingwaga di le 56 go ya go dile 52 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore mo tshimologong ya ngwaga wa masome a mararo le borataro wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae, gore Shibolane a tseye taolo ya dilo tseo tse di boitshepho tse di neng tsa neelwa go Hilamene ke Alema.

2 Mme e ne e le monna wa tshiamo le tlhamalalo, mme o ne a tsamaya ka tlhamalalo fa pele ga Modimo; mme o ne a ela tlhoko go dira molemo ka tswelelo, go tshegetsa ditaelo tsa Morena Modimo wa gagwe; mme gape ga dira morwarraagwe.

3 Mme go ne ga diragala gore Moronae le ene a swe. Mme jalo go ne ga fela ngwaga wa masome a mararo le borataro wa puso ya baatlhodi.

4 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng wa masome a mararo le bosupa wa puso ya baatlhodi, go ne ga nna le setlhopha se se tona sa banna, le go fitlha kwa palong ya banna ba le dikete tse tlhano le makgolo a mane, ka basadi ba bone le bana ba bone, ba emelela go tswa mo lefatsheng la Sarahemola go tsena mo lefatsheng le le neng le le bokone.

5 Mme go ne ga diragala gore Heikofe, ene e ne e le monna yo o ratang go itse dilo mo go feteletseng, jalo he o ne a ya pele mme a aga sekepe se se tona mo go feteletseng, mo melelwaneng ya lefatshe la Letlepu, gaufi le lefatshe la Letlotla, mme a se latlhela pele mo lewatleng la bophirima, ka molala o mosesane o o neng o isa mo lefatsheng le le kwa bokone.

6 Mme bonang, go ne gona le ba le bantsi ba Banifae ba ba neng ba tsena mo go sone mme ba tsamaya pele ka mefago e mentsi, ga mmogo le basadi ba le bantsi le bana; mme ba ne ba tseela tsela kwa bokone. Mme jalo go ne ga fela ngwaga wa masome a mararo le bosupa.

7 Mme mo ngwageng wa masome a mararo le boroba bobedi, monna yo a aga dikepe tse dingwe. Mme sekepe sa ntlha se ne sa bowa le sone, mme batho ba le bantsi ba bangwe ba ne ba tsena mo go sone; mme le bone ba ne ba tsaya mefago e mentsi, mme ba emelela gape go ya kwa lefatsheng le le bokone.

8 Mme go ne ga diragala gore ba seka ba tlhola ba utlwalelwa gape. Mme re gopola gore ba ne ba betwa mo boteng jwa lewatle. Mme go ne ga diragala gore sekepe se sengwe le sone se ne sa tsamaya pele; mme kwa se ileng ga re itse.

9 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng o go ne go na le batho ba le bantsi ba ba ileng pele kwa lefatsheng le le bokone. Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a mararo le boroba bobedi.

10 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng wa masome a mararo le boroba bongwe wa puso ya baatlhodi, Shibolane le ene a swa, mme Korianthene o ne a ile pele kwa lefatsheng le le kwa bokone mo sekepeng, go isa pele mefago go batho ba ba neng ba ile mo lefatsheng leo.

11 Jalo he go ne ga tlhokafa la gore Shibolane a neele dilo tseo tse di boitshepho, pele ga loso lwa gagwe, mo go morwa Hilamene, yo o neng a bidiwa Hilamene, a biditswe morago ga leina la ga rraagwe.

12 Jaanong bonang, megabo eo yotlhe e e neng e tshotswe ke Hilamene e ne ya kwalwa mme ya romelwa pele gareng ga bana ba batho go ya le lefatshe lotlhe, fa e se dikarolo tseo tse go neng go laetswe ke Alema gore di seka tsa ya pele.

13 Le fa go ntse jalo, dilo tse di ne di tshwanetse go bewa ka boitshepho, le go fitisediwa tlase go tswa tshikeng e nngwe go ya go e nngwe; jalo he, mo ngwageng o, di ne di neilwe mo go Hilamene, pele ga loso la ga Shibolane.

14 Mme go ne ga diragala gape mo ngwageng o gore gone gona le ditsuolodi dingwe ba ba neng ba ile pele go Baleimene; mme ba ne ba fuduiwa gape go tšhakgalo kgatlhanong le Banifae.

15 Mme gape mo ngwageng o ba ne ba tla tlase ka mophato o montsi go lwa kgatlhanong le batho ba ga Moronaeha, kgotsa kgatlhanong le mophato wa ga Moronaeha, e mo go yone ba neng ba itewa mme ba kgweelediwa morago gape kwa mafatsheng a bone, ba sotlegile tatlhegelo e kgolo.

16 Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a mararo le boroba bongwe wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba ga Nifae.

17 Mme jalo ga fela pego ya ga Alema, le Hilamene morwawe, ga mmogo le Shibolane, yo o neng e le morwawe.