Scriptures
Alema 16


Kgaolo 16

Baleimene ba senya batho ba Emonaeha—Soramo o etelela pele Banifae mo phenyong godimo ga Baleimene—Alema le Emiuleke le ba bangwe ba le bantsi ba rera lefoko—Ba ruta gore morago ga tsogo ya gagwe Keresete o tlaa bonala go Banifae. E ka nna dingwaga di le 81 go ya go di le 77 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng wa lesome le bongwe wa puso ya baatlhodi mo bathong ba ga Nifae, mo letsatsing la botlhano la kgwedi ya bobedi, gone go nnile le kagiso e ntsi mo lefatsheng la Sarahemola, go ne go nnile go sena dintwa le fa e le dikomano mo dingwagang dile mmalwa, le go fitlhelela letsatsi la botlhano la kgwedi ya bobedi mo ngwageng wa bolesome le bongwe, go ne go na le mokgosi wa ntwa o utlwala go ya le lefatshe lotlhe.

2 Gonne bonang, mephato ya Baleimene e ne e tsene mo ntlheng e e kwa nageng, mo teng ga melelwane ya lefatshe, le mo motseng wa Emonaeha tota, mme ba simolola go bolaya batho mme ba senya motse.

3 Mme jaanong go ne ga diragala gore, pele ga Banifae ba ka kgobokanya mophato o o lekanetseng go ba kgweeletsa kwa ntle ga lefatshe, ba ne ba sentse batho ba ba neng ba le mo motseng wa Emonaeha, ga mmogo le ba bangwe gaufi le melelwane ya Noa, mme ba tseetse ba bangwe botshwarwa mo nageng.

4 Jaanong go ne ga diragala gore Banifae ba eletse go tsaya bao ba ba neng ba tseetswe botshwarwa mo nageng.

5 Jalo he, ene yo o neng a tlhomilwe kapoteni mogolo wa mephato ya Banifae, (mme leina la gagwe e ne e le Soramo, mme o ne a na le barwa ba le babedi, Lihae le Eha)—jaanong Soramo le barwawe ba babedi ba itse gore Alema e ne e le moperesiti mogolo mo kerekeng, mme ba utlwile gore o na le mowa wa seporofiti, jalo he ba ne ba ya kwa go ene mme ba eletsa go tswa mo go ene go itse kwa Morena a ka reng ba tsamaye teng mo nageng mo patlong ya bakaulengwe ba bone, ba ba neng ba tserwe botshwarwa ke Baleimene.

6 Mme go ne ga diragala gore Alema o ne a botsa Morena mabapi le kgang. Mme Alema a boa mme a re go bone: Bonang, Baleimene ba tlaa tlola noka ya Sitone mo nageng ya borwa, go ya kwa kgakala godimo go feta melelwane ya lefatshe la Menthae. Mme bonang koo lo tlaa kopana le bone, kwa botlhaba jwa noka ya Sitone, mme koo Morena o tlaa gololela go lona bakaulengwe ba lona ba ba tserweng botshwarwa ke Baleimene.

7 Mme go ne ga diragala gore Soramo le barwawe ba tshele noka ya Sitone, le mephato ya bone, mme ba gwantela go feta melelwane ya Menthae go tsena mo nageng ya borwa, e e neng e le kwa botlhaba tsatsi jwa noka ya Sitone.

8 Mme ba ne ba tla mo mephatong ya Baleimene, mme Baleimene ba ne ba phatlaladiwa mme ba kgweelediwa mo nageng; mme ba ne ba tsaya bakaulengwe ba bone ba ba neng ba tserwe botshwarwa ke Baleimene, mme go ne go sena motho le fa e le mongwe wa bone a latlhegile ba ba neng ba tserwe botshwarwa. Mme ba ne ba tlisiwa ke bakaulengwe ba bone go tsaya mafatshe a bone.

9 Mme jalo ga fela ngwaga wa lesome le bongwe wa baatlhodi, Baleimene ba kobilwe go tswa mo lefatsheng, mme batho ba Emonaeha ba ne ba sentswe; ee, motho mongwe le mongwe yo o tshelang wa Baemonaeha o ne a senngwa, ga mmogo le motse wa bone o mogolo, o ba neng ba rile Modimo ga a kake a o senya, ka ntlha ya bogolo jwa one.

10 Mme bonang, mo letsatsing le le lengwe o ne wa tlogelwa o le letlotla; mme ditoto di ne tsa gagolakwa ke dintša le dibatana tsa naga.

11 Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi a le mantsi mebele ya bone e e suleng e ne ya tlhatlaganngwa mo sefatlhogong sa lefatshe, mme e ne ya katelwa ka mmu o o seng boteng. Mme jaanong go ne go le gogolo jalo monkgo wa yone mo e leng gore batho ba ne ba seka ba tsena go tsaya lefatshe la Emonaeha dingwaga di le dintsi. Mme go ne go bidiwa Letlotla la Baniho; gonne e ne e le ba tumelo ya ga Nehu, ba ba neng ba bolailwe; mme mafatshe a bone a ne a sala a le matlotla.

12 Mme Baleimene ba ne ba seka ba boa gape go lwa kgatlhanong le Banifae go fitlhelela ka ngwaga wa lesome le bone wa puso ya baatlhodi mo bathong ba ga Nifae. Mme jalo dingwaga di le tharo batho ba ga Nifae ba ne ba nna le kagiso e e tsweletseng mo lefatsheng lotlhe.

13 Mme Alema le Emiuleke ba ne ba tsamaya pele ba rera boikotlhao go batho mo ditempeleng tsa bone, le mo mafelong a bone a a boitshepho, ga mmogo le mo disenagogeng tsa bone, tse di neng di agilwe morago ga mokgwa wa Bajuta.

14 Mme fela bontsi jotlhe jo bo neng bo utlwa mafoko a bone, go bone ba ne ba abela lefoko la Modimo, ba sa tlotle ope wa batho, ka tswelelo.

15 Mme jalo Alema le Emiuleke ba ne ba ya pele, ga mmogo le ba le bantsi ba bangwe ba ba neng ba tlhophetswe tiro, go rera lefoko go ya lefatsheng lotlhe. Mme go tlhongwa ga kereke go ne ga akaretsa go ya lefatshe lotlhe, mo kgaolwaneng yotlhe mo tikologong, gareng ga batho botlhe ba Banifae.

16 Mme go ne go sena go tlhoka tekatekano gareng ga bone; Morena o ne a tshela Mowa wa gagwe mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe go baakanya megopolo ya bana ba batho, kgotsa go baakanya dipelo tsa bone go amogela lefoko le le tlaa rutwang gareng ga bone ka nako ya go tla ga gagwe—

17 Gore ba ka tla ba seka ba thatafala kgatlhanong le lefoko, gore ba ka tla ba seka ba tlhoka go dumela, mme ba tsamaya go ya tshenyegong, mme gore ba tle ba amogele lefoko ka boipelo, mme jaaka kala ba lomelelwe mo mofineng wa nnete, gore ba tle ba tsene mo bonnong jwa Morena Modimo wa bone.

18 Jaanong baperesiti bao ba ba neng ba ya pele gareng ga batho ba ne ba rera kgatlhanong le go aka gotlhe, le ditsietso, le mafufa, le dikgothang, le bopelompe, le dikgalo, le go utswa, go thukutha, borukutlhi, dipolao, go dira boaka, le mekgwa yotlhe ya bofefe, ba goa gore dilo tse ga di a tshwanela go nna—

19 Ba tshwaretse pele dilo tse di tshwanetseng go tla mo bokhutshwaneng; ee, ba tshwaretse pele go tla ga Morwa Modimo, ditshotlego tsa gagwe le loso, ga mmogo le tsogo ya baswi.

20 Mme bontsi jwa batho ba ne ba botsa mabapi le lefelo le Morwa Modimo o tlaa tlang; mme ba ne ba rutwa gore o tlaa bonala go bone morago ga tsogo ya gagwe; mme se batho ba ne ba se utlwa ka boipelo jo bogolo le boitumelo.

21 Mme jaanong morago kereke e sena go tlhongwa go ya le lefatshe lotlhe—e bone phenyo godimo ga ga diabole, mme lefoko la Modimo le rerwa mo boitshekong jwa lone mo lefatsheng lotlhe, mme Morena a tshela masego a gagwe mo bathong—jalo ga fela ngwaga wa lesome le bone wa puso ya baatlhodi mo bathong ba ga Nifae.