Scriptures
Alema 60


Kgaolo 60

Moronae o ngongorega kwa go Phahorane ka go ikgatolosa mephato ga puso—Morena o letlelela basiami gore ba bolawe—Banifae ba tshwanetse go dirisa thata yotlhe ya bone le bojotlhe go ikgolola mo babeng ba bone—Moronae o tshosetsa go lwa kgatlhanong le puso fa e se thuso e ka tlisiwa kwa mephatong ya gagwe. E ka nna dingwaga di le 62 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore a kwalele gape kwa mmusing wa lefatshe, yo e neng e le Phahorane, mme a ke mafoko a a neng a a kwala, a re: Bona, ke lebisa lokwalo lwa me go Phahorane, mo motseng wa Sarahemola, yo e leng moatlhodi mogolo le mmusi godimo ga lefatshe, le gape go bao botlhe ba ba tlhophilweng ke batho ba go laola le go okamela merero ya ntwa e.

2 Gonne bonang, ke na le go le selekanyo sengwe go se bua go bone ka mokgwa wa pono molato le kotlhao; gonne bonang, lona ka bolona lo itse gore lo tlhomilwe go kgobokanya mmogo banna, le go ba papana ka ditšhaka, le ka disimetha, le mekgwa yotlhe ya dibetsa tsa ntwa tsa mefuta yotlhe, mme le romele pele kgatlhanong le Baleimene, mo karolong efe le efe e ba ka tlang mo go yone ya lefatshe la rona.

3 Mme jaanong bonang, ka re go lona nna, ga mmogo le banna ba me, ga mmogo le Hilamene le banna ba gagwe, re sotlegile ditshotlego tse di feteletseng; ee, le tlala tota, lenyora, le letsapa, le mekgwa yotlhe ya dipogisego tsa mofuta mongwe le mongwe.

4 Mme bonang, fa tse e ne e le tsotlhe tse re di sotlegileng re ka bo re sa ngunanguni kgotsa go ngongorega.

5 Mme bonang, bogolo go nnile polao gareng ga batho ba rona; ee, dikete di wetse fatshe ka tšhaka, fa go ka bo gongwe go nnile ka mokgwa o mongwe fa lo ka bo lo neetse go mephato ya rona nonofo e e lekaneng le tlamelo ya bone. Ee, bogolo go nnile go ikgatolosa ga lona mo go rona.

6 Mme jaanong bonang, re eletsa go itse se se dirileng go ikgatolosa mo gogolo mo go feteletseng mo; ee, re eletsa go itse se se bakileng seemo sa lona sa go tlhoka kakanyo.

7 A lo ka akanya go nna mo ditilong tsa lona tsa bogosi mme mo seemong sa go tlhoka kakanyo ga boeleele, fa baba ba lona ba gasagasa tiro ya loso mo tikologong ya lona? Ee, fa ba tsweletse ba bolaya dikete tsa bakaulengwe ba lona—

8 Ee, le bone tota ba ba neng ba lebeletse kwa go lona go bona tshireletso, ee, ba lo beile mo seemong se lo ka bong lo ba tlametse, ee, lo ka bo lo rometse mephato go bone, go ka bo lo ba nonotshitse le go ka bo lo bolokile dikete tsa bone mo go weng ka tšhaka.

9 Mme bonang, se ga se gotlhe—lo emisitse dijo tsa lona mo go bone, mo e leng gore bontsi bo ne jwa lwa mme ba tsholola madi a bone go felela ga botshelo jwa bone, ka ntlha ya dikeletso tsa bone tse dikgolo tse ba neng ba na natso mabapi le boitekanelo jwa batho ba; ee, mme se ba se dirile ba ne ba le gaufi le go nyelela ka tlala, ka ntlha ya go ikgatholosa mo gogolo mo go feteletseng ga lona mo go bone.

10 Mme jaanong, bakaulengwe ba me ba ba rategang—gonne lo tshwanetse lo ratege; ee, lo tshwanetse lo ka bo lo iphuduile ka tlhoafalo e tona ka ntlha ya boitekanelo le kgololesego ya batho ba; mme bonang, lo ba ikgatolositse mo e leng gore madi a dikete a tlaa tla mo ditlhogong tsa lona go pusoloso; ee, gonne se itsegeng go Modimo e ne e le dilelo tsa bone tsotlhe, le ditshotlego tsa bone tsotlhe—

11 Bonang, a lo ka gopola gore lo ka nna mo ditilong tsa lona tsa bogosi, mme ka ntlha ya bomolemo jo bo feteletseng jwa Modimo lo ka se dire sepe mme o tlaa lo golola? Bonang, fa e le gore le gopotse se lo gopotse mo lefeleng.

12 A lo gopola gore, ka ntlha ya gore bontsi jo bokanakana jwa bakaulengwe ba lona ba bolailwe ke ka ntlha ya boleo jwa bone? Ka re go lona, fa lo gopotse se, lo gopotse mo lefeleng; gonne ka re go lona, ba bantsi ba ba oleng ka tšhaka; mme bonang ke mo ponong molato le kotlhao ya lona;

13 Gonne Morena o letleletse basiami gore ba bolawe gore tshiamiso ya gagwe le katlholo di tle mo baleofing; jalo he ga lo tlhoke go gopola gore basiami ba ba latlhegile ka ntlha ya gore ba bolailwe; mme bonang, ba tsena mo bonnong jwa Morena Modimo wa bone.

14 Mme jaanong bonang, ka re go lona, ke boifa mo go feteletseng gore dikatlholo tsa Modimo di tlaa tla mo bathong ba, ka ntlha ya botshwakga jwa bone jo bo feteletseng, ee, le botshwakga jwa puso ya rona tota, le ikgatologo ya bone e kgolo mo go feteletseng mo bakaulengweng ba bone, ee, go bao ba ba bolailweng.

15 Gonne fa e ne e se ka boleo jo bo simologileng lwa ntlha kwa tlhogong ya rona, re ka bo re kgonne go emelelana le baba ba rona gore ba ka bo ba sa nna le thata godimo ga rona.

16 Ee, fa e ne e se ka ntwa e e tlhagogileng gareng ga rona ka borona, ee, fa e ne e se ka banna ba ba bogosi, ba ba dirileng tshololo ya madi e e kana gareng ga rona; ee, ka nako e re neng re itaana gareng ga rona, fa re ka bo re kopantse nonofo ya rona jaaka re dirile pele; ee, fa e ne e se ka dikeletso tsa thata le taolo tse banna bao ba bogosi ba neng ba na le tsone godimo ga rona; fa ba ne ba nnile le boammaaruri mo maikemisetsong a rona a kgololesego, mme ba kopana le rona, mme ba ya pele kgatlhanong le baba ba rona, boemong jwa gore ba tseye ditšhaka tsa bone kgatlhanong le rona, se e leng lebaka la tshololo ya madi e e kana gareng ga rona; ee, fa re ka bo re ile pele kgatlhanong le bone mo nonofong ya Morena, re ka bo re phatlaladitse baba ba rona, gonne go ka bo go dirilwe, go ya ka fa go diragatseng lefoko la gagwe.

17 Mme bonang, jaanong Baleimene ba tla mo go rona, ba tsaya mafatshe a rona, mme ba bolaya batho ba rona ka tšhaka, ee, basadi ba rona le bana ba rona, mme gape ba ba tsaya ditshwarwa, ba ba dira gore ba sotlege mekgwa yotlhe ya dipogisego, mme se ka ntlha ya boleo jwa bao ba ba batlang thata le taolo, ee, le tota banna bao ba bogosi.

18 Mme ke eng ke tshwanetse go bua go le go ntsi mabapi le kgang e? Gonne ga re itse eng gore lona ka bolona lo batla taolo, ga re itse mme eng a le lona le ba rekise ba lefatshe la lona.

19 Kgotsa a e ka tswa e le gore lo re ikgatolositse ka ntlha ya gore lo mo gare ga lefatshe la rona mme le dikaganyeditswe ke tshireletso, gore ga lo dire gore dijo di romelwe go rona, ga mmogo le banna go nonotsha mephato ya rona?

20 A lo lebetse ditaelo tsa Morena Modimo wa lona? Ee, a lo lebetse botshwarwa jwa borraarona? A lo lebetse dinako tse di ntsi tse re golotsweng go tswa mo diatleng tsa baba ba rona?

21 Kgotsa lo gopola gore Morena o ntse o tlaa re golola fela, fa rona re ntse mo ditilong tsa rona tsa bogosi mme re sa dirise ditsela tse Morena a di neileng go rona?

22 Ee, a lo tlaa nna mo botshwakgeng fa le dikologilwe ke dikete tsa bao, ee, le masome a dikete, ba le bone ba ntseng mo botshwakgeng, fa go na le dikete go dikologa mo molelwaneng ya lefatshe ba ba wang ka tšhaka, ee, ba ntshitswe dintho e bile ba tshologa madi?

23 A lo gopola gore Modimo o tlaa lo leba lo sena molato fa lo ntse fa fatshe fela mme lo bona dilo tse? Bonang ka re go lona, Nnyaa. Jaanong ke kare gore lo gakologelwe gore Modimo o rile gore sejana se se ka fa teng se tlaa tlhatswiwa pele, morago sejana se se ka kwa ntle le sone se tlhatswiwe.

24 Mme jaanong, fa e se lo ka ikotlhaela tseo tse lo di dirileng, mme lwa simolola go ema le go dira, mme lwa romela pele dijo le banna go rona, ga mmogo le go Hilamene, gore o ka tla a tlhokomela dikarolo tseo tsa lefatshe la rona tse a di tsereng gape, le gore re ka tla ra tsaya gape masalela a dilwana tsa rona mo dikarolong tse, bonang go tlaa bo go sa tlhokafale gore re tlhole re itaana le Baleimene go fitlhelela re tlhatswitswe pele sejana sa rona se se ka fa teng, ee, le tlhogo e kgolo ya puso ya rona tota.

25 Mme fa e se lo ka neela go ya ka lokwalo lwa me, mme lwa tswela kwa ntle mme lwa mpontsha mowa wa boammaaruri wa kgololesego, mme lwa leka thata go nonotsha le go tiisa mephato ya rona, mme lwa neela go bone dijo mo tlhokomelong ya bone, bonang ke tlaa tlogela karolo ya banna ba me ba kgololesego go tlhokomela karolo eno ya lefatshe, mme ke tlaa tlogela thata le masego a Modimo mo go bone, gore thata epe e nngwe e seka ya bereka kgatlhanong le bone—

26 Mme se ka ntlha ya tumelo ya bone e e feteletseng, le bopelotelele jwa bone mo ditlalelong tsa bone—

27 Mme ke tlaa tla go lona, mme fa go na le mongwe gareng ga lona yo o nang le keletso ya kgololesego, ee, fa go na le fa e le tlhasenyana ya kgololesego e e setseng, bonang ke tla a fuduwa dikgoberego gareng ga lona, le go fitlhelela bao ba ba eletsang go amoga thata le taolo ba sa tlhole ba le teng.

28 Ee, bonang ga ke tshabe thata ya lona le fa e le taolo ya lona, mme ke Modimo wa me yo ke mo tshabang; mme ke go ya ka fa ditaelong tsa gagwe gore ke tsaya tšhaka ya me go sireletsa maikemisetso a lefatshe la me, mme ke ka ntlha ya boikepi jwa lona gore re be re sotlegile tatlhegelo e ntsi jaana.

29 Bonang ke nako, ee, nako jaanong e fa seatleng, gore fa e se lo ka iphuduwa mo go sireletseng lefatshe la lona le ba bannye ba lona, tšhaka ya tshiamiso e akgega mo godimo ga lona; ee, mme e tlaa wela mo go lona mme e lo etele le kwa tshenyegong ya lona gotlhelele.

30 Bonang, ke letetse thuso e e tswang kwa go lona; mme, fa e se lo ka direla go namolo ya rona, bonang, ke tla go lona, le mo lefatsheng la Sarahemola tota, mme ke lo itaya ka tšhaka, mo lo tlaa se keng lo tlhole lo nna le thata go kgoreletsa tswelelopele ya batho ba mo tseleng ya kgololesego ya rona.

31 Gonne bonang, Morena ga a na go letlelela gore lo tlaa tshela lo bo lo gola nonofo mo boikeping jwa lona go nyeletsa batho ba gagwe ba ba siameng.

32 Bonang, a lo gopola gore Morena o ka lo sadisa mme a tswela kwa ntle mo katlholong kgatlhanong le Baleimene, fa e le dingwao tsa borraabo tse di dirileng letlhoo la bone, ee, mme le menagantswe ke bao ba ba itsuolotseng go tswa mo go rona, fa boikepi jwa lona e le ka lebaka la go rata ga lona kgalalelo le dilo tsa lefela tsa lefatshe?

33 Lo itse gore lo tlola melao ya Modimo, e bile lo itse gore lo e gataka ka fa tlase ga dinao tsa lona. Bonang, Morena a re go nna: Fa bao ba lo ba tlhophileng go nna babusi ba lona ba sa ikotlhaele dibe tsa bone le boikepi, lo tsamae go lwa kgatlhanong le bone.

34 Mme jaanong bonang, nna, Moronae, ke a patelesega, go ya ka fa kgolaganong e ke e dirileng go tshegetsa ditaelo tsa Modimo wa me; jalo he ke ka re gore lo obamele lefoko la Modimo, mme lo romele ka bonako kwa go nna dingwe tsa dijo tsa lona le bangwe ba banna ba lona, ga mmogo le kwa go Hilamene.

35 Mme bonang, fa lo ka seka lwa dira se ke tla go lona ka bonako; gonne bonang, Modimo ga a kake a letlelela gore re nyelele ka tlala; jalo he o tlaa neela go rona dijo tsa lona, le fa e le gore e tshwanetse go nna ka tšhaka. Jaanong bonang gore lo diragatsa lefoko la Modimo.

36 Bonang, ke Moronae, mokapoteni mogolo wa lona. Ga ke batle thata, mme go e gogela kwa tlase. Ga ke batle tlotlo ya lefatshe, mme kgalalelo ya Modimo wa me, le kgololesego le boitekanelo jwa lefatshe la me. Mme jalo ke tswala lokwalo lwa me.