Scriptures
Alema 54


Kgaolo 54

Emorane le Moronae ba buisana ka ga go ananya magolegwa—Moronae o batla gore Baleimene ba tswe mme ba emise ditlhaselo tsa bone tsa dipolao—Emorane o batla gore Banifae ba beye dibetsa tsa bone tsa ntwa fatshe mme ba nne mo taolong ya Baleimene. E ka nna dingwaga di le 63 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong go ne ga diragala gore mo tshimologong ya ngwaga wa masome a mabedi le boroba bongwe wa puso ya baatlhodi, gore Emorane a romele go Moronae a eletsa gore o ka ananya magolegwa.

2 Mme go ne ga diragala gore Moronae a ikutlwe a batla go ipela mo go feteletseng mo kopong e, gonne o ne a eletsa dijo tse di neng di abelwa go tlhokomela magolegwa a Baleimene mo tlhokomelong ya batho ba gagwe; gape o ne a eletsa batho ba gagwe go nonotsha mophato wa gagwe.

3 Jaanong Baleimene ba ne ba tsere basadi ba le bantsi le bana, mme go ne go sena mosadi le fa e le ngwana gareng ga magolegwa otlhe a ga Moronae, kgotsa magolegwa a Moronae a neng a a tsere; jalo he Moronae o ne a dira tshwetso ka leano go tsaya magolegwa a le mantsi jaaka go ne go kgonega a Banifae go tswa go Baleimene.

4 Jalo he a kwala lokwalo, mme a le romela ka motlhanka wa ga Emorane, ene yo o neng a tlisitse lokwalo kwa go Moronae. Jaanong a ke mafoko a a neng a a kwalela go Emorane, a re:

5 Bona, Emorane, ke go kwaletse ka selekanyo sengwe mabapi le ntwa e e o e boloditseng kgatlhanong le batho ba me, kgotsa ke ka re e morwarrago a e boloditseng kgatlhanong le bone, mme e o santseng o ikaeletse go e tsweledisa morago ga loso lwa gagwe.

6 Bona, ke tlaa go bolelela ka selekanyo sengwe mabapi le tshiamiso ya Modimo, le tšhaka ya kgalefo ya gagwe e e thatayotlhe, e e okameng fa godimo ga gago fa e se o ka ikotlhaya mme wa busetsa mephato ya gago mo mafatsheng a lona, kgotsa lefatshe le le ka fa tlase ga lona, le e leng lefatshe la Nifae.

7 Ee, ke ne ke tlaa go bolelela dilo tse fa o ne o kgona go di obamela; ee, ke ne ke tlaa go bolelela mabapi le molete o o boitshegang oo o o letetseng go amogela babolai ba ba jalo jaaka wena le morwarrago le nnileng, fa e se o ka ikotlhaya mme wa ntsha maikaelelo a gago a polao, mme wa boela le mephato ya gago kwa mafatsheng a lona.

8 Mme ka o setse o kile wa gana dilo tse, mme wa lwa kgatlhanong le batho ba Morena, le jalo ke ka solofela gore o tlaa dira gape.

9 Mme jaanong bona, re ipaakanyeditse go go amogela; ee, mme fa e se o ka busa maikaelelo a gago, bona, o tlaa gogela tlase kgalefo ya Modimo oo o o ganneng mo go wena, le go ya tshenyegong ya lona gotlhelele tota.

10 Mme, fela jaaka Morena a tshela, mephato ya rona e tlaa tla mo go lona fa e se lo ka tswa, mme ka bonako lo tlaa etelwa ke loso, gonne re tlaa tshegetsa metse ya rona le mafatshe a rona, ee, re tlaa tshegetsa tumelo ya rona le tsela ya Modimo wa rona.

11 Mme bonang, go nkgopotsa gore ke bua le wena dilo tse mo lefeleng; kgotsa go nkgopotsa gore o ngwana wa molete; jalo he ke tlaa tswalela lokwalo lwa me ka go go raya ke re ga ke kake ka ananya magolegwa, fela fa e se ka mabaka a gore o tlaa golola monna le mosadi wa gagwe le bana ba gagwe, go legolegwa le lengwe fela; fa se e le seemo gore o tlaa dira jalo, ke tlaa ananya.

12 Mme bona, fa o sa dire se, ke tlaa tla kgatlhanong le wena ka mephato ya me; ee, le tota ke tlaa neela dibetsa basadi ba me le bana ba me, mme ke tlaa tla kgatlhanong le wena, mme ke tlaa go sala morago le go tsena mo lefatsheng la gago, le e leng lefatshe la boswa jwa rona jwa ntlha; ee, mme e tlaa nna madi go madi, ee, botshelo go botshelo; mme ke tlaa go lwantsha le go fitlhelela o sentswe go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe.

13 Bona, ke mo tšhakgalong ya me, ga mmogo le batho ba me; o senkile go re bolaya, mme rona re senkile fela go iphemela. Mme bona, fa o senka go tswelela o re senya re tlaa senka go go senya; ee, mme re tlaa senka lefatshe la rona, lefatshe la boswa jwa rona jwa ntlha.

14 Jaanong ke tswala lokwalo lwa me. Ke Moronae; ke moeteledipele wa batho ba Banifae.

15 Jaanong go ne ga diragala gore Emorane, fa a sena go amogela lokwalo lo, o ne a šhakgatse; mme a kwala lokwalo lo longwe go Moronae, mme a ke mafoko a a neng a a kwala, a re:

16 Ke Emorane, kgosi ya Baleimene; ke morwarraagwe Amalekhaya yo o mmolaileng. Bona, ke tlaa busolosa madi a gagwe mo go wena, ee, mme ke tlaa tla mo go wena ka mephato ya me gonne ga ke boife matshosetsi a gago.

17 Gonne bona, borraalona ba ne ba direla bakaulengwe ba bone phoso, mo e leng gore ba ne ba ba thukutha tshwanelo ya bone ya puso fa e ne e le ya bone ka tshwanelo.

18 Mme jaanong bona, fa lo ka baya dibetsa tsa lona fa fatshe, mme lwa ineela go buswa ke bao ba puso e leng ya bone ka tshwanelo, jaanong foo ke tlaa dira gore le batho ba me ba beye dibetsa tsa bone fa fatshe mme ba se tlhole ba lwa gape.

19 Bona, o buile matshosetsi a le mantsi kgatlhanong le nna le batho ba me; mme bona, ga re tshabe matshosetsi a gago.

20 Le fa go ntse jalo, ke tlaa letla go ananya magolegwa go ya ka fa kopong ya gago, ka boitumelo, gore ke tle ke somarelele dijo banna ba me ba ntwa; mme re tlaa bolotsa ntwa e e tlaa nnang ya bosakhutleng, kgotsa mo go tliseng Banifae mo taolong ya rona kgotsa mo phelelong ya bone ya bosakhutleng.

21 Mme mabapi le Modimo oo o o reng re o ganne, bona, ga re itse ka ga setshidi se se ntseng jalo; le fa e le lona; mme fa e le gore go na le setshedi se se ntseng jalo, ga re itse sepe fa e se fela gore o re dirile fela jaaka lona.

22 Mme fa e le gore go na le diabole le molete, bona a ga a na go go romela koo go nna le morwarre yo o mmolaileng, yo o umakileng gore o ile kwa lefelong le le ntseng jalo? Mme bona dilo tse ga di re sepe.

23 Ke Emorane, mme ke kokomana ya ga Soramo, yo borraalona ba mo pateletseng mme ba mo tlisa go tswa kwa Jerusalema.

24 Mme bona jaanong, ke Moleimene ka tshosologo; bona, ntwa e e boloditswe go busolosa diphoso tsa bone, le go tshwara le go tsaya ditshwanelo tsa bone tsa puso; mme ke tswala lokwalo lwa me go Moronae.