Scriptures
Alema 12


Kgaolo 12

Alema o ganetsana le Seeseramo—Masaitsiweng a Modimo a ka fiwa fela ba ba dumelang—Batho ba atlholwa ka dikakanyo tsa bone, ditumelo, mafoko, le ditiro—Baleofi ba tlaa sotlega loso lwa semowa—Botshelo jo bo khutlang jo ke seemo sa tekeletso—Thulaganyo ya thekololo e diragatsa Tsogo le, ka tumelo, phimolo ya dibe—Baikotlhai ba na le tshwanelo ya kutlwelobotlhoko ka Morwa yo o Tshotsweng a le Esi. E ka nna dingwaga di le 82 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong Alema, a bona gore mafoko a ga Emiuleke a didimaditse Seeseramo, gonne o ne a bone gore Emiuleke o mo tshwere mo go akeng ga gagwe le go tsietsa go mo senya, mme a bona gore o simolotse go roroma ka fa tlase ga letswalo la molato wa gagwe, a bula molomo wa gagwe mme a simolola go bua le ene, le go tlhomamisa mafoko a ga Emiuleke, le go tlhalosa dilo go feta, kgotsa go phothulola mafoko a Modimo a a kwadilweng go feta seo se se neng se dirilwe ke Emiuleke.

2 Jaanong mafoko a Alema a a buileng go Seeseramo a ne a utlwiwa ke batho mo tikologong; gonne matshwititshwiti a ne a le magolo, mme o ne a bua mo tlhalefong e:

3 Jaanong Seeseramo, o bona gore o tshwerwe mo go akeng ga gago le boferefere, gonne ga o a aka go batho fela mme o akile go Modimo; gonne bona, o itse dikakanyo tsa gago tsotlhe, mme o bona gore dikakanyo tsa gago di itsisiwe go rona ke Mowa;

4 Mme o bona gore re itse gore leano la gago e ne e le leano la bokukuntshwane, jaaka mo bokukuntshwaneng jwa ga diabole, gonne go aketsa le go tsietsa batho ba gore o ka tla wa ba lotlhanya kgatlhanong le rona, go re kgoba le go re kobela kwa ntle—

5 Jaanong le e ne e le leano la mmaba wa gago, mme o dirisitse thata ya gagwe mo go wena. Mme jaanong ke ka re gore o gakologelwe gore se ke se buang go wena ke se raya go botlhe.

6 Mme bonang ke lo raya lotlhe gore se e ne e le serai sa mmaba, se a neng a se beile go tshwara batho ba, gore o ka tla a lo tlisa mo taolong ya gagwe, gore o ka tla a lo agelela ka dikeetane tsa gagwe, gore o ka tla a lo golegelela fatshe mo tshenyong e e senang bokhutlo go ya ka fa thateng ya botshwaro jwa gagwe.

7 Jaanong fa Alema a sena go bua mafoko a, Seeseramo a simolola go roroma mo go feteletseng go gaisa, gonne o ne a dumetse go feta le go feta mo thateng ya Modimo; e bile o ne gape a dumela gore Alema le Emiuleke ba na le kitso ka ga gagwe, gonne o ne a dumela gore ba itse dikakanyo le maikaelelo a pelo ya gagwe; gonne thata e ne e neilwe go bone gore ba ka itse ka ga dilo tse go ya ka fa moweng wa seporofiti.

8 Mme Seeseramo a simolola go tlhotlhomisa mo go bone ka tlhoafalo, gore o ka tla a itse go feta mabapi le motse wa bogosi jwa Modimo. Mme o ne a re go Alema; Se se raya eng se Emiuleke a se buileng mabapi le tsogo ya baswi, gore botlhe ba tlaa tsoga mo baswing, mmogo ba ba tshiamo le tlhamalalo le ba ba seng tshiamo le tlhamalalo, mme ba a tlisiwa go ema fa pele ga Modimo go atlholwa go ya ka fa ditirong tsa bone?

9 Mme jaanong Alema a simolola go phuthulola dilo tse go ene, a re: Go neilwe go ba le bantsi go itse masaitsiweng a Modimo; le fa go ntse jalo ba beilwe ka fa tlase ga taelo e e gagametseng gore ba seka ba aba fela fa e se go ya ka fa karolong ya lefoko la gagwe le a le nayang go bana ba batho, go ya ka fa kelong tlhoko le tlhoafalo e ba e nayang go ene.

10 Mme jalo he, yoo yo o tlaa thatafatsang pelo ya gagwe, ene yoo o tla amogela karolo e potlana ya lefoko; mme yoo yo o tlaa se keng a thatafatse pelo ya gagwe, kwa go ene go tlaa fiwa karolo ya lefoko e kgolo, go fitlhelela go fiwa go ene go itse masaitseweng a Modimo go fitlhelela a a itse ka botlalo.

11 Mme bao ba ba tlaa thatafatsang dipelo tsa bone, go bone go newa karolo e potlana ya lefoko go fitlhelela ba sa itse sepe mabapi le masaitseweng a gagwe; mme jaanong foo ba tsewa ditshwarwa ke diabole, mme ba etelelwa ke thato ya gagwe go ya tlase kwa tshenyegong. Jaanong se ke sone se se rewang ka dikeetane tsa molete.

12 Mme Emiuleke o buile ka tlhamalalo mabapi le loso, le go tlhatlosiwa go tswa mo go sweng mo go ya kwa seemong sa go sa sweng, le go tlisiwa fa pele ga setilo sa Modimo, go atlholwa go ya ka fa ditirong tsa rona.

13 Jaanong fa e le gore dipelo tsa rona di ne di thatafetse, ee, fa re thatafaditse dipelo tsa rona kgatlhanong le lefoko, mo e leng gore ga le a fitlhelwa mo go rona, jaanong foo seemo sa rona se tla bo se boitshega, gonne jaanong re tlaa bonwa molato.

14 Gonne mafoko a rona a tlaa re dira molato, ee, ditiro tsotlhe tsa rona di tlaa re dira molato; ga re na go fitlhelwa re sena selabe; mme dikakanyo tsa rona le tsone di tlaa re dira molato; mme mo seemong se se boitshegang se ga re kitla re leka go leba kwa Modimong wa rona; mme re ka itumela fa re ka laela mafika le dithaba go wela mo go rona go re fitlha go tswa fa pele ga gagwe.

15 Mme se ga se kake sa diragala; re tshwanetse go tla pele mme re eme fa pele ga gagwe mo kgalalelong ya gagwe, le mo thateng ya gagwe, le mo nonofong ya gagwe, le tlotlego, le puso, mme re dumele, ka maswabi a rona a a senang bokhutlo, gore dikatlholo tsotlhe tsa gagwe di tshiamo le tlhamalalo; gore o tshiamo le tlhamalalo mo ditirong tsotlhe tsa gagwe, le gore o kutlwelobotlhoko go bana ba batho, le gore o na le thata yotlhe go boloka motho mongwe le mongwe yo o dumelang mo leineng la gagwe le go tlisa pele maungo a a lebanyeng boikotlhao.

16 Mme jaanong bonang, ka re go lona jaanong foo go tla loso, le loso lwa bobedi, lo e leng loso lwa semowa; jaanong foo ke nako ya gore mang le mang yo o swelang mo dibeng tsa gagwe, mo losong lwa nakwana, o tlaa swa gape loso lwa semowa; ee, o tlaa swa go ya ka fa dilong tse di amanang le tshiamo.

17 Jaanong foo ke nako e matlhoko le dikhutsafalo tsa bone di tlaa tshwanang le letsha la molelo le magala, o kgabo ya one e tlhatlogelang godimo ka metlha le metlha; mme jaanong foo go nako e ba tlaa golegelwang fatshe ka dikeetane go tshenyegong e e senang bokhutlo, go ya ka fa thateng le botshwaro jwa ga Satane, ene a ba tlisitse mo taolong go ya ka fa thatong ya gagwe.

18 Jaanong foo ka re go lona, ba tlaa nna jaaka e kete go ne go sena thekololo epe e e dirilweng; gonne ga ba kake ba rekololwa go ya ka fa tshiamisong ya Modimo; mme ga ba kake ba swa, ka ntlha ya gore ga go sa tlhole go na le go bola.

19 Jaanong go ne ga diragala gore fa Alema a sena go dira bokhutlo jwa go bua mafoko a, batho ba simolola go gakgamala go feta;

20 Mme go ne go le mongwe Entiana, yo a neng e le mmusi mogolo gareng ga bone, a tla pele mme a re go ene: Ke eng se se o se buileng, gore motho o tlaa tsoga mo baswing mme a fetolwe go tswa mo go sweng mo go tla mo seemong sa go sa sweng, gore botho ga bo kake jwa swa?

21 Lefoko la Modimo le le kwadilweng le raya eng, le le reng Modimo o ne a baya ditšheruba le tšhaka e e tukang kwa botlhaba jwa tshimo ya Etene, gore e sere kgotsa batsadi ba rona ba ntlha ba tsena mme ba ja leungo la setlhare sa botshelo, mme ba tshelela ruri? Mme jalo re bona gore go ne go sa kgonegale go nna le tshono ya gore ba ka tshela ka metlha.

22 Jaanong Alema a mo raya a re: Se ke sone selo se ke neng ke le gaufi le go se tlhalosa. Jaanong re bona gore Atame o ne a wa ka go ja leungo le le ileditsweng, go ya ka fa lefokong la Modimo; mme jalo re bona, gore ka go wa ga gagwe, batho botlhe ba ne ba nna batho ba ba latlhegileng e bile ba ole.

23 Mme jaanong bonang, ka re go lona fa go ne go kgonegile gore Atame a je leungo la setlhare sa botshelo ka nako eo, go ka bo go se kile ga nna le loso, mme lefoko le ka bo le sa diragadiwa, le dira Modimo moaki, gonne o rile: Fa o ka ja ruri o tlaa swa.

24 Mme re bona gore loso lo tla mo losikeng lwa motho, ee, loso lo go builweng ka ga lone ke Emiuleke, lo e leng loso lwa nakwana; le fa go ntse jalo go ne go na le sebaka se neilwe go motho se mo go sone a ka ikotlhayang; jalo he botshelo jo bo ne jwa nna seemo sa tekeletso; nako ya go ipaakanyetsa go kopana le Modimo; nako ya go ipaakanyetsa seemo se se sa feleng seo, se go builweng ka sone ke rona, se se leng morago ga tsogo ya baswi.

25 Jaanong, fa ene e ka bo e se ka thulaganyo ya thekololo, e e neng ya bewa go tswa kwa motheong wa lefatshe, go ka bo go sena tsogo ya baswi; mme go ne go na le thulagayo ya thekololo e beilwe, e e tlaa diragatsang tsogo ya baswi, e ka ga yone go builweng.

26 Mme jaanong bonang, fa go ne go kgonagetse gore batsadi ba rona ba ntlha ba ka bo ba tsamaile pele mme ba a ja setlhare sa botshelo ba ka bo ba nnile ka metlha mo bohutsaneng, ba sena seemo sa go ipaakanya; mme jalo tlhulaganyo ya thekololo e ka bo e kgoreleditswe, mme lefoko la Modimo le ka bo le sa diragadiwa, le sa dire pharologanyo.

27 Mme bonang, go ne go sa nna jalo; mme go ne ga tlhongwa go batho gore ba tshwanetse ba swe; mme morago ga loso, ba tshwanetse ba tle mo katlholong, le yone tota katlholo eo e ka ga yone re buileng, e e leng bokhutlo.

28 Mme morago ga Modimo a sena go tlhoma gore dilo tse di tle mo mothong, bonang, o ne a bona go tlhokafala gore motho a itse mabapi le dilo tse ka tsone a tlhomilweng go bone;

29 Jalo he o ne a romela baengele go bua le bone, ba ba dirileng batho go bona kgalalelo ya gagwe.

30 Mme ba ne ba simolola go tswa nakong eo go ya pele go bitsa leina la gagwe; jalo he Modimo a bua le batho, mme a dira gore go itsege go bone thulaganyo ya thekololo, e e neng e baakantswe go tswa kwa motheong wa lefatshe; mme se a dira se itsege go bone go ya ka fa tumelong ya bone, le boikotlhao le ditiro tsa bone tse di boitshepho.

31 Jalo he, a fa ditaelo go batho, bone ba ne la ntlha ba tlotse ditaelo tsa ntlha go ya ka dilo tsa nakwana, mme ba nna jaaka badimo, ba itse molemo mo bosuleng, ba ipaya mo seemong sa go dira, kgotsa ba beiwa mo seemong sa go dira ka fa dithatong tsa bone le dikgatlhego, a go dira bosula kgotsa go dira molemo—

32 Jalo he Modimo a fa go bone ditaelo, a sena go itsise go bone thulaganyo ya thekololo, gore ba seka ba dira bosula, kotlhao jalo e le loso lwa bobedi, lo e neng e le loso lo lo senang bokhutlo go ya ka fa dilong tse di amanang le tshiamo; gonne mo go se se jalo thulaganyo ya thekololo e ne e se kake ya nna le thata, gonne ditiro tsa tshiamiso di ne di ka seka tsa senngwa, go ya ka fa bomolemong jo bo bogolo-segolo jwa Modimo.

33 Mme Modimo o ne a bitsa batho, mo leineng la Morwawe, (se e le thulaganyo ya thekololo e e neng e beilwe) a re: Fa lo ka ikotlhaya mme lo sa thatafatse dipelo tsa lona, jaanong foo ke tlaa nna le kutlwelobotlhoko mo go lona, ka Morwa wa me yo o Tshotsweng a le Esi;

34 Jalo he, mang le mang yo o ikotlhayang, mme a sa thatafatse pelo ya gagwe, o tlaa nna le tshwanelo mo kutlwelobotlhokong ka Morwa wa me yo o Tshotsweng a le Esi, mo phimolong ya dibe tsa gagwe; mme ba ba tlaa tsena mo bonnong jwa me.

35 Mme mang le mang yo o tlaa thatafatsang pelo ya gagwe mme a dira boikepi, bonang, ke ikana mo kgalefong ya me gore ga a na go tsena mo bonnong jwa me.

36 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, bonang ka re go lona, gore fa lo ka thatafatsa dipelo tsa lona ga lo na go tsena mo bonnong jwa Morena; jalo he boikepi jwa lona bo mo kgopisa gore a romele tlase kgalefo ya gagwe mo go lona jaaka mo kgopisegong ya ntlha, ee, go ya ka fa lefokong la gagwe mo kgopisegong ya bofelo le mo go ya ntlha, go ya tshenyegong e e senang bokhutlo ya botho jwa lona; jalo he, go ya ka fa lefokong la gagwe, mo losong lwa bofelo, le mo go lwa ntlha.

37 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, lo bona gore re itse dilo tse, e bile di boammaaruri, a re ikotlhaeng, mme re se thatafatse dipelo tsa rona, gore re seka ra kgopisa Morena Modimo wa rona go gogela tlase kgalefo ya gagwe mo go rona mo go tse ditaelo tsa gagwe tsa bobedi tse a di neileng go rona; mme mmang re tsene mo bonnong jwa Modimo, jo bo baakantsweng go ya ka fa lefokong la gagwe.