Scriptures
Alema 32


Kgaolo 32

Alema o ruta bahumanegi ba dipogisego tsa bone di ba dirileng boikokobetso—Tumelo ke tsholofelo mo go seo se se sa bonweng se se boammaaruri—Alema o paka gore baengele ba direla banna, basadi, le bana—Alema o tshwantsha lefoko le peo—E tshwanetse go jwalwa mme ya otliwa—Jaanong foo e gola go nna setlhare se mo go sone leungo la botshelo jo bosakhutleng le tsewang. E ka nna dingwaga di le 74 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba ya pele, mme ba simolola go rera lefoko la Modimo go batho, ba tsena mo disenagogeng tsa bone, le mo matlong a bone; ee, le tota ba ne ba rera lefoko mo mebileng ya bone.

2 Mme go ne ga diragala gore morago ga go dira mo gogolo gareng ga bone, ba ne ba simolola go nna le go kgona gareng ga setlhopha sa bahumanegi sa batho; gonne bonang, ba ne ba kobetswe kwa ntle ga disenagoge ka ntlha ya makgasa a diaparo tsa bone—

3 Jalo he ba ne ba sa letlelelwa go tsena ka disenagoge tsa bone go obamela Modimo, ba tsewa ba le makgapha; jalo he ba ne ba humanegile; ee, ba ne ba tsewa ke bakaulengwe ba bone jaaka maritsa; jalo he ba ne ba humanegile ka fa dilong tsa lefatshe; e bile gape ba ne ba humanegile mo pelong.

4 Jaanong, fa Alema a ne a ruta e bile a bua le batho mo lentsweng la Onaeta, go ne ga tla matshwititshwiti a magolo kwa go ene, ba e neng e le ba bao ba re ntseng re bua ka ga bone, ba bao ba ba neng ba humanegile mo pelong, ka ntlha ya khumanego ya bone ya dilo tsa lefatshe.

5 Mme ba ne ba tla kwa go Alema; mme mongwe yo o neng a le kwa pele gareng ga bone a mo raya a re: Bona, bakaulengwe ba ba me ba dire eng, gonne ba nyadiwa ke batho botlhe ka ntlha ya lehuma la bone, ee, le bogolo jang go feta ke baperesiti ba rona; gonne ba re kobile go tswa mo disenagogeng tse re dirileng go le gontsi go di aga ka diatla tsa rona; mme ba re kobetse kwa ntle ka ntlha ya lehuma la rona le le feteletseng; mme ga re na lefelo la go go obamela Modimo wa rona gone; mme bona, re dire eng?

6 Mme jaanong fa Alema a utlwa se, a retologa, sefatlhogo sa gagwe ka tlhamalalo sa leba kwa go ene, mme a bona ka boipelo jo bogolo; gonne o ne a bona gore dipogisego tsa bone di ne di ba dirile boikokobetso ka boammaaruri, le gore ba ne ba le mo ipaakanyetsong go utlwa lefoko.

7 Jalo he o ne a seka a tlhola a raya sepe go matshwititshwiti a mangwe; mme o ne a thapolola seatla sa gagwe, mme a goela kwa go bao ba a neng a ba bona, ba ba neng ba ikotlhaile ka boammaaruri, mme a re go bone;

8 Ke bona gore lo bonolo mo pelong; mme fa gontse jalo, go segofetse lona.

9 Bonang morwarraalona o rile, re dire eng?—gonne re kobetswe kwa ntle ga disenagoge tsa rona, gore ga re kgone go obamela Modimo wa rona.

10 Bonang ka re go lona, a lo gopola gore ga lo kake lwa obamela Modimo fa e se mo disenagogeng tsa lona fela?

11 Mme godimo ga mo, ke tlaa botsa, a lo gopola gore ga lo a tshwanela go obamela Modimo fela gangwe ka beke?

12 Ka re go lona, go siame gore lo kobilwe mo disenagogeng tsa lona, gore lo tle lo ikokobetse, le gore lo tle lo ithute tlhalefo; gonne go tlhokafala gore lo ithute tlhalefo; gonne ke ka ntlha ya gore lo bo lo kobilwe, gore lo lebelwa kwa tlase ke bakaulengwe ba lona ka ntlha ya lehuma la lona le le feteletseng, gore lo tlisitswe kwa bonolong jwa pelo; gonne lo tlisitswe gore lo ikokobetse ka go tlhokafala.

13 Mme jaanong, ka ntlha ya gore lo patelesegile go ikokobetsa go sego lona; gonne motho ka nako tse dingwe, fa a patelesegile go ikokobetsa, o batla boikotlhao; mme jaanong e le ruri, mang le mang yo o ikotlhayang o tlaa bona kutlwelobotlhoko; mme yo o bonang kutlwelobotlhoko mme a itshoka go ya kwa bokhutlong ene yoo o tlaa bolokwa.

14 Mme jaanong, jaaka ke rile go lona, gore, ka ntlha ya gore lo ne lo patelesegile gore lo ikokobetse, lo sego, ga lo gopole gore ba sego go feta ba ba ikokobetsang ka boammaaruri ka ntlha ya lefoko?

15 Ee, yo o ikokobetsang ka boammaaruri, mme a ikotlhaela dibe tsa gagwe, mme a itshoka go ya kwa bokhutlong, ene yoo o tlaa segofadiwa—ee, go sego thata bao ba ba patelesegileng go ikokobetsa ka ntlha ya lehuma la bone le le feteletseng.

16 Jalo he, go sego bao ba ba ikokobetsang kwa ntle ga go patelesega go ikokobetsa; kgotsa, ka mafoko a mangwe, go sego yo o dumelang mo lefokong la Modimo, mme a kolobediwe kwa ntle ga bodipa jwa pelo, ee, kwa ntle ga go tlisiwa go itse lefoko, kgotsa le go patelesega go itse tota, pele ga ba ka dumela.

17 Ee, go na le ba le bantsi ba ba reng: Fa o ka re bontsha sesupo se se tswang kwa legodimong, jaanong foo re tlaa itse ka nnete; jaanong foo re tlaa dumela.

18 Jaanong ke a botsa, a se ke tumelo? Bonang, ka re go lona, Nnyaa; gonne fa motho a itse selo ga a tlhoke go dumela, gonne o a se itse.

19 Mme jaanong, go hutsegile go le kae ene yo o itseng thato ya Modimo mme a sa e dire, go feta yo o dumelang fela, kgotsa yo o nang le lebaka la go dumela fela mme a wela mo tlolong molao?

20 Jaanong ka selo se lo tshwanetse lo atlhole. Bonang, ka re go lona, go ntse mo seatleng se le sengwe le jaaka go ntse mo fela go se sengwe; mme go tlaa nna go motho mongwe le mongwe go ya ka fa tirong ya gagwe.

21 Mme jaanong jaaka ke rile mabapi le tumelo—tumelo ga se gonna le kitso e e itekanetseng ya dilo; jalo he fa lo na le tumelo lo na le tsholofelo ya dilo tse di sa bonweng, tse di leng boammaaruri.

22 Mme jaanong, bonang, ka re go lona, mme ke rata gore lo gakologelwe, gore Modimo o mautlwelobotlhoko go botlhe ba ba dumelang mo leineng la gagwe; jalo he o eletsa, pele ga tsotlhe, gore lo dumele, ee, le mo lefokong la gagwe tota.

23 Mme jaanong, o naya lefoko la gagwe ka baengele go banna, ee, e seng banna fela mme le basadi tota. Jaanong se ga se sone sotlhe; bana ba banyennyane ba nna le mafoko a fiwa go bone gantsi, a a tlhakatlhakanyang batlhalefi le barutegi.

24 Mme jaanong, bakaulengwe bame ba ba rategang, ka lo eleditse go itse go tswa mo go nna gore se lo tshwanetseng go se dira ka ntlha ya go bo lo bogisegile e bile lo kobilwe—jaanong ga ke eletse gore lo gopole gore ke batla go lo atlhola fela go ya ka fa go seo se e leng boammaaruri—

25 Gonne ga ke reye gore lona lotlhe ba lo ne lo patelesegile gore lo ikokobetse; gonne ke dumela ka nnete gore go na le bangwe gareng ga lona ba ba ka ikokobetsang, go sa re sepe gore ba mo seemong se se ntseng jang.

26 Jaanong, jaaka ke buile mabapi le tumelo—gore e ne e se kitso e e itekanetseng—le jalo go ntse ka mafoko a me. Ga lo kake lwa itse ka bonnete jwa one lwa ntlha, mo go itekanetseng, go feta gore tumelo ke kitso e e itekanetseng.

27 Mme bonang, fa lo ka thanya mme lwa tsosa bokgoni jwa ditlhaloganyo tsa lona, le mo tekeletsong mo mafokong a me, mme lwa dirisa karolwananyana ya tumelo, ee, le fa lo ka seka lwa tlhola lo eletsa go dumela, mmang keletso e e dire mo go lona, le go fitlhelela lo dumela ka mokgwa o e leng gore lo ka a fa phatlha bontlha jwa mafoko a me.

28 Jaanong, re tlaa tshwantshanya lefoko le peo. Jaanong, fa lo e fa phatlha, gore peo e ka jwalwa mo pelong ya lona, bonang, fa e le peo ya boammaaruri, kgotsa peo e e molemo, fa lo sa e kobele kwa ntle ka tlhoka tumelo ya lona, gore lo tlaa kganela Mowa wa Morena, bonang e tlaa simolola go buduloga mo dihubeng tsa lona; mme fa lo utlwa maikutlo a a go buduloga, lo tlaa simolola gore lo re mo go lona—e tshwanetse go tlhokega gore e ke peo e e molemo, kgotsa gore lefoko le le molemo, gonne le simolotse go godisa botho jwa me; ee, le simolotse go lemosa go tlhaloganya ga me, ee, le simolotse go nna monate mo go nna.

29 Jaanong bonang, a se ga se kake sa oketsa tumelo ya lona? Ka re go lona, Ee, le fa gontse jalo ga e a gola go ya mo kitsong e e itekanetseng.

30 Mme bonang, jaaka peo e buduloga, mme e tlhoga, mme e simolola go gola, jaanong foo lo tshwanetse go tlhokega gore lo re peo e molemo; gonne bonang e a buduloga, e bile e a tlhoga, e bile e simolola go gola. Mme jaanong, bonang, a se ga se kake sa nonotsha tumelo ya lona? Ee, go tlaa nonotsha tumelo ya lona: gonne lo tlaa re ke itse gore peo e ke e e molemo; gonne bonang e a tlhoga e bile e simolola go gola.

31 Mme jaanong, bonang, a lo tlhomamisa gore se ke peo e e molemo? Ka re go lona, Ee; gonne peo nngwe le nngwe e tsala e e tshwanang le yone.

32 Jalo he, fa peo e gola e molemo, mme fa e sa gole, bonang ga e molemo, jalo he e a latlhwa.

33 Mme jaanong, bonang, ka ntlha ya gore lo lekile tekeletso, mme lwa jwala peo, mme ya buduloga, le go tlhoga, mme ya simolola go gola, lo tshwanetse go tlhokega lo itse gore ke peo e e molemo.

34 Mme jaanong, bonang, a kitso ya lona e itekanetse? Ee, kitso ya lona e itekanetse mo selong seo, mme tumelo ya lona ga e gole; mme se ke ka ntlha ya gore lo a itse, gonne lo itse gore lefoko le budulositse botho jwa lona, mme gape lo itse gore le tlhogile, gore go tlhaloganya ga lona go simolotse go lemosega, mme mogopolo wa lona o simolola go gola.

35 O jaanong foo, a se ga se a nna jalo? Ka re go lona, Ee, ka ntlha ya gore ke lesedi; mme eng le eng se se lesedi, se molemo, ka gonne se a tlhaloganyesega, jalo he lo tshwanetse go itse gore se molemo; mme jaanong bonang, fa lo sena go utlwa lesedi a kitso ya lona e itekanetse?

36 Bonang ka re go lona, Nnyaa; le e seng gore lo sekegele fa tlhoko tumelo ya lona, gonne lo dirisitse tumelo ya lona go jwala peo fela gore lo tle lo leke tekeletso go itse gore a peo e le e molemo.

37 Mme bonang, jaaka fa setlhare se simolola go gola, lo tlaa re: A re se otleng ka tlhokomelo e kgolo, gore se tle se nne le modi, gore se tle se gole, mme se re tlisetse maungo. Mme bonang, fa lo se otla ka tlhokomelo e kgolo se tlaa nna le modi, mme se gole, mme se tlise maungo.

38 Mme fa lo latlhelela setlhare, mme lwa seka lwa akanyetsa go se otla, bonang ga se kake sa nna le modi; mme fa mogote wa letsatsi o tla mme o se babola, ka gonne ga se na modi se a swaba, mme lo se kumule mme lo se latlhe.

39 Jaanong, se ga se ka ntlha ya gore peo e ne e se molemo, le e seng gore ke ka ntlha ya gore leungo la sone ga le na go eletsega; mme ke ka ntlha ya gore mmu wa lona ga o na menontshane, mme ga o na go otla setlhare, jalo he ga lo kake lwa nna le leungo la sone.

40 Mme jalo, fa lo ka seka lwa otla lefoko, lo lebile kwa pele ka leitlho la tumelo kwa leungong la lone, ga lo kitla lo kgetla leungo la setlhare sa botshelo.

41 Mme fa lo ka otla lefoko, ee, lwa otla setlhare jaaka se simolola go gola, ka tumelo ya lona ka tlhoafala e kgolo, le bopelotelele, lo lebeletse pele go maungo a sone, se tlaa tswa modi; mme bonang e tlaa nna setlhare se se kukunyang go ya botshelong jo bo senang bokhutlo.

42 Mme ka ntlha ya tlhoafalo ya lona le tumelo ya lona le bopelotelele jwa lona mo lefokong mo go le otleng, gore le nne le modi mo go lona, bonang, fa go ntse go ya lo tlaa kgetla leungo la lone, le le leng botlhokwa go gaisa, le le botshe godimo ga tsotlhe tse di botshe, mme le lesweu godimo ga tsotlhe tse ditshweu, ee, le bophepa godimo ga tsotlhe tse di phepa; mme lo tlaa ja moletlo mo leungong le go fitlhelela lo tletse tota, gore lo se tshwarwe ke tlala, le fa e le gore le nyore.

43 Jaanong foo, bakaulengwe ba me, lo tlaa roba maduo a tumelo ya lona, le tlhoafalo ya lona, le bopelotelele, le boitshoko, lo letetse setlhare gore se tlise maungo go lona.