Scriptures
Alema 57


Kgaolo 57

Hilamene o balolola ka ga go tsaya Entipara mme go ineela le morago tshireletso ya Khumenae—Makolwanyane a gagwe a Baamone ba lwa ka bonatla; botlhe ba ntshiwa dintho, mme ga go ope yo o bolawang—Kidi o bega go bolawa le go falola ga magolegwa a Baleimene. E ka nna dingwaga di le 63 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore ke amogele lokwalo go tswa kwa go Emorane, kgosi, a bolela gore fa ke ka neela magolegwa ao a ntwa ba re neng re ba tsere ene o tlaa neela motse wa Entipara go rona.

2 Mme ka romela lokwalo go kgosi, gore re ne re tlhomamisa gore masole a rona a ne a lekane go tsaya motse wa Entipara ka kgoka ya rona; mme ka go neela magolegwa go tsaya motse oo re gopola re tlaa bo re sena tlhalefo, le gore re ka neela magolegwa a rona fela mo kananyong.

3 Mme Emorane a gana lokwalo lwa me, gonne o ne a sa batle go ananya magolegwa; jalo he re ne ra simolola go ipaakanyetsa go ya kgatlhanong le motse wa Entipara.

4 Mme batho ba Entipara ba ne ba tlogela motse, mme ba tshabela kwa metseng e mengwe ya bone, e ba neng ba na le yone, go aga tshireletso ya yone; mme jalo motse wa Entipara wa wela mo diatleng tsa rona.

5 Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a mabedi le borobabobedi wa puso ya baatlhodi.

6 Mme go ne ga diragala gore mo tshimologong ya ngwaga wa masome a mabedi le boroba bongwe, ra amogela dijo, ga mmogo le koketso go mophato wa rona, go tswa kwa lefatsheng la Sarahemola, le go tswa mo lefelong le le mo tikologong, go palo ya banna ba le dikete di le thataro, kwa ntle ga barwa ba Baamone ba le masome a marataro ba ba neng ba tlile go kopana le bakaulengwe ba bone, setlhophanyana sa me sa dikete tse pedi. Mme jaanong bona, re ne re nonofile, ee, mme gape re ne re na le dijo di le dintsi di tlisitswe go rona.

7 Mme go ne ga diragala gore e ne e le keletso ya rona go bolotsa ntwa le mophato o o neng o beilwe go sireletsa motse wa Khumenae.

8 Mme jaanong bona, ke tlaa go bontsha gore ka bonako re ne ra kgona dikeletso tsa rona; ee, ka mophato o o nonofileng, kgotsa ka karolo ya mophato wa rona o o nonofileng, re ne ra dikaganyetsa, bosigo, motse wa Khumenae, pelenyana ga ba amogela dijo.

9 Mme go ne ga diragala gore re ne ra thibelela mo tikologong ya motse masigo a le mantsi; mme re ne re sama ditšhaka tsa rona, mme re baya badisa, gore Baleimene ba seka ba tla go rona bosigo mme ba re bolaya, se ba neng ba se leka dinako di le dintsi; mme fela go lekana le dinako tse dintsi tse ba lekileng se madi a bone a ne a tshololwa.

10 Morago ga sebaka se se leele dijo tsa bone di ne tsa goroga, mme ba ne ba le gaufi le go tsena motse bosigo. Mme rona, mo boemong jwa gore re bo re le Baleimene, re ne re le Banifae; jalo he, re ne ra ba tsaya le dijo tsa bone.

11 Mme go sa kgathalesege gore Baleimene ba ne ba kgaotswe go tswa mo thusong ya bone ka mokgwa o, ba ne ba ntse ba ikaeletse go tshegetsa motse; jalo he go ne ga tlhokega gore re tseye dijo tseo mme re di romele kwa Judia; le magolegwa a rona kwa lefatsheng la Sarahemola.

12 Mme go ne ga diragala gore go ne go se malatsi a le mantsi a fetile pele ga Baleimene ba simolola go latlhegelwa ke ditsholofelo tsotlhe tsa tlamelo; jalo he ba ne ba neela motse mo diatleng tsa rona; mme jalo re ne re kgonne maano a rona mo go tseyeng motse wa Khumenae.

13 Mme go ne ga diragala gore magolegwa a rona a ne a le mantsi mo e leng gore, go sa kgathalesege bogolo jwa palo ya rona, re ne re patelesega go dirisa mophato otlhe wa rona go ba tshegetsa, kgotsa go ba bolaya.

14 Gonne bona, ba ne ba tlhaga ka dipalo tse dikgolo, mme ba ne ba lwa ka matlapa, le ka melamu, kgotsa sengwe le sengwe se ba neng ba ka se tsenya mo diatleng tsa bone, mo e leng gore re ne ra bolaya go ya kwa diketeng tse pedi tsa bone fa ba sena go ineela jaaka magolegwa a ntwa.

15 Jalo he go ne ga tla go tlhokafala go rona, gore re fedise matshelo a bone, kgotsa re ba dise, tšhaka e le mo seatleng, go ya go tsena kwa lefatsheng la Sarahemola; mme gape dijo tsa rona di ne di sa tlhole di lekanye batho ba rona tota, go sa kgathalesege tseo tse re neng re di tsere mo Baleimeneng.

16 Mme jaanong, mo seemong seo se se thata, e ne ya nna kgang e e tlhwaafetseng thata go batlisisa mabapi le magolegwa a a ntwa; le fa go ntse jalo, re ne ra fetsa ka gore re ba ise kwa lefatsheng la Sarahemola; jalo he re ne ra tlhopha karolo ya banna ba rona, mme ra ba fa taolo godimo ga magolegwa a rona go ya kwa lefatsheng la Sarahemola.

17 Mme go ne ga diragala gore mo go la ka moso ba ne ba bowa. Mme jaanong bona, re ne ra seka ra ba botsa mabapi le magolegwa; gonne bona, Baleimene ba ne ba le mo go rona, mme ba ne ba bowa ka nako go tla go re boloka mo go weleng mo diatleng tsa bone. Gonne bona, Emorane o ne a rometse go thuso ya bone dijo tse dišha ga mmogo le mophato o montsi wa banna.

18 Mme go ne ga diragala gore banna bao ba re neng re ba rometse le magolegwa ba ne ba goroga ka nako go ba kgoreletsa, jaaka ba ne ba setse ba le gaufi le go re fekeetsa.

19 Mme bona, setlhophanyana sa me sa dikete tse pedi le masome a marataro se ne sa lwa ka kgakalo thata; ee ba ne ba itsetsepetse fa pele ga Baleimene, mme ba bolaya botlhe ba ba neng ba le kgatlhanong le bone.

20 Mme jaaka fa ba ba setseng ba mophato wa rona ba ne ba le gaufi le go naya tsela Baleimene, bona, bao ba ba dikete tse pedi le masome a marataro ba ne ba itsetsepetse e bile ba sa kgobega marapo.

21 Ee, mme ba ne ba obamela le go ela tlhoko go diragatsa lefoko lengwe le lengwe la taelo jaaka le boilwe; ee, mme le go ya ka fa tumelong ya bone tota go ne ga diragadiwa go bone, mme ke ne ka gakologelwa mafoko a ka one ba neng ba a bua go nna gore bommaabo ba ne ba ba rutile.

22 Mme jaanong bona, e ne e le barwaaka ba, le banna bao ba ba neng ba tlhophilwe go isa magolegwa, ba go bone re kolotang phenyo e kgolo e; gonne e ne e le bone ba ba neng ba fenya Baleimene; jalo he ba ne ba kgweelediwa kwa morago kwa motseng wa Menthae.

23 Mme re ne ra tshegetsa motse wa rona Khumenae, mme re ne ra seka ra senngwa ka tshaka ba rotlhe; le fa go ntse jalo re ne re sotlegile tatlhegelo e kgolo.

24 Mme go ne ga diragala gore fa Baleimene ba sena go tshaba, ke ne ka bonako foo ka fa ditaelo gore banna ba me ba ba neng ba ntshitswe dintho ba tsewe go tswa gareng ga baswi, le go dira gore dintho tsa bone di hapisiwe.

25 Mme go ne ga diragala gore go ne go le makgolo a mabedi, go tswa mo diketeng tse pedi le masome a marataro ba me, ba ba neng ba idibaditswe ke go latlhegelwa ke madi; le fa go ntse jalo, go ya ka fa bomolemong jwa Modimo, le mo kgakgamalong e kgolo ya rona, ga mmogo le boipelo jwa mophato otlhe wa rona, go ne go se motho a le mongwe wa bone yo o neng a nyelela; ee, mme go ne go sena motho a le mongwe gareng ga bone yo o neng a sa amogela dintho tse dintsi.

26 Mme jaanong, pabalelo ya bone e ne e gakgamatsa go mophato otlhe wa rona, ee, gore ba tlogelwe fa go ne go le sekete sa bakaulengwe ba rona ba ba neng ba bolailwe. Mme re se naya ka tshiamo le tlhamalalo go thata ya Modimo e e gakgamatsang, ka ntlha ya tumelo ya bone e e feteletseng mo go seo se ba neng ba se rutilwe go se dumela—gore go ne go na le Modimo o o tshiamo le tlhamalalo, mme mang le mang yo a sa belaeleng, gore ba babalelwe ke thata ya gagwe e e gakgamatsang.

27 Jaanong se e ne e le tumelo ya ba ba ke buileng ka ga bone; ba ne ba le babotlana, mme megopolo ya bone e tsepame, mme ba baya tshepho ya bone mo Modimong ka tswelelo.

28 Mme go ne ga diragala gore fa re sena go tlhokomela jalo banna ba rona ba ba neng ba ntshitswe dintho, mme re fitlhile baswi ba rona ga mmogo le baswi ba Baleimene, ba ba neng ba le bantsi, bona, re ne ra botsa Kidi mabapi le magolegwa ba ba neng ba simolotse go ya tlase kwa lefatsheng la Sarahemola le bone.

29 Jaanong Kidi e ne e le mokapoteni mogolo godimo ga setlhopha se se neng se tlhomilwe go ba disa go ya tlase kwa lefatsheng.

30 Mme jaanong, a ke mafoko a Kidi a neng a a bua go nna: Bona, re ne ra simolola go ya kwa lefatsheng la Sarahemola le magolegwa a rona. Mme go ne ga diragala gore re ne ra rakana le ditlhola tsa mephato ya rona, ba ba neng ba rometswe go lebelela bothibelelo jwa Baleimene.

31 Mme ba ne ba goela go rona, ba re—bonang, mephato ya Baleimene e gwantela go ya ntlheng ya motse wa Khumenae; mme bonang, ba tlaa wela mo go bone, ee, mme ba tlaa senya batho ba rona.

32 Mme go ne ga diragala gore magolegwa a rona ba ne ba a utlwa go goa ga bone, se se neng sa ba dira go tsaya kgothatso; mme ba ne ba emelela mo ingaolong kgatlhanong le rona.

33 Mme go ne ga diragala gore ka ntlha ya ingaolo ya bone re ne ra dira gore ditšhaka tsa rona di tle mo go bone. Mme go ne ga diragala gore ba ne ka segopa ba tabogela mo ditšhakang tsa rona, mo go se palo e kgolo thata ya bone e neng ya bolawa, mme masalela a bone a ne a sutlha mme a tshaba go tswa go rona.

34 Mme bonang, fa ba sena go tshaba mme re sa kgone go ba tshwara, re ne ra gwantela ka lobelo go ya ntlheng ya motse wa Khumenae; mme bonang re ne ra goroga ka nako gore re ka thusa bakaulengwe ba rona mo go somareleng motse.

35 Mme bonang, re golotswe gape go tswa mo diatleng tsa baba ba rona. Mme go sego leina la Modimo wa rona; gonne bonang, ke ene yo o re golotseng; ee, yo o dirileng selo se segolo se go rona.

36 Jaanong go ne ga diragala gore fa nna, Hilamene, ke sena go utlwa mafoko a a ga Kidi, ke ne ka tlala boipelo jo bo feteletseng ka ntlha ya bomolemo jwa Modimo mo go re babaleleng, gore re se nyelele rotlhe; ee, mme ke tshepha gore botho jwa bone ba ba neng ba bolailwe bo tsene mo bonnong jwa Modimo wa bone.