Scriptures
Alema 5


Mafoko a Alema, Moperesiti Mogolo go ya ka fa taolong e e boitshepho ya Modimo, a neng a a neela batho mo metseng ya bone le magae go ralala lefatshe.

E le mo kgaolo 5.

Kgaolo 5

Go bona poloko, batho ba tshwanetse go ikotlhaya le go tshegetsa ditaelo, ba tsalwa gape, ba tlhatswe diaparo tsa bone ka madi a ga Keresete, ba nne boikokobetso le go ikapola boikgogomoso le lefufa, mme ba dire ditiro tsa tshiamo—Modisa yo o Molemo o bitsa batho ba gagwe—Ba ba dirang ditiro tsa bosula ke bana ba ga diabole—Alema o paka ka ga boammaaruri jwa thuto ya gagwe mme o laela batho go ikotlhaya—Maina a basiami a tlaa kwalwa mo bukeng ya botshelo. E ka nna dingwaga di le 83 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong go ne ga diragala gore Alema a simolole go neela lefoko la Modimo go batho, lwa ntlha mo lefatsheng la Sarahemola, mme go tsweng foo go ya le lefatshe lotlhe.

2 Mme a ke mafoko a a neng a a bua le batho mo kerekeng e e neng e tlhomilwe mo motseng mogolo wa Sarahemola, go yeng ka fa pegong e e kwadilweng ya gagwe ka sebele, a re:

3 Nna, Alema, ke kgethilwe ke ntate, Alema, go nna moperesiti mogolo godimo ga kereke ya Modimo, ene a ne a na le thata le taolo go tswa go Modimo go dira dilo tse, bonang, ka re go lona gore o ne a simolola go tlhoma kereke mo lefatsheng le le neng le le mo melelwaneng ya Nifae; ee, lefatshe le le neng le bidiwa lefatshe la Momone; ee, mme o ne a kolobetsa bakaulengwe ba gagwe mo metsing a Momone.

4 Mme bonang, ka re go lona, ba ne ba gololwa go tswa mo diatleng tsa batho ba ga kgosi Noa, ka kutlwelobotlhoko le thata ya Modimo.

5 Mme bonang, morago ga foo, ba ne ba tlisiwa mo bokgobeng ka diatla tsa Baleimene mo nageng; ee, ka re go lona, ba ne ba le mo botshwarong, mme gape Morena o ne a ba golola go tswa mo bokgobeng ka thata ya lefoko la gagwe; mme re ne ra tlisiwa mo lefatsheng le, mme fano ra simolola go tlhoma kereke ya Modimo go ya le lefatshe leno le lone.

6 Mme jaanong bonang, ka re go lona, bakaulengwe ba me, lona ba lo leng ba kereke e, a lo tshwere mo go lekaneng mo kgakologelong botshwaro jwa borraeno? Ee, mme a lo tshwere mo go lekaneng mo kgakologelong kutlwelobotlhoko ya gagwe le boitshoko mo go bone? Mme godimo ga moo, a lo tshwere mo go lekaneng mo kgakologelong gore o golotse botho jwa bone go tswa mo moleteng?

7 Bonang, o fetotse dipelo tsa bone; ee, o ba tsositse go tswa mo borokong jo bogolo, mme ba ne ba tsogela go Modimo. Bonang, ba ne ba le mo gareng ga lefifi; le fa go ntse jalo, botho jwa bone bo ne bo bonesitswe ke lesedi la lefoko le le senang bokhutlo; ee, ba ne ba dikaganyeditswe ke dikgole tsa loso, le dikeetane tsa molete, le tshenyego e e senang bokhutlo e ne e ba emetse.

8 Mme jaanong ke a lo botsa, bakaulengwe ba me, a ba ne ba senngwa? Bonang, ka re go lona, Nyaa, ba ne ba seka.

9 Mme gape ke a botsa, a dikgole tsa loso di ne tsa kgaolwa, le dikeetane tsa molete tse di neng di ba dikaganyeditse, a di ne tsa bofololwa? Ka re go lona, Ee, di ne tsa bofololwa, mme botho jwa bone bo ne jwa gola, mme ba ne ba opela lorato lo lo rekololang. Mme ka re go lona ba bolokilwe.

10 Mme jaanong ke a lo botsa, ba bolokilwe ka mabaka a fe? Ee, ba ne ba na le tsholofelo ya poloko mo mabakeng afe? Lebaka la gore ba bo ba golotswe go tswa mo dikgoleng tsa loso ke eng? Ee, ga mmogo le dikeetane tsa molete?

11 Bonang, ke ka le bolelela—A ntate Alema o ne a seka a dumela mo mafokong a a neng a neelwa ka molomo wa ga Abinatae? Mme a e ne e se moporofiti yo o boitshepho? A o ne a seka a bua mafoko a Modimo, mme rre Alema a a dumela?

12 Mme go ya ka fa tumelong ya gagwe go ne ga nna le phetogo e kgolo e berekwa mo pelong ya gagwe. Bonang ka re go lona se sotlhe ke boammaaruri.

13 Mme bonang, o ne a rerela lefoko go borraeno, mme phetogo e kgolo le yone e ne ya bereka mo dipelong tsa bone, mme ba ne ba ikokobetsa mme ba baya tshepho ya bone mo Modimong wa boammaaruri le o o tshelang. Mme bonang, ba ne ba ikanyega go fitlhelela kwa bokhutlong; jalo he ba ne ba bolokwa.

14 Mme jaanong bonang, ke botsa mo go lona, bakaulengwe ba me ba kereke, a lo tsetswe semowa ke Modimo? A lo amogetse setshwano sa gagwe mo tebegong ya difatlhogo tsa lona? A lo nnile le itemogelo ya phetogo e kgolo e mo dipelong tsa lona?

15 A lo dirisa tumelo mo thekololong ya ga ene yo o le bopileng? A lo lebela pele ka leitlho la tumelo, mme lo bone mmele o o swang o tlhatlosiwa mo bosasweng, mme go bola mo go tlhatlosiwa mo go sa boleng, go ema fa pele ga Modimo go atlholwa go ya ka fa ditirong tse di dirilweng mo mmeleng o o swang?

16 Ka re go lona, a lo ka ikgopola gore lo utlwa lentswe la Morena, le re go lona, mo letsatsing leo: Tlang go nna lona ba lo segofaditsweng, gonne bonang, ditiro tsa lona e ntse e le ditiro tsa tshiamo mo sefatlhogong sa lefatshe?

17 Kgotsa lo gopolo mo go lona gore lo ka aketsa Morena mo letsatsing leo, mme lo re—Morena, ditiro tsa rona e ntse e le ditiro tsa tshiamo mo sefatlhogong sa lefatshe—mme gore o tlaa lo boloka?

18 Kgotsa go sa nneng jalo, a lo ka ikgopola lo tlisitswe fa pele ga kgotla ya tshiamiso ya Modimo ka botho jwa lona bo tletse go ipona molato le kutlobotlhoko le boikotlhao, lo na le kgakologelo ya melato ya lona yotlhe, ee, kgakologelo e e itekanetseng ya boleo jotlhe jwa lona, ee, kgakologelo ya gore lo beile mo kganetsong ditaelo tsa Modimo?

19 Ka re go lona, a lo ka lebelela godimo go Modimo ka letsatsi leo ka pelo e e itshekileng le diatla tse di phepa? Ka re go lona, a lo ka lebelela godimo, lo na le setshwano sa Modimo se gabilwe mo tebegong ya difatlhogo tsa lona?

20 Ka re go lona, a lo ka akanya ka go bolokwa, fa lo ineetse go nna mo taolong ya ga diabole?

21 Ka re go lona, lo tlaa itse ka letsatsi leo gore ga lo kake lwa bolokwa; gonne ga gona motho yo o ka bolokwang fa e se diaparo tsa gagwe di tlhatswitswe bosweu; ee, diaparo tsa gagwe di tshwanetse go itshekisiwa go fitlhelela di phepafaditswe go tswa mo dilabeng tsotlhe, ka madi a gagwe yo ka ga ene go builweng ke borraarona, yo o tlaa tlang go rekolola batho ba gagwe go tswa mo dibeng tsa bone.

22 Mme jaanong ke a lo botsa, bakaulengwe ba me, mongwe wa lona o tlaa ikutlwa jang, fa lo ka ema fa pele ga setilo sa Modimo, lo na le diaparo tsa lona di ngaparetswe ke madi le mekgwa yotlhe ya makgapha? Bonang, dilo tse di tlaa paka eng kgatlhanong le lona?

23 Bonang, a ga di na go paka gore lo babolai, ee, le gape gore lo molato wa mekgwa yotlhe ya boleo?

24 Bonang, bakaulengwe ba me, a lo gopola gore mongwe yo o ntseng jalo o ka nna le lefelo go nna fa fatshe mo motseng wa bogosi jwa Modimo, le Aberahame, le Isake, le Jakobe, ga mmogo le botlhe baporofiti ba ba boitshepho, ba diaparo tsa bone di phepafaditsweng e bile di sena selabe, di le phepha di le di tshweu?

25 Ka re go lona, Nyaa; fa e se gore lo dire Mmopi wa rona moaki go tswa kwa tshimologong, kgotsa, lo gopola gore ke moaki go tswa kwa tshimologong, ga lo kake lwa gopola gore ba ba jalo ba ka nna le lefelo mo motseng wa bogosi jwa legodimo; mme ba tlaa kobelwa kwa ntle gonne ke bana ba motse wa bogosi jwa ga diabole.

26 Mme jaanong bonang, ka re go lona, bakaulengwe ba me, fa lo nnile le itemogelo ya phetogo ya pelo, mme fa lo ikutlwile lo batla go opela pina ya lorato lo lo rekololang, ke tlaa botsa, a lo ikutlwa jalo jaanong?

27 A lo tsamaile, lo itshegeditse ka go sena molato fa pele ga Modimo? A lo ka re, fa lo ne lo ka bidiwa go swa mo nakong e, mo go lona, gore lo ntse lo ikokobeditse mo go lekaneng? Gore diaparo tsa lona di ne tsa phepafadiwa mme tsa dirwa ditshweu ka madi a ga Keresete, yo o tlaa tlang go rekolola batho ba gagwe go tswa mo dibeng tsa bone?

28 Bonang, a lo apotswe boikgogomoso? Ka re go lona, fa e le gore ga lo a dira ga lo a ipaakanyetsa go kopana le Modimo. Bonang, lo tshwanetse go ipaakanya ka bonako; gonne motse wa bogosi jwa legodimo o gaufi fa seatleng, mme mongwe yo o ntseng jalo ga a na botshelo jo bosakhutleng.

29 Bonang, ka re, a go na le mongwe gareng ga lona yo o sa apolwang lefufa? Ka re go lona mongwe yo o ntseng jalo ga a ipaakanya; mme ke ka re gore a ipaakanye ka pela, gonne oura e gaufi fa seatleng, mme ga a itse gore nako e tlaa tla leng; gonne mongwe yo o ntseng jalo, ga a bonwe a sena molato.

30 Mme gape ka re go lona, a go na le mongwe gareng ga lona yo o ikgatlhang ka morwa rraagwe, kgotsa yo o koelang mo go ene letshwenyo?

31 Khutsafalo go mongwe yo o ntseng jalo, gonne ga a ipaakanya, mme nako e fa seatleng gore a ikotlhaye kgotsa ga a kitla a bolokwa!

32 Ee, le khutsafalo go lona lotlhe tota badiri ba boikepi; ikotlhaeng, ikotlhaeng, gonne Morena Modimo o e buile!

33 Bonang, o romela taletso go batho botlhe, gonne matsogo a kutlwelobotlhoko a thapololetswe go bone, mme a re: Ikotlhaeng, mme ke tlaa lo amogela.

34 Ee, a re: Tlang go nna mme lo tlaa ja leungo la setlhare sa botshelo; ee, lo tla ja mme lo nwe senkgwe le metsi a botshelo ka kgololesego;

35 Ee, tlang go nna mme lo tlise ditiro tsa tshiamo, mme ga lo na go kgaolwa lo ba lo latlhelwa mo molelong—

36 Gonne bonang, nako e fa seatleng ya gore mang le mang yo o sa tlising pele leungo le le molemo, kgotsa mang le mang yo o sa direng ditiro tsa tshiamo, ene yoo o na le lebaka la go kuruetsa le go hutsafala.

37 O lona badiri ba boikepi; lona ba le bodulogileng mo dilong tsa lefela tsa lefatshe, lona ba lo ipoletseng gore lo itsile ditsela tsa tshiamo le fa go ntse jalo lwa ya go sele, jaaka dinku di sena modisa, go sa kgathalesege gore modisa o biditse fa morago ga lona mme o santse a bitsa fa morago ga lona, mme ga lo obamele lentswe la gagwe!

38 Bonang, ka re go lona, modisa yo o molemo o a lo bitsa; ee, le mo leineng la gagwe o a lo bitsa, le e leng leina la ga Keresete; mme fa lo ka seka lwa obamele lentswe la modisa yo o molemo, go leina le ka lone lo bidiwang, bonang, ga lo dinku tsa modisa yo o molemo.

39 Mme jaanong fa lo se dinku tsa modisa yo o molemo, lo ba lesaka le fe? Bonang, ka re go lona gore diabole ke modisa wa lona, mme lo ba lesaka la gagwe; mme jaanong ke mang yo o ka ganetsang se? Bonang ka re go lona mang le mang yo o ganetsang se ke moaki, le ngwana wa ga diabole.

40 Gonne ka re go lona eng le eng se se molemo se tswa kwa Modimong, mme eng le eng se se bosula se tswa kwa go diabole.

41 Jalo he, fa motho a tlisa pele ditiro tse di molemo o obamela lentswe la modisa yo o molemo, mme o mo sala morago; mme mang le mang yo o tlisang ditiro tse di bosula, ene yoo, o nna ngwana wa ga diabole, gonne o obamela go lentswe la gagwe, mme a mo sale morago.

42 Mme mang le mang yo o dirang se o tshwanetse go amogela dituelo tsa gagwe mo go ene; jalo he, mo dituelong tsa gagwe o amogela loso, mo dilong tse di amanang le tshiamo, a sule mo ditirong tsotlhe tse di molemo.

43 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, ke ka re lo nkutlwe, gonne ke bua ka mašetla a botho jwa me; gonne bonang, ke buile le lona ka motlhofo gore lo seka lwa fosa, kgotsa ke buile go ya ka fa ditaelong tsa Modimo.

44 Gonne ke biditswe go bua ka mokgwa o, go ya ka fa taolong e e boitshepho ya Modimo, e e mo go Keresete Jesu; ee, ke laetswe go ema le go paka go batho ba dilo tse go builweng ka ga tsone ke borraarona mabapi le dilo tse di tlaa tlang.

45 Mme se ga se sotlhe. A ga lo gopole gore ke itse ka ga dilo tse nna? Bonang, ke paka go lona gore ke itse gore dilo tse, tse ka tsone ke buileng di boammaaruri. Mme lo gopola gore ke itse jang ka nnete ya tsone?

46 Bonang, ka re go lona di itsesiwa go nna ke Mowa o o Boitshepho wa Modimo. Bonang, ke ikiditse dijo ka ba ka rapela malatsi a le mantsi gore ke tle ke itse dilo tse ka bonna. Mme jaanong ke itse ka bonna gore di boammaaruri; gonne Morena Modimo o di supegeditse go nna ka Mowa wa gagwe o o Boitshepho; mme se ke mowa wa tshenolo o o leng mo go nna.

47 Mme godimo ga moo, ka re go lona go ne go senotswe jalo go nna, gore mafoko a a builweng ke borraarona a boammaaruri, le jalo go ya ka fa moweng wa seporofiti o o mo go nna, o o leng gape ka tshupegetso ya Mowa wa Modimo.

48 Ke lo raya ke re, ke itse ka bonna gore eng le eng se ke tlaa se buang go lona, mabapi le se se tlaa tlang ke boammaaruri; mme ka re go lona, gore ke itse gore Jesu Keresete o tlaa tla, ee, Morwa, yo o Tshotsweng a le Esi wa ga Rara, a tletse matlhogonolo, le kutlwelobotlhoko, le boammaaruri. Mme bonang, ke ene yo o tlang go tsaya dibe tsa lefatshe, ee, dibe tsa motho mongwe le mongwe yo ka nitamo a dumelang mo leineng la gagwe.

49 Mme janong ke lo raya ke re e ke taolo e morago ga yone ke biditsweng, ee, go rerela bakaulengwe ba me ba ba rategang, ee, le mongwe le mongwe yo o nnang mo lefatsheng; ee, go rerela botlhe, bagolo le bana, mmogo ba ba golegilweng le ba ba gololesegileng; ee, ka re go lona batsofe, ga mmogo le ba dingwaga tse di fa gare, le tshika e e golang; ee, go lelela go bone gore ba ikotlhaye mme ba tsalwe gape.

50 Ee, go bua jalo Mowa: Ikotlhaeng, lotlhe lona dikhutlo tsa lefatshe gonne motse wa bogosi jwa legodimo o gaufi fa seatleng; ee, Morwa Modimo o tla mo kgalalelong ya gagwe, mo nonofong ya gagwe, tlotlego, thata, le taolo le puso. Ee, bakaulengwe ba me ba ba rategang ka re go lona Mowa wa re: Bonang kgalalelo ya Kgosi ya lefatshe lotlhe; ga mmogo le Kgosi ya legodimo ka bonako thata e tlaa galalela pele gareng ga bana botlhe ba batho.

51 Mme gape Mowa o nthaya o re, ee, o lelela go nna ka lentswe le legolo, o re: Ya pele mme o re go batho ba—Ikotlhaeng, gonne fa lo ka seka lwa ikotlhaya ga gona jaaka lo ka ja boswa motse wa bogosi jwa legodimo.

52 Mme gape ka re go lona, Mowa wa re: Bonang, selepe se beilwe kwa moding wa setlhare; jalo he, setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng maungo a a molemo se tlaa kgaolelwa fa fatshe mme se latlhelwe mo molelong, ee, molelo o o ka sekang wa fekeediwa, le molelo o o sa timegeng tota. Bonang, mme lo gakologelwe, Moitshephi o se buile.

53 Mme jaanong bakaulengwe ba me ba ba rategang, ka re go lona, a lo ka emelelana le dipuo tse; ee, a lo ka sekegela kwa thoko dilo tse, mme lwa gataka Moitshephi ka fa tlase ga dinao tsa lona; ee, a lo ka buduloga mo boikgogomosong jwa dipelo tsa lona; ee, a lo sa ntse lo tlaa ganelela mo go apareng diaparo tse di tlhwatlhwa e kgolo le go baya dipelo tsa lona mo dilong tsa lefela tsa lefatshe, mo dikhumong tsa lona?

54 Ee, a lo tlaa tswelela mo go gopoleng gore lo botoka mongwe go feta yo mongwe; ee, a lo tlaa tswelela mo letshwenyong la bakaulengwe ba lona, ba ba ikokobetsang e bile ba tsamaya morago ga taolo e e boitshepho ya Modimo, e mo go yone ba tlisitsweng mo kerekeng e, ba itshephisitswe ke Mowa o o Boitshepho, mme ba tlisa pele ditiro tse di lebanyeng le boikotlhao—

55 Ee, a mme lo tlaa tswelela mo go hulareleng bahumanegi, le batlhoki, le mo go ba timeng dilwana tsa lona?

56 Mme kwa bofelong, lona lotlhe ba lo tlaa tswelelang mo boleong jwa lona, ka re go lona ba ke bone ba ba tlaa kgaolwang mme ba latlhelwe mo molelong fa e se ba ka itlhaganela ba ikotlhaya.

57 Mme jaanong ka re go lona, lona lotlhe ba lo eletsang go sala morago lentswe la modisa yo o molemo, tswang lona mo baleofing, mme lo kgaogane, mme lo seka lwa tshwara dilo tsa bone tse di seng phepa; mme bonang, maina a bone a tlaa phimolwa, gore maina a baleofi, a seka a balelwa gareng ga maina a basiami, gore lefoko la Modimo le ka tla la diragadiwa, le le reng: Maina a baleofi ga a kitla a tlhakanngwa le maina a batho ba me;

58 Gonne maina a basiami a tlaa kwalwa mo bukeng ya botshelo, mme go bone ke tlaa naya boswa mo seatleng sa me sa moja. Mme jaanong, bakaulengwe ba me, lo na le eng go se bua kgatlhanong le se? Ka re go lona, fa lo bua kgatlhanong le sone, ga gore sepe, gonne lefoko la Modimo le tshwanetse go diragadiwa.

59 Gonne ke modisa ofe gareng ga lona yo e reng a na le dinku tse dintsi a seke a di tlhokomele, gore diphiri di se tsene mme tsa ja letsomane la gagwe? Mme bonang, fa phiri e tsena mo letsomaneng la gagwe a ga a e kobe? Ee, mme kwa bofelong, fa a ka kgona, o tlaa e bolaya.

60 Mme jaanong ka re go lona modisa yo o molemo o bitsa fa morago ga lona; mme fa lo ka obamela go lentswe la gagwe, o tlaa lo tlisa mo lesakeng la gagwe, mme lo dinku tsa gagwe; mme o lo laela gore lo seka lwa letlelela phiri e e gagolakang go tsena gareng ga lona, gore lo ka tla lwa seka lwa senngwa.

61 Mme jaanong, nna, Alema, ke lo laela ka puo ya gagwe yo o ntaetseng, gore lo tlhokomele go dira mafoko a ke a buileng go lona.

62 Ke bua ka mokgwa wa taelo go lona ba lo leng ba kereke; mme go bao ba e seng ba kereke ke bua ka mokgwa wa taletso, ke re: Tlang mme lo kolobediwe go boikotlhao, gore le lona lo tle lo je leungo la setlhare sa botshelo.