Scriptures
Alema 52


Kgaolo 52

Emorane o tlhatlhama Amalekhaya e le kgosi ya Baleimene—Moronae, Thienkhamo, le Lihae ba etelela Banifae pele mo ntweng ya phenyo kgatlhanong le Baleimene—Motse wa Miuleke o gapiwa gape, mme Jakobe wa Mosoremo o a bolawa. E ka nna dingwaga di le 66 go ya go di le 64 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, go ne ga diragala gore mo ngwageng wa masome a mabedi le borataro wa puso ya baatlhodi godimo ga bathong ba Nifae, bonang, fa Baleimene ba tsoga mo mosong wa ntlha wa kgwedi ya ntlha, bonang, ba ne ba bona Amalekhaya a sule mo tanteng ya gagwe; mme gape ba ne ba bona gore Thienkhamo o ne a ipaakanyeditse go ba lwantsha mo letsatsing leo.

2 Mme jaanong, fa Baleimene ba bona se ba ne ba tshoga; mme ba ne ba tlogela leano la bone la go gwantela kwa lefatsheng le le go ya bokone, mme ba boela morago ka mephato ya bone yotlhe go tsena mo motseng wa Miuleke, mme ba batla tshireletso mo dikagong tsa bone tsa tshireletso.

3 Mme go ne ga diragala gore morwaarraagwe Amalekhaya a tlhomiwe kgosi godimo ga batho; mme leina la gagwe e ne e le Emorane; jalo kgosi Emorane, morwarraagwe kgosi Amalekhaya, o ne a tlhongwa go busa mo boemong jwa gagwe.

4 Mme go ne ga diragala gore o ne a laela gore batho ba gagwe ba tshegetse metse eo, e ba neng ba e tsere ka tshololo ya madi; gonne ba ne ba sa tsaya motse ope kwa ntle ga gore ba bo ba latlhegetswe ke madi a mantsi.

5 Mme jaanong, Thienkhamo o ne a bona gore Baleimene ba ne ba ikaeletse go tshegetsa metse eo e ba neng ba e tsere, le dikarolo tseo tsa lefatshe tse ba neng ba di tsere; mme gape a bona bogolo jwa palo ya bone, Thienkhamo a akanya gore go ne go sa tlhokafale gore a leke go ba tlhasela mo mafelong a tshireletso a bone.

6 Mme o ne a baya banna ba gagwe mo tikologong gaufi, jaaka e kete o dira go ipaakanyetsa ntwa; ee, mme ka nnete o ne a ipaakanyetsa go iphemela kgatlhanong le bone, ka go latlhela dipota mo tikologong le go baakanya mafelo a botshabelo.

7 Mme go ne ga diragala gore o ne a nna jalo a ipaakanyetsa ntwa go fitlhelela Moronae a romela palo e kgolo ya banna go nonotsha mophato wa gagwe.

8 Mme Moronae a romela gape ditaolo go ene gore a tshegetse magolegwa otlhe a a wetseng mo diatleng tsa gagwe; gonne jaaka Baleimene ba tsere magolegwa a mantsi, gore o tshwanetse go tshegetsa magolegwa otlhe a Baleimene e le serekolodi sa bao ba Baleimene ba neng ba ba tsere.

9 Mme gape o ne a romela ditaolo go ene gore a age tshireletso ya lefatshe la Letlepu, mme a tshegetse mokgwatha o mo sesane o o neng o ela kwa lefatsheng le le kwa bokone, e se re kgotsa Baleimene ba tlaa tsaya ntlha eo mme ba nne le thata ya go ba feretlha mo ntlheng nngwe le ngwe.

10 Mme Moronae gape a romela go ene, a mo eleletsa gore a nne boikanyego mo go tshegetseng sekhutlo seo sa lefatshe, le gore a senke tshono nngwe le nngwe go kgwathisa Baleimene mo sekhutlong seo, jaaka go ne go le mo thateng ya gagwe, gore kgotsa o ka kgona go tsaya gape ka leanonyana kgotsa ka tsela nngwe metse eo e e neng e tserwe go tswa mo diatleng tsa bone; le gore gape o ka aga marako tshireletso le go nonotsha metse e e mo tikologong, e e neng e sa wela mo diatleng tsa Baleimene.

11 Mme o ne a mo raya gape, ke tlaa tla kwa go wena, mme bona, Baleimene ba mo go rona mo melelwaneng ya lefatshe gaufi le lewatle la bophirima; mme bona, ke ya kgatlhanong le bone, jalo he ga ke kake ka kgona go tla kwa go wena.

12 Jaanong, kgosi (Emorane) o ne a emeletse go tswa kwa lefatsheng la Sarahemola, mme a dirile gore go itsege go mohumagadi mabapi le loso la ga morwarraagwe, mme o ne a kgobokantse mmogo palo e tona ya banna, mme a gwantela pele kgatlhanong le Banifae kwa melelwaneng ya lewatle la bophirima.

13 Mme jalo o ne a leka go kgarakgatsha Banifae, le go gogela karolo ya mephato ya bone kwa ntlheng eo ya lefatshe, fa a santse a laetse bao ba a neng a ba tlogetse go nna metse e a neng a e tsere, gore le bone ba kgarakgatshe Banifae mo melelwaneng e e gaufi le lewatle la botlhaba, mme ba tseye mafatshe a bone go lekana jaaka go ne go le mo thateng ya bone, go ya ka fa thateng ya mephato ya bone.

14 Mme jalo Banifae ba ne ba ntse mo seemong se se kotsi seo mo bofelong jwa ngwaga wa masome a mabedi le borataro wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae.

15 Mme bonang, go ne ga diragala gore mo ngwageng wa masome a mabedi le bosupa wa puso ya baatlhodi, Thienkhamo, ka taelo ya ga Moronae—yo o neng a tlhomile mephato go sireletsa melelwane ya borwa le bophirima jwa lefatshe, mme a simolotse go gwanta ga gagwe go ya kwa lefatsheng la Letlepu, gore o ka tla a thusa Thienkhamo ka banna ba gagwe mo go tseyeng gape metse e e neng e ba latlhegetse—

16 Mme go ne ga diragala gore Thienkhamo o ne a amogetse ditaolo go dira tlhaselo mo motseng wa Miuleke, mme a o tseye gape fa go ne go kgonega.

17 Mme go ne ga diragala gore Thienkhamo a dire dipaakanyo go dira tlhaselo mo motseng wa Miuleke, le go gwantela pele le mophato wa gagwe kgatlhanong le Baleimene; mme o ne a bona gore go ne go ka seke go kgonege gore o ka ba fekeetsa fa ba le mo dikagong tsa tshireletso tsa bone; jalo he o ne a tlogela maano a gagwe mme a boela gape kwa motseng wa Letlepu, go letela go tla ga ga Moronae, gore o ka tla a amogela nonofo go mophato wa gagwe.

18 Mme go ne ga diragala gore Moronae o ne a goroga le mophato wa gagwe kwa lefatsheng la Letlepu, kwa bofelong jwa bokhutlo jwa ngwaga wa masome a mabedi le bosupa wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba ga Nifae.

19 Mme mo tshimologong ya ngwaga wa masome a mabedi le boroba bobedi, Moronae le Thienkhamo le bontsi jwa bakapoteni bagolo ba ne ba tshwara therisanyo ya ntwa—se ba ka se dirang go dira Baleimene go tla kwa ntle kgatlhanong le bone go lwa; kgotsa gore ka tsela nngwe ba ba fora go tswa mo maremelelong a bone gore ba ka tla ba nna le tshito godimo ga bone mme ba tsaya gape motse wa Miuleke.

20 Mme go ne ga diragala gore ba romele baemedi kwa mophatong wa Baleimene, o o neng o sireleditse motse wa Miuleke, kwa moeteleding pele wa bone, yo leina la gagwe e neng e le Jakobe, ba mo eleletsa gore a ka tswa le mephato ya gagwe go ba kgatlhantsha mo dipoeng tse di fa gare ga metse e mebedi. Mme bonang, Jakobe, yo e neng e le Mosoramo, o ne a seka a tswela kwa ntle ka mephato ya gagwe go ba kgatlhantsha mo dipoeng.

21 Mme go ne ga diragala gore Moronae, a sena tsholofelo epe ya go kopana le bone mo mafelong a go sa neeng ope go feta yo mongwe, jalo he, a feletsa ka leano gore o ka okisa Baleimene go tswa mo maremelelong a bone.

22 Jalo he a dira gore Thienkhamo a tseye palo e potlana ya banna mme ba gwante gaufi le letshitshi la lewatle; mme Moronae le mophato wa gagwe, ka bosigo, bane ba gwantela mo nageng, kwa bophirima jwa motse wa Miuleke; mme jalo, mo maphakeleng, fa badisa ba Baleimene ba sena go bona Thienkhamo ba siana mme ba se bolelela go Jakobe, moeteledipele wa bone.

23 Mme go ne ga diragala gore mephato ya Baleimene e ne ya gwantela pele kgatlhanong le Thienkhamo, ba gopola ka dipalo tsa bone ba tlaa fekeetsa Thienkhamo ka ntlha ya bonnye jwa palo ya banna ba gagwe. Mme fa Thienkhamo a bona mephato ya Baleimene e tla kgatlhanong le ene a katela morago ka fa letshitshing la lewatle, go ya kwa bokone.

24 Mme go ne ga diragala gore fa Baleimene ba bona gore o simolotse go tshaba, ba ne ba tsaya kgothatso mme ba ba leleka ka matlhagatlhaga. Mme fa Thienkhamo a ne a isa go sele Baleimene ba ba neng ba ba leleka mo lefeleng, bonang, Moronae o ne a laela gore lekgamu la mophato wa gagwe le le neng le na le ene ba gwantele pele mo motseng, mme ba o tseye.

25 Mme jalo ba ne ba dira, mme ba bolaya botlhe bao ba ba neng ba tlogetswe go sireletsa motse, ee, bao botlhe ba ba neng ba seka ba neela dibetsa tsa bone tsa ntwa.

26 Mme jalo Moronae o ne a tsere motse wa Miuleke ka lekgamu la mophato wa gagwe, fa ene a gwantela pele ka ba ba setseng go kgatlhantsha mophato wa Baleimene fa ba bowa kwa go lelekeng Thienkhamo.

27 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba ne ba leleka Thienkhamo go fitlhelela ba tla gaufi le motse wa Letlepu, mme jaanong foo ba ne ba rakantshiwa ke Lihae le mophato o monnye, o o neng o tlogetswe go sireletsa motse wa Letlepu.

28 Mme jaanong bonang, fa bakapoteni bagolo ba Baleimene ba bone Lihae le mophato wa gagwe ba tla kgatlhanong le bone, ba ne ba tshaba mo tsietsegong e ntsi, gore e se re kgotsa ba tlaa seke ba tseye motse wa Miuleke pele ga Lihae a ba feta mo tseleng; gonne ba ne ba lapile ka ntlha ya go gwanta ga bone, mme banna ba ga Lihae ba ne ba santse ba itekanetse.

29 Jaanong Baleimene ba ne ba sa itse gore Moronae o ne a ntse a le kwa morago ga bone ka mophato wa gagwe; mme se ba neng ba se boifa e ne e le Lihae le banna ba gagwe.

30 Jaanong Lihae o ne a sa eletse go ba feta go fitlhelela ba kopana le mophato wa ga Moronae.

31 Mme go ne ga diragala gore pele ga Baleimene ba katela morago kgakala ba ne ba dikaganyeditswe ke Banifae, ke banna ba ga Moronae mo seatleng se sengwe, le banna ba ga Lihae mo go se sengwe, botlhe ba bone ba ba neng ba santse ba itekanetse mme ba tletse nonofo; mme Baleimene ba ne ba lapile ka ntlha ya go gwanta ga bone mo go leele.

32 Mme Moronae a laela banna ba gagwe gore ba wele mo go bone go fitlhelela ba ba neela dibetsa tsa bone tsa ntwa.

33 Mme go ne ga diragala gore Jakobe, e le moeteledipele wa bone, gape e le Mosoramo, mme a na le mowa o o sa fenyegeng, a etelela Baleimene pele go lwa ka tšhakgalo e e feteletseng kgatlhanong le Moronae.

34 Moronae a le mo tseleng ya go gwanta ga bone, jalo he Jakobe o ne a ikaeletse go ba bolaya mme a phunye tsela go tsena mo motseng wa Miuleke. Mme bonang, Moronae le banna ba gagwe ba ne ba le thata go gaisa; jalo he ba ne ba seka ba neela tsela fa pele ga Baleimene.

35 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba lwa mo diatleng tsoopedi ka tšhakgalo e e feteletseng; mme go ne go le ba le bantsi ba bolailwe ntlheng tsoopedi; ee, mme Moronae o ne a gobala mme Jakobe o ne a bolawa.

36 Mme Lihae a gatelela mo morago ga bone ka tšhakgalo e e kalo, ka banna ba gagwe ba ba nonofileng, gore Baleimene ba ba kwa morago ba neela dibetsa tsa bone tsa ntwa; mme masalela a bone, ba tsietsegile thata, ba seka ba itse kwa ba ka yang kgotsa go tlhasela.

37 Jaanong Moronae a bona tsietsego ya bone, a re go bone: Fa lo ka tlisa pele dibetsa tsa lona tsa ntwa mme lwa re di neela, bonang re tlaa emisa go tsholola madi a lona.

38 Mme go ne ga diragala gore fa Baleimene ba sena go utlwa mafoko a, bakapoteni bagolo ba bone, bao botlhe ba ba neng ba sa bolawa, ba tla pele mme ba latlhela dibetsa tsa bone tsotlhe tsa ntwa fa dinaong tsa ga Moronae, mme gape ba laela banna ba bone gore le bone ba dire jalo.

39 Mme bonang, go ne go na le ba le bantsi ba ba neng ba seka; mme bao ba ba neng ba seka ba neela ditšhaka tsa bone ba ne ba tsewa mme ba bofiwa, mme dibetsa tsa bone tsa ntwa di ne tsa tsewa mo go bone, mme ba ne ba patelediwa go gwantela pele le bakaulengwe ba bone mo lefatsheng la Letlepu.

40 Mme jaanong palo ya magolegwa a a neng a tserwe e ne e feta ya ba ba neng ba bolailwe, ee, go feta bao ba ba neng ba bolailwe ntlheng tsoopedi.