Scriptures
Alema 43


Kgaolo 43

Alema le barwawe ba rera lefoko—Basoramo le batsuolodi ba bangwe ba Banifae ba nna Baleimene—Baleimene ba tla kgatlhanong le Banifae mo ntweng—Moronae o papana Banifae ka seaparo sa itshireletso—Morena o senola go Alema leano la Baleimene—Banifae ba sireletsa malwapa a bone, dikgololesego, bamalwapa le tumelo—Mephato ya ga Moronae le Lihae e dikaganyetsa Baleimene. E ka nna dingwaga di le 74 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong go ne ga diragala gore barwa Alema ba ne ba ya pele gareng ga batho, go bega lefoko go bone. Mme Alema, le ene, ka boene, o ne a seka a ikhutsa, mme le ene o ne a ya pele.

2 Jaanong ga re na go tlhola re bua mabapi le go rera ga bone, fa e se fela gore ba ne ba rera lefoko, le boammaaruri, go ya ka fa moweng wa seporofiti le tshenolo; mme ba rera morago ga taolo e e boitshepho ya Modimo e ba neng ba biditswe ka yone.

3 Mme jaanong ke boela kwa pegong ya dintwa fa gare ga Banifae le Baleimene, mo ngwageng wa bolesome le boferabobedi wa puso ya baatlhodi.

4 Gonne bona, go ne ga diragala gore Basoramo ba ne ba nna Baleimene, jalo he, mo tshimologong ya ngwaga wa lesome le boferabobedi batho ba Banifae ba ne ba bona gore Baleimene ba ne ba tla mo go bone; jalo ba ne ba ipaakanyetsa ntwa; ee, ba ne ba kgobokanya mmogo mephato ya bone mo lefatsheng la Jeshone.

5 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba tle ka dikete tsa bone; mme ba ne ba tla mo lefatsheng la ga Enthionamo, le e leng lefatshe la Basoramo, mme monna ka leina la Sarahemona e ne e le moeteledipele wa bone.

6 Mme jaanong, ka jaana Baamalekhae ba ne ba le maitsholo a a boikepi le bobolai go gaisa jaaka ba Baleimene ba ne ba ntse, ka bo bone, jalo, Sarahemona a tlhoma bakapoteni bagolo godimo ga Baleimene, mme botlhe e ne e le Baamalekhae le Basoramo.

7 Jaanong se o ne a se dirile gore a tle a somarele letlhoo la bone go Banifae, gore o ka tla a ba tlisa mo taolong go kgonagatsha maano a gagwe.

8 Gonne bona, maano a gagwe e ne e le go fuduwa Baleimene go tšhakgalo kgatlhanong le Banifae; se o ne a se dira gore o ka tla a phamola thata e kgolo godimo ga bone, le gape gore o ka tla a nne le thata godimo ga Banifae ka go ba tlisa mo bokgobeng.

9 Mme jaanong leano la Banifae e ne e le go tlamela mafatshe a bone, le matlo a bone, le basadi ba bone, le bana ba bone, gore ba ka tla ba ba babalela go tswa mo diatleng tsa baba ba bone; le gape gore ba tle ba babalele ditshwanelo le ditshiamelo tsa bone, ee, ga mmogo le kgololesego ya bone, gore ba ka tla ba obamela Modimo go ya ka fa dikeletsong tsa bone.

10 Gonne ba ne ba itse gore fa ba ka wela mo diatleng tsa Baleimene, gore mang le mang yo o tlaa obamelang Modimo mo moweng le mo boammaaruring, Modimo wa boammaaruri o o tshelang, Baleimene ba ne ba tlaa mo senya.

11 Ee, ba ne gape ba itse letlhoo le le feteletseng la Baleimene mo bakaulengweng ba bone, ba e neng e le batho ba Enthae-Nifae-Lihae, ba ba neng ba bidiwa batho ba ga Amone—mme ba ne ba ka seke ba tsaya dibetsa, ee, ba ne ba tsene mo kgolaganong mme ba ka seke ba e kgaola—jalo he, fa ba ne ba ka wela mo diatleng tsa Baleimene ba ne ba tlaa senngwa.

12 Mme Banifae ba ne ba ka seke ba letlelele gore ba ka senngwa; jalo he ba ne ba ba fa mafatshe go nna boswa jwa bone.

13 Mme batho ba ga Amone ba ne ba fa Banifae karolo e tona ya dilwana tsa bone go tlhokomela mephato ya bone; mme jalo Banifae ba ne ba patelesega ka bonosi, go emelana kgatlhanong le Baleimene, ba ba neng e le popagano ya ga Leimene le Lemuele, le barwa Išemaele, le botlhe bao ba ba neng ba ikgaogantse go tswa mo Banifaeng, ba e neng e le Baamalekhae le Basoramo, le dikokomana tsa baperesiti ba ga Noa.

14 Jaanong dikokomana tseo di ne di le bontsi, jo bo batlileng go lekana le Banifae; mme jalo Banifae ba ne ba tlamega go emelelana le bakaulengwe ba bone, le go ya tshololong ya madi tota.

15 Mme go ne ga diragala gore jaaka fa mephato ya Baleimene e ne e ikgobokanya mmogo mo lefatsheng la Enthionamo, bona, mephato ya masole ya Banifae e ne e ipaakanyeditse go kopana le bone mo lefatsheng la Jeshone.

16 Jaanong, moeteledipele wa Banifae, kgotsa monna yo o neng a tlhomilwe gonna mokapoteni mogolo godimo ga Banifae—jaanong mokapoteni mogolo a tsaya taolo ya mephato yotlhe ya Banifae—mme leina la gagwe e ne e le Moronae;

17 Mme Moronae a tsaya taolo yotlhe, le puso ya dintwa tsa bone. Mme o ne a le fela dingwaga di le masome a mabedi le botlhano fa a tlhomiwa mokapoteni mogolo godimo ga mephato ya Banifae.

18 Mme go ne ga diragala gore o ne a kopane le Baleimene mo melelwaneng ya Jeshone, mme batho ba gagwe ba ne ba ipapanne ka ditšhaka, le ka disimetha, le mekgwa yotlhe ya dibetsa tsa ntwa.

19 Mme fa mephato ya Baleimene e bona gore batho ba ga Nifae, kgotsa gore Moronae, o ne a baakantse batho ba gagwe ka diiphemelo-sehubeng le ka dithebe tsa matsogo, ee, ga mmogo le dithebe go sireletsa ditlhogo tsa bone, mme gape ba ne ba apere diaparo tse di bokete—

20 Jaanong mophato wa ga Sarahemona o ne o sa ipaakanya ka sepe se se tshwanang le selo se; ba ne fela ba na le ditšhaka tsa bone le disimetha tsa bone, le mara a bone le metswi ya bone, le matlapa a bone le diragantshwane tsa bone; mme ba ne ba sa ikatega, fa e se fela letlalo le le neng le tlamilwe mo dinokeng tsa bone; ee, botlhe ba ne ba sa ikatega, fa e ne e se Basoramo le Baamalekhae;

21 Mme ba ne ba sa ipapana ka diiphemelo sehubeng, le fa e le dithebe—jalo he, ba ne ba boifa mephato ya Banifae mo go feteletseng ka ntlha ya seaparo sa bone, go sa kgathalesege palo ya bone e ne e le kgolo go feta Banifae.

22 Bona, jaanong go ne ga diragala gore ba ne ba seka ba leka go tla kgatlhanong le Banifae mo melelwaneng ya Jeshone; jalo he ba ne ba emelela mo lefatsheng la Enthionamo go tsena mo nageng, mme ba tsaya loeto lwa bone go dikologa mo nageng, kgakala go ya kwa tlhogong ya noka ya Sitone, gore ba ka tla ba tsena mo lefatsheng la Menthae mme ba le tsaya; gonne ba ne ba sa gopole gore mephato ya ga Moronae e tla itse kwa ba ileng teng.

23 Mme go ne ga diragala, fela fa ba sena go emelela mo nageng Moronae a romela batsaya-ditlhola mo nageng go lebelela mathibelelo a bone; mme Moronae, gape, a itse diporofito tsa ga Alema, a romela banna bangwe kwa go ene, a eletsa gore a botse Morena kwa mephato ya Banifae e tshwanetseng go ya go itshireletsa kgatlhanong le Baleimene.

24 Mme go ne ga diragala gore lefoko la Morena la tle mo go Alema, mme Alema a itsise barongwa ba ga Moronae, gore mephato ya Baleimene e ne e gwanta go dikologa mo nageng, gore ba ka tla ba tsena mo lefatsheng la Menthae, gore ba ka tla ba simolola tlhaselo mo karolong e e bokoa ya batho. Mme barongwa bao ba tsamaya mme ba neela molaetsa go Moronae.

25 Jaanong Moronae, a tlogela karolo ya mophato wa gagwe mo lefatsheng la Jeshone, gore e seka ya re ka mokgwa mongwe bontlha bongwe jwa Baleimene ba ka tla mo lefatsheng leo mme ba tsaya taolo ya motse, a tsaya bontlha jo bo setseng jwa mophato wa gagwe mme ba gwantela mo lefatsheng la Menthae.

26 Mme o ne a dira gore batho botlhe ba ba neng ba le mo sekhutlong seo sa lefatshe ba ikgobokanye mmogo go lwa kgatlhanong le Baleimene, go sireletsa mafelo a bone le lefatshe la bone, le ditshwanelo tsa bone le dikgololesego tsa bone; jalo he ba ne ba ipaakantse kgatlhanong le nako ya go tla ga Baleimene.

27 Mme go ne ga diragala gore Moronae a dire gore mophato wa gagwe o ipeye ka sephiri mo mokgatšheng o o neng o le gaufi le letshitshi la noka ya Sitone, le le neng le le kwa bophirima jwa noka ya Sitone mo nageng.

28 Mme Moronae o ne a baya ditlhola mo tikologong, gore a tle a itse fa mophato wa Baleimene o tla.

29 Mme jaanong, ka Moronae a ne a itse maikaelelo a Baleimene, gore e ne e le maikaelelo a bone go senya bakaulengwe ba bone, kgotsa go ba laola le go ba tlisa mo bokgobeng gore ba tle ba itlhomele motse wa bogosi jwa bone mo lefatsheng lotlhe;

30 Mme ene gape a itse gore e ne e le yone fela keletso ya Banifae go babalela mafatshe a bone, le kgololesego ya bone, le kereke ya bone, jalo he o ne a akanya gore ga se sebe gore o ka ba sireletsa ka leano; jalo he, o ne a itse ka ditlhola tsa gagwe gore ke tsela efe e Baleimene ba neng ba tlaa e tsaya.

31 Jalo he, a kgaoganya mophato wa gagwe mme a tlisa bontlha bongwe mo mokgatšheng, mme a ba fitlha kwa botlhaba, le mo borwa jwa lentswe la Ripola;

32 Mme ba ba setseng a ba fitlha mo mokgatšheng o o bophirima, kwa bophirima jwa noka ya Sitone, le jalo kwa tlase go tsena mo melelwaneng ya lefatshe la Menthae.

33 Mme jalo a beile mephato ya gagwe go ya ka fa keletsong ya gagwe, o ne a ipaakanyeditse go kopana le bone.

34 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba tle godimo kwa bokone jwa lentswe, kwa karolo nngwe ya mophato wa ga Moronae e neng e iphitlhile.

35 Mme jaaka fa Baleimene ba sena go feta lentswe la Ripola, mme ba tla mo mokgatšheng, mme ba simolola go tshela noka ya Sitone, mophato o o neng o iphitlhile mo borwa jwa lentswe, o o neng o eteletswe pele ke monna yo leina la gagwe e neng e le Lihae, mme a etelela mophato wa gagwe pele mme ba dikaganyetsa Baleimene kwa botlhaba kwa morago ga bone.

36 Mme go ne ga diragala gore Baleimene, fa ba bona Banifae ba tla mo go bone ko morago ga bone, ba retologa mme ba simolola go itaana le mophato wa ga Lihae.

37 Mme tiro ya loso ya simologa mo ntlheng tsotlhe, mme e ne e le maswe go feta mo ntlheng ya Baleimene, gonne go sa ikatega ga bone go ne go le mo mpaananeng go mabole a a bokete a Banifae ka ditšhaka tsa bone le disimetha tsa bone, tse di neng di tlisa loso go ka nna ka titeo nngwe le nngwe.

38 Fa ka fa letsogong le lengwe, go ne go na le monna a wa fale le fale gareng ga Banifae, ka ditšhaka tsa bone le go felelwa ke madi, bone ka ba ne ba sireleditswe mo dikarolong tse di botlhokwa thata tsa mmele, kgotsa dikarolo tse di botlhokwa thata tsa mmele di sireletsegile mo dititeong tsa Baleimene, ka diiphemelo-sehubeng tsa bone, le dithebe tsa bone tsa matsogo, le makarapa a bone; mme jalo Banifae ba ne ba tsweledisa tiro ya loso gareng ga Baleimene.

39 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba tshoge, ka ntlha ya tshenyego e kgolo gareng ga bone, le go fitlhelela ba simolola go siela ntlheng ya noka ya Sitone tota.

40 Mme ba ne ba lelekwa morago ke Lihae le banna ba gagwe; mme ba ne ba kgweelediwa ke Lihae mo metsing a Sitone, mme ba ne ba tlola metsi a Sitone. Mme Lihae o ne a emisa mephato ya gagwe mo letshitshing la noka ya Sitone gore ba seka ba e tlola.

41 Mme go ne ga diragala gore Moronae le mophato wa gagwe ba kopane le Baleimene mo mokgatšheng, mo ntlheng e nngwe ya noka ya Sitone, mme ba simolola go wela mo go bone le go ba bolaya.

42 Mme Baleimene ba ne ba tshaba gape fa pele ga bone, go ya ntlheng ya lefatshe la Menthae; mme ba ne ba kgatlhantshiwa gape ke mephato ya ga Moronae.

43 Jaanong mo lekgethong le Baleimene ba ne ba lwa mo go feteletseng; ee, go ne go ise go ke go itsewe Baleimene ka go lwa ka nonofo e kgolo mo go feteletseng jaana le bopelokgale, nnyaa, le fa e le go tswa kwa tshimologong.

44 Mme ba ne ba kgothadiwa ke Basoramo le Baamalekhae, ba e neng e le bakapoteni bagolo le baeteledipele ba bone, le ke Sarahemona, yo e neng e le mokapoteni mogolo wa bone, kgotsa moeteledipele mogolo wa bone le molaodi; ee, ba ne ba lwa jaaka dikgogela, mme bontsi jwa Banifae bo ne jwa bolawa ka diatla tsa bone, ee, gonne ba ne ba itaya mme ba phatlola ka bogare bontsi jwa makarapa a bone, mme ba ne ba phunya bontsi jwa diiphemelo-sehubeng tsa bone, mme ba ne ba kgaola bontsi jwa matsogo a bone; mme jalo Baleimene ba ne ba itaya mo kgalefong ya bone e e boitshegang.

45 Le fa go ntse jalo, Banifae ba ne ba tlhotlhelediwa ke lebaka le le botoka, gonne ba ne ba sa lwele bogosi le fa e le thata mme ba ne ba lwela malwapa a bone le kgololesego ya bone, basadi ba bone, le bana ba bone, le tsotlhe tsa bone, ee, ka ntlha ya ditshwanelo tsa bone tsa kobamelo le kereke ya bone.

46 Mme ba ne ba dira seo se ba neng ba gopola e le tiro e ba neng ba e kolota go Modimo wa bone; gonne Morena o ne a rile go bone, le ga mmogo go borraabo, gore: Go lekana le jaaka lo se molato wa ntlha, le fa e le wa bobedi, lo seka lwa itetlelela gore le bolawe ke diatla tsa baba ba lona.

47 Mme gape, Morena o ne a rile: Lo tlaa sireletsa ba malwapa a lona le go ya tshololong ya madi tota. Jalo he ka ntlha ya lebaka le Banifae ba ne ba itaana le Baleimene, go itshireletsa, le ba malwapa a bone, le mafelo a bone, lefatshe la bone, le ditshwanelo tsa bone, le dithuto tsa bone tsa tumelo.

48 Mme go ne ga diragala gore fa banna ba ga Moronae ba bona poitshego le tšhakgalo ya Baleimene, ba ne ba le gaufi le go gonyela le go tshaba go tswa go bone. Mme Moronae, a lemoga maikaelelo a bone, a romela pele le go kgothatsa dipelo tsa bone ka dikakanyo tse—ee, dikakanyo tsa mafelo a bone, le kgololesego ya bone, ee, kgololesego ya bone go tswa mo bokgobeng.

49 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba boela mo Baleimeneng, mme ba goa ka lentswe le le lengwe fela go Morena Modimo wa bone, go kgololo ya bone le kgololesego ya bone go tswa mo bokgobeng.

50 Mme ba simolola go ema kgatlhanong le Baleimene ka thata; mme mo go yone oura eo e ba neng ba goela go Morena go kgololesego ya bone, Baleimene ba ne ba simolola go tshaba fa pele ga bone; mme ba ne ba tshabela le go ya kwa metsing a Sitone.

51 Jaanong, Baleimene ba ne ba le bantsi go feta, ee, le go feta palo ya Banifae go menagane gabedi; le fa go ntse jalo, ba ne ba gatelelwa mo e leng gore ba ne ba kgobokanngwa mmogo seopo sengwe mo mokgatšheng, mo letshitshing go bapa le noka ya Sitone.

52 Jalo he mephato ya ga Moronae e ne ya ba dikaganyetsa, ee, le mo ntlheng tsoopedi tsa noka tota, gonne bona, kwa botlhaba go ne go le banna ba ga Lihae.

53 Jalo he fa Sarahemona a bona banna ba ga Lihae kwa botlhaba jwa noka ya Sitone, le mephato ya ga Moronae kwa bophirima jwa noka ya Sitone, gore ba ne ba dikaganyeditswe ke Banifae, ba ne ba itewa ke letshogo.

54 Jaanong Moronae, fa a bone letshogo la bona, a laela banna ba gagwe gore ba emise go tsholola madi a bone.