Scriptures
Alema 31


Kgaolo 31

Alema o etelelapele thomo ya go busa Basoramo ba ba kgelogileng—Basoramo ba latola Keresete, dumela mo kakanyong e e seng ya boammaaruri ya tlhopho, mme ba obamela ka dithapelo tse di beilweng—Baanamisa efangele ba tlatswa ka Mowa o o Boitshepho—Dipogisego tsa bone di midiwa mo boipelong jwa ga Keresete. E ka nna dingwaga di le 74 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong go ne ga diragala gore morago ga bokhutlo jwa ga Khoriho, Alema a amogetse dikgang gore Basoramo ba ne ba sokamisa ditsela tsa Morena, le gore Soramo, yo o neng e le moeteledipele wa bone o ne a gogela dipelo tsa batho gore di obamele disetwa tse di sa buing, pelo ya gagwe gape ya simolola go lwala ka ntlha ya boikepi jwa batho.

2 Gonne e ne e le lebaka la kutlobotlhoko e kgolo mo go Alema go itse ka ga boikepi gareng ga batho ba ga gabo; jalo he pelo ya gagwe e ne e utlwile botlhoko mo go feteletseng ka ntlha ya kgaogano ya Basoramo go tswa mo Banifaeng.

3 Jaanong Basoramo ba ne ba ikgobokantse mmogo mo lefatsheng le ba neng ba le bitsa Enthionamo, le le neng le le kwa botlhaba jwa lefatshe la Sarahemola, le le neng le le gaufi le go dira molelwane mo letshitshing la lewatle, le le neng le le kwa borwa jwa lefatshe la Jeshone, le gape le neng le dira molelwane le naga e e kwa borwa, naga e e neng e tletse Baleimene.

4 Jaanong Banifae ba ne ba boifa bogolo gore Basoramo ba tlaa tsena mo ditirisanyong le Baleimene, le gore e tla bo e le tsela ya tatlhegelo e kgolo mo ntlheng ya Banifae.

5 Mme jaanong, ka thero ya lefoko e ne ena le mokgwa o mogolo wa go isa batho gore ba dire seo se se tshiamo le tlhamalalo—ee, e ne e nnile le phetogo e e nang le thata e ntsi mo megopolong ya batho go feta tšhaka, kgotsa sengwe sepe fela se sele, se se neng se ba diragaletse—jalo he Alema o ne a akanya gore go ne go tlhokafala gore ba lekeletse bomolemo jwa lefoko la Modimo.

6 Jalo he a tsaya Amone, le Arone, le Omona; mme Himonae o ne a mo tlogela mo kerekeng mo Sarahemola; mme ba bararo ba pele a ba tsaya le ene, ga mmogo le Emiuleke le Seeseramo, ba ba neng ba le kwa Mileke; mme o ne gape a tsaya ba le babedi ba barwawe.

7 Jaanong yo mogolo wa barwawe o ne a seka a mo tsaya le ene, mme leina la gagwe e ne e le Hilamene; mme maina a bao ba a neng a ba tsaya le ene e ne e le Shibolane le Korianthene; mme a ke maina a bao ba ba neng ba tsamaya le ene gareng ga Basoramo, go ba rerela lefoko.

8 Jaanong Basoramo e ne e le batsuolodi go tswa mo Banifaeng; jalo he ba ne ba nnile le lefoko la Modimo le rerwa go bone.

9 Mme ba ne ba wetse mo diphosong tse dikgolo, gonne ba ne ba sa tlhokomele go tshegetsa ditaelo tsa Modimo, le ditao tsa gagwe, go ya ka fa molaong wa ga Moše.

10 Le e seng gore ba ka tlhokomela ditiragatso tsa kereke, go tswelela mo thapelong le topo ka boikokobetso go Modimo ka letsatsi le letsatsi, gore ba tle ba seka ba tsena mo thaelong.

11 Ee, mo tshobolokong, ba ne ba sokamisa ditsela tsa Morena ka makgetho a le mantsi thata; jalo he, ka ntlha ya lebaka le, Alema le bakaulengwe ba gagwe ba ne ba ya kwa lefatsheng go ba rerela lefoko.

12 Jaanong, fa ba sena go tla mo lefatsheng, bonang, mo kgakgamalong ya bone ba ne ba bone gore Basoramo ba agile disenagoge, le gore ba ne ba ikgobokanya mmogo mo letsatsing le le lengwe la beke, letsatsi leo le ba neng ba le bitsa letsatsi la Morena; mme ba ne ba obamela go ya ka mokgwa o Alema le bakaulengwe ba gagwe ba neng ba ise ba o bone;

13 Gonne ba ne ba na le lefelo le agilwe fa gare ga senagoge ya bone, lefelo la go ema, le le neng le le kwa godimo go feta tlhogo; mme godimo ga lone go ne go letla motho a le mongwe.

14 Jalo he, mang le mang yo o neng a eletsa go obamela o ne a tshwanelwa ke go ya pele mme a ema mo godimo ga lone, mme a thapololela pele diatla tsa gagwe kwa legodimong, mme a gowe ka lentswe le le kwa godimo, a re:

15 Modimo o o Boitshepho, Boitshepho; re dumela gore o Modimo, e bile re dumela gore o boitshepho, le gore o ne o le Mowa, le gore o Mowa, le gore o tla nna Mowa ka metlha.

16 Modimo o o Boitshepho, re dumela gore o re kgaogantse go tswa go bakaulengwe ba rona; mme ga re dumele mo ngwaong ya bakaulengwe ba rona, e e neng ya fetisediwa tlase kwa go bone ke bongwana jwa bo rraabo; mme re dumela gore o re tlhophile gonna bana ba gago ba ba boitshepho; e bile gape o itsisitse go rona gore ga go kitla go nna le Keresete.

17 Mme wena o a tshwana maabane, tsatsi leno, le ka metlha; mme o re tlhophile gore re tlaa bolokwa, fa botlhe mo tikologong ya rona ba tlhophilwe go latlhelwa ka kgalefo ya gago kwa tlase kwa moleteng; mo boitshepong jo, O Modimo, re a go leboga; mme re go lebogela gape gore o re tlhophile, gore re seka ra tla ra isiwa go sele morago ga dingwao tsa boeleele tsa bakaulengwe ba rona, tse di ba golegang mo tumelong ya ga Keresete, se se dirang dipelo tsa bone go kaila kgakala go tswa go wena, Modimo wa rona.

18 Mme gape re a go leboga, O Modimo, gore re batho ba ba kgethilweng e bile ba ba boitshepho. Amene.

19 Jaanong go ne ga diragala gore morago ga Alema le bakaulengwe ba gagwe le barwawe ba sena go utlwa dithapelo tse, ba ne ba gakgametse go feta selekanyo sotlhe.

20 Gonne bonang, monna mongwe le mongwe o ne a ya pele mme a abe dithapelo tsone tse tse di tshwanang.

21 Jaanong lefelo le ne le bidiwa ke bone Remianpothamo, le, ka tolokololo le rayang gore, boemo jo bo boitshepho.

22 Jaanong, go tswa fa boemong jo, ba ne ba abela, monna mongwe le mongwe, yone thapelo e e tshwanang go Modimo, ba leboga Modimo wa bone gore ba kgethilwe ke ene, le gore o ne a sa ba isa go sele moraga ga ngwao ya bakaulengwe ba bone, le gore dipelo tsa bone di ne di sa tsiediwa go dumela mo dilong tse di tlaa tlang, tse ba neng ba sa itse sepe ka ga tsone.

23 Jaanong, morago ga batho botlhe ba sena go abela ditebogo morago ga mokgwa o, ba boela kwa malwapeng a bone, ba sa tlhole ba bua ka ga Modimo wa bone gape go fitlhelela ba iphuthaganya mmogo gape kwa boemong jo bo boitshepho, go abela ditebogo morago ga mokgwa wa bone.

24 Jaanong fa Alema a bona se pelo ya gagwe e ne e hutsafala; gonne o ne a bona gore ba ne ba le batho ba ba boleo le tshokamo; ee, o ne a bona gore dipelo tsa bone di ne di beile mo gauteng le selefera le mo mekgweng yotlhe ya dithoto tse dintle.

25 Ee, mme o ne a bona gape gore dipelo tsa bone di ne ditsholetsegetse kwa godimo mo boikgantshong jo bogolo, mo boikgogomosong jwa bone.

26 Mme a tsholeletsa lentswe la gagwe kwa legodimong, mme a goa, a re: O, sebaka se se kae, O Morena, o tlaa letlelelang gore batlhanka ba gago ba nne fa kwa tlase mo nameng, go bona boleo jo bo sisimosang jaana gareng ga bana ba batho?

27 Bona, O Modimo, ba lelela go wena, mme dipelo tsa bone di meditswe mo boikgogomosong jwa bone. Bona, O Modimo, ba lelela go wena ka melomo ya bone, fa ba budulogile, le mo tlotlomalong, ka dilo tsa lefela tsa lefatshe.

28 Bona, O Modimo wa me, diaparo tsa bone tse di tlhwatlhwa e kgolo, diring tsa bone, le maseka a bone, le mekgabisa ya bone ya gauta, le dilo tsotlhe tsa bone tsa botlhokwa tse ba kgabisitsweng ka tsone; mme bona, dipelo tsa bone di beile mo go tsone, mme le go le jalo ba lelela go wena mme ba re—Re a go leboga, O Modimo, gonne re batho ba ba tlhophilweng mo go wena, fa ba bangwe ba tlaa nyelela.

29 Ee, mme ba re wena o ba itsisitse gore ga go kitla gonna le Keresete.

30 O Morena Modimo, o tlaa letlelela sebaka se se kae gore boleo jo bo ntseng jaana le go tlhoka go ikanyega di nne gareng ga batho ba? O Morena, a o tlaa mpha nonofo, gore ke kgone go emela makoa a me. Gonne ke bokowa, mme boleo jo bo ntseng jaana gareng ga batho ba bo utlwisa botho jwa me botlhoko.

31 O Morena, pelo ya me e utlwile botlhoko mo go feteletseng; a o tlaa gomotsa botho jwa me mo go Keresete. O Morena, a o tlaa nneela gore ke nne le nonofo, gore ke ka sotlega ka bopelotelele, dipogisego tse tse di tlaa tlang mo go nna ka ntlha ya boikepi jwa batho ba.

32 O Morena, a o tlaa gomotsa botho jwa me, mme o mphe go kgona, ga mmogo le badiri ka nna ba ba nang le nna—ee, Amone, le Arone, le Omona, ga mmogo le Emiuleke le Seeseramo, ga mmogo le barwaake ba babedi—ee, le ba botlhe a o tlaa ba gomotsa, O Morena. Ee, a o tla gomotsa botho jwa bone mo go Keresete.

33 A o tlaa naya go bone gore ba nne le nonofo, gore ba tle ba rwale dipogisego tsa bone tse di tlaa tlang ka ntlha ya boikepi jwa batho ba.

34 O Morena, a o tlaa naya go rona gore re tle re nne le go kgona mo go ba tliseng gape go wena mo go Keresete.

35 Bona, O Morena, botho jwa bone bo botlhokwa thata, gape bontsi jwa bone ke bakaulengwe ba rona; jalo he, naya go rona, O Morena, thata le tlhalefo gore re tle re tlise ba, bakaulengwe ba rona, gape go wena.

36 Jaanong go ne ga diragala gore fa Alema a sena go bua mafoko a, gore o ne a baya diatla tsa gagwe mo go bone botlhe ba ba neng ba na le ene. Mme bona, fa a ne a beile diatla tsa gagwe mo go bone, ba ne ba tlala ka Mowa o o Boitshepho.

37 Mme morago ga foo ba ne ba ikgaoganya, mongwe go tswa go yo mongwe, ba sa ikakanyetse gore ba tshwanetse go ja eng, kgotsa se ba tshwanetseng go senwa, kgotsa se ba tshwanetseng go se apara.

38 Mme Morena o ne a ba dirile gore ba seka ba bolawa ke tlala, le fa e le go tshwarwa ke lenyora; ee, o ne gape a ba fa nonofo, gore ba seka ba sotlega mokgwa ope wa dipogisego, fa e se di meditswe mo boipelong jwa ga Keresete. Jaanong se e ne e le go ya ka fa thapelong ya ga Alema; mme se ka ntlha ya gore o ne a rapela ka tumelo.