Scriptures
Alema 13


Kgaolo 13

Banna ba bidiwa go nna baperesiti bagolo ka ntlha ya tumelo ya bone e e feteletseng le ditiro tsa bone tse di molemo—Ba tshwanetse go ruta ditaelo—Ka tshiamo ba a itshephisiwa mme ba tsena mo bonnong jwa Morena—Melekiseteke e ne e le mongwe wa ba—Baengele ba bega melaetsa e e itumedisang go ya le lefatshe lotlhe—Ba tlaa senola go tla tota ga ga Keresete. E ka nna dingwaga di le 82 pele ga ga Keresete.

1 Mme gape, bakaulengwe ba me, ke tlaa kaela megopolo ya lona kwa pele kwa nakong e Morena Modimo a neng a neela ditaelo tse go bana ba gagwe; mme ke ka re gore lo gakologelwe gore Morena Modimo o ne a tlhoma baperesiti, morago ga taolo ya gagwe e e boitshepho, e e neng e le morago ga taolo ya ga Morwawe, go ruta dilo tse go batho.

2 Mme baperesiti bao ba ne ba tlhomilwe morago ga taolo ya ga Morwawe, ka mokgwa o ka one batho ba ka itseng gore ke mo mokgweng ofe ba ka lebelelang pele go Morwawe go bona thekololo.

3 Mme o ke mokgwa o morago ga one ba neng ba tlhongwa—ba bidiwa mme ba baakanngwa go tswa kwa motheong wa lefatshe go ya ka fa kitsong e e kwa pele ya Modimo, ka ntlha ya tumelo ya bone e e feteletseng le ditiro tsa bone tse di molemo; mo maemong a ntlha ba tlogetswe go tlhopha molemo kgotsa bosula; jalo he bone ba tlhophile molemo, mme ba dirisa tumelo e e feteletseng mo go golo, ba biditswe ka pitso e e boitshepho, ee, ka pitso e e boitshepho eo e e neng e baakantswe ka, le go ya ka fa, thekololong e e baakantsweng pele ya ba ba jalo.

4 Mme jalo ba ne ba bidiwa kwa pitsong e e boitshepho e ka ntlha ya tumelo ya bone, fa ba bangwe ba ne ba ka gana Mowa wa Modimo ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa bone le bofofu jwa megopolo ya bone, fa, fa e ne e sa nna ka se ba ka bo gongwe ba nnile le tshiamelo e kgolo jaaka bakaulengwe ba bone.

5 Kgotsa mo tshobolokong, mo maemong a ntlha ba ne ba le mo seemong se se tshwanang le bakaulengwe ba bone; jalo pitso e e e boitshepho e e baakanngwa go tswa kwa motheong wa lefatshe go bao ba ba tlaa sekeng ba thatafatse dipelo tsa bone, e le mo le ka tetlanyo ya ga Morwawe yo o Tshotsweng a le Esi, yo o neng a baakantswe—

6 Mme jalo ba biditswe ka pitso e e e boitshepho, mme ba tlhongwa mo boperesiting jo bogolo jwa taolo e e boitshepho ya Modimo, go ruta ditaelo tsa gagwe go bana ba batho, gore le bone ba tle ba tsene mo bonnong jwa gagwe—

7 Boperesiti jo bogolo jo bo le morago ga taolo ya ga Morwawe, taolo e e neng e le go tswa kwa motheong wa lefatshe; kgotsa ka mafoko a mangwe, e sena tshimologo ya malatsi kgotsa bokhutlo jwa dingwaga, e baakantswe go tswa metlha ya bosakhutleng go ya metlheng yotlhe ya bosa khutleng, go ya ka kitso ya pele ya gagwe ya dilo tsotlhe—

8 Jaanong ba ne ba tlhomilwe morago ga mokgwa o—ba biditswe ka pitso e e boitshepho, mme ba tlhomilwe ka tlhomo e e boitshepho, mme ba tsaya mo go bone boperesiti jo bogolo jwa taolo e e boitshepho, pitso, le tlhomo, le boperesiti jo bogolo, ga bo na tshimologo kgotsa bokhutlo—

9 Jalo ba nna baperesiti bagolo ka metlha, morago ga taolo ya Morwa, yo o Tshotsweng a le Esi wa ga Rara, yo o senang tshimologo ya malatsi kgotsa bokhutlo jwa dingwaga, yo o tletseng matlhogonolo, tekatekano, le boammaaruri. Mme go ntse jalo. Amene.

10 Jaanong, jaaka ke buile mabapi le taolo e e boitshepho, kgotsa boperesiti jo bogolo jo, go ne go le ba le bantsi ba ba neng ba tlhongwa mme ba nna baperesiti bagolo ba Modimo; mme e ne e le ka ntlha ya tumelo ya bone e e feteletseng le boikotlhao, le tshiamo ya bone fa pele ga Modimo, bone ba itlhophela go ikotlhaya le go dira tshiamo go na le go nyelela;

11 Jalo he ba ne ba bidiwa morago ga taolo e e boitshepho e, mme ba itshephisiwa, mme diaparo tsa bone di ne tsa tlhatswiwa go nna ditshweu ka madi a Kwanyana.

12 Mme jaanong bone, morago ga go itshephisiwa ke mowa o o boitshepho, diaparo tsa bone di dirilwe ditshweu, ba itshekile e bile ba sena selabe fa pele ga Modimo, ba ne ba ka seka ba leba sebe fa e se ka kilo; mme ba ne ba le bantsi, bontsi jo bo feteletseng mo go golo, ba ba neng ba itshekisitswe mme ba tsentswe mo bonnong jwa Morena Modimo wa bone.

13 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, ke ka re gore lo ikokobetse fa pele ga Modimo, mme lo tlise pele leungo le le lebanyeng le boikotlhao, gore le lona lo ka tla lwa tsena mo bonnong joo.

14 Ee, ikokobetseng le jaaka batho ba malatsi a ga Melekiseteke, yo le ene e neng e le moperesiti yo mogolo morago ga taolo yone e ke buileng ka ga yone, yo le ene a neng a tsaya mo go ene boperesiti jo bogolo ka metlha.

15 Mme e ne e le ene Melekiseteke yo, yo ko go ene Aberahame a neng a duela di tsa bolesome; ee, le rraarona tota Aberahame o ne a duela di tsa bolesome tse e neng e le karolo e nngwe mo lesomeng ya tsotlhe tse a neng a na le tsone.

16 Jaanong ditlhomo tse di ne di newa morago ga mokgwa o, gore ka se batho ba ka tla ba lebelela kwa pele mo go Morwa Modimo, o ne e le mofuta wa taolo ya gagwe, kgotsa e ne e le taolo ya gagwe, mme se e le gore ba tle ba lebelele kwa pele kwa go ene go phimolo ya dibe tsa bone, gore ba ka tla ba tsena mo bonnong jwa Morena.

17 Jaanong Melekiseteke yo e ne e le kgosi godimo ga lefatshe la Saleme; mme batho ba gagwe ba ne ba godile thata mo boikeping le bodiabole; ee, botlhe ba ne ba ile go sele; ba ne ba tletse mekgwa yotlhe ya boleo;

18 Mme Melekiseteke a dirisitse tumelo e kgolo, mme a amogela maemo a boperesiti jo bogolo go ya ka fa taolong e e boitshepho ya Modimo, o ne a rera boikotlhao go batho ba gagwe. Mme bonang, ba ne ba ikotlhaya; mme Melekiseteke o ne a tlhoma kagiso mo lefatsheng ka malatsi a gagwe; jalo he o ne a bidiwa kgosana ya kagiso, gonne e ne e le kgosi ya Saleme; mme o ne a busa ka fa tlase ga ga rraagwe.

19 Jaanong, go ne go le ba le bantsi pele ga gagwe, mme gape go ne go le ba le bantsi morago, mme go se bape ba neng ba se bagolo go feta; jalo he, ka ga ene bogolo jang, ba ne ba akgela.

20 Jaanong ga ke tlhoke go boeletsa kgang; se ke se buileng se tlaa lekana. Bonang, mafoko a Modimo a a kwadilweng a fa pele ga lona; fa lo ka a sokamisa e tlaa nna go tshenyego ya lona.

21 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Alema a sena go bua mafoko a go bone, o ne a thapololela seatla sa gagwe go bone mme a goa ka lentswe le legolo, a re: Jaanong ke nako ya go ikotlhaya, gonne letsatsi la poloko le a atamela;

22 Ee, mme lentswe la Morena, ka molomo wa baengele, le bega go ditšhaba tsotlhe; ee, le a bega, gore ba tle ba nne le melaetsa e e itumedisang ya boipelo jo bogolo; ee, mme o utlwatsa melaetsa e e itumedisang e gareng ga batho ba gagwe botlhe, ee, le kwa go bone tota ba ba gasameng kwa ntle mo sefatlhogong sa lefatshe; ka jalo he ba tlile go rona.

23 Mme e itsisiwe go rona ka mafoko a a motlhofo, gore re tle re tlhaloganye, gore re tle re se ka ra fosa; mme se ka ntlha ya go bo re le bakaidi mo lefatsheng le re sa le itseng; jalo he, re rategile mo go tona, gonne re na le melaetsa e e itumedisang e e begiwa go rona mo dikarolong tsotlhe tsa tshimo ya mofine ya rona.

24 Gonne bonang, baengele ba e bega go ba le bantsi mo nakong eno mo lefatsheng la rona; mme se ke ka maikaelelo a go baakanya dipelo tsa bana ba batho go amogela lefoko la gagwe ka nako ya go tla ga gagwe mo kgalalelong ya gagwe.

25 Mme jaanong re letile fela go utlwa dikgang tse di tletseng boipelo di begwa go rona ka molomo wa baengele, tsa go tla ga gagwe; gonne nako e etla, ga re itse gore ka bofefo jo bo kae. Ke kare go Modimo gore e ka nna mo malatsing a me; mme a go nne ka bofefo kgotsa nako e e tlang, mo go yone ke tlaa ipela.

26 Mme e tlaa itsisiwe go banna ba ba tshiamo le tlhamalalo e bile ba le boitshepho, ka molomo wa baengele, ka nako ya go tla ga gagwe, gore mafoko a borraarona a tle a diragadiwe, go ya ka seo se ba se buileng ka ga gagwe, se e neng e le go ya ka fa moweng wa seporofiti o o neng o le mo go bone.

27 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, ke eletsa go tswa mo karolong e e mo boteng jwa pelo ya me, ee, ka tlhobaelo e kgolo le mo botlhokong tota, gore lo ka obamele mafoko a me, mme lo latlhe dibe tsa lona, mme lo seka lwa sutisetsa pele letsatsi la boikotlhao jwa lona;

28 Mme gore lo ka ikokobetse fa pele ga Morena, mme lo bitse leina la gagwe le le boitshepho, mme lo lebelele le go rapela ka tswelelo, gore lo seka lwa raelesega go feta seo se lo ka se kgonang, mme jalo lwa etelelwa pele ke mowa o o boitshepho, lo nna boikokobetso, bonolo, boineelo, bopelotelele, lo tletse lorato le boitshoko jotlhe;

29 Lo na le tumelo mo Moreneng; lo na le tsholofelo gore lo tlaa amogela botshelo jo bosakhutleng; lo na le lorato lwa Modimo ka nako yotlhe mo dipelong tsa lona, gore lo ka tla lwa tsholeletswa godimo ka letsatsi la bofelo mme lo tsene mo bonnong jwa gagwe.

30 Mme a Morena a lo neye boikotlhao, gore lo tle lo seka lwa tlisa tlase kgalefo ya gagwe mo go lona, gore lo tle lo seka lwa golegelwa tlase ka dikeetane tsa molete, gore lo tle lo seka lwa sotlega loso lwa bobedi.

31 Mme Alema o buile mafoko a le mantsi go feta go batho, a a sa kwalwang mo bukeng e.