Scriptures
Alema 29


Kgaolo 29

Alema o eletsa go goa boikotlhao ka tlhoafalo le matlhagatlhaga a seengele—Morena o fa ditšhaba tsotlhe baruti—Alema o galalela mo tirong ya Morena le mo tswelelo peleng ya ga Amone le bakaulengwe ba gagwe. E ka nna dingwaga di le 76 pele ga ga Keresete.

1 O Fa ke ka bo ke le moengele, mme ka nna le keletso ya pelo ya me, gore ke ka tsamaya pele mme ka bua ka terompeta ya Modimo, ka lentswe go tshikinya lefatshe, mme ka goa boikotlhao go batho botlhe!

2 Ee, ke ne ke ka bega go motho mongwe le mongwe, jaaka e kete ka lentswe la tladi, boikotlhao le thulaganyo ya thekololo, gore ba ikotlhaye mme ba tle go Modimo wa rona, gore go seka ga nna le kutlobotlhoko go feta mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe.

3 Mme bonang, ke motho, mme ke a leofa mo keletsong ya me; gonne ke tshwanetse ke ka bo ke kgotsofetse ka dilo tse Morena a di nkabetseng.

4 Ga ke a tshwanela go harakana mo dikeletsong tsa me, kitsiso se mmuso e e nitameng ya Modimo o o tshiamo le tlhamalalo, gonne ke itse gore o fa batho go ya ka fa keletsong ya bone, a ke go ya losong kgotsa botshelong; ee, ke itse gore o abela go batho, ee, o itsise semmuso go bone dikitsiso semmuso tse di sa fetolweng, go ya ka fa thatong tsa bone, a di go ya polokong kgotsa go ya tshenyegong.

5 Ee, mme ke itse gore molemo le bosula di tlile fa pele ga batho botlhe; yo o sa itseng molemo go tswa mo bosuleng ga a na molato; mme yo o itseng molemo le bosula, go ene go newa go ya ka fa dikeletsong tsa gagwe, a o eletsa molemo kgotsa bosula, botshelo kgotsa loso, boipelo kgotsa kutlobotlhoko le boikotlhao jwa letswalo.

6 Jaanong, ka go bonala gore ke itse dilo tse, go reng ke ka eletsa go feta go dira tiro e ke e bileditsweng?

7 Ka go reng ke ka eletsa gore ke ka bo ke le moengele, gore ke ka bo ke kgona go bua go dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe?

8 Gonne bonang, Morena o fa go ditšhaba tsotlhe, ba tshaba ya bone le loleme, go ruta lefoko la gagwe, ee, mo tlhalefong, tsotlhe tse a bonang di tshwanetse gore ba nne le tsone; jalo he re bona gore Morena o gakolola mo tlhalefong, go ya ka seo se se tshiamo le tlhamalalo le boammaaruri.

9 Ke itse seo se Morena a se ntaetseng, mme ke galalela mo go sone. Ga ke galalele ka bonna, mme ke galalela mo go seo se Morena a se ntaetseng; ee, mme se ke kgalalelo ya me, gore gongwe ke ka nna sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo, go tlisa motho mongwe mo boikotlhaong; mme se ke boipelo jwa me.

10 Mme bonang, fa ke bona bontsi jwa bakaulengwe ba me ba ikotlhaile ka boammaaruri, ba tla go Morena Modimo wa bone, jaanong foo botho jwa me bo tlala ka boipelo; jaanong foo ke gakologelwa se Morena a se ntiretseng, ee, le gore o utlwile thapelo ya me tota; ee, jaanong foo ke gakologelwa letsogo la gagwe le le kutlwelobotlhoko le a le thapololetseng kwa go nna.

11 Ee, mme gape ke gakologelwa botshwarwa jwa borre; gonne ke itse e le ruri gore Morena o ne a ba golola go tswa mo bokgobeng, mme ka se o ne a tlhoma kereke ya gagwe; ee, Morena Modimo, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o ne a ba golola go tswa mo bokgobeng.

12 Ee, ke sale ke ntse ke gakologelwa botshwarwa jwa borraarona; le Modimo ene yoo o ba golotse mo diatleng tsa Baegepeto yo o ba golotseng go tswa mo bokgobeng.

13 Ee, mme Modimo ene yoo o ne a tlhoma kereke ya gagwe gareng ga bone; ee, mme ene Modimo yoo o mpiditse ka pitso e e boitshepho, go rera lefoko go batho ba, mme a mpha phenyo e ntsi, e mo go yone boipelo jwa me bo tletseng.

14 Mme ga ke ipele mo go kgoneng ga me ke le nosi, mme boipelo jwa me bo tletse thata ka ntlha ya go kgona ga bakaulengwe ba me, ba ba neng ba le kwa lefatsheng la Nifae.

15 Bonang, ba dirile mo go feteletseng, mme ba tlisitse pele maungo a mantsi; mme go tlaa nna gogolo jang katso ya bone!

16 Jaanong, fa ke akanya ka go kgona ga ba bakaulengwe ba me, botho jwa me bo isiwa kgakala, le mo kgaoganong ya jone le mmele tota, jaaka go ne go ntse, jalo go gogolo boipelo jwa me.

17 Mme jaanong a Modimo a neye go ba, bakaulengwe ba me, gore ba ka tla ba nna mo motseng wa bogosi jwa Modimo; ee, ga mmogo le botlhe bao ba e leng leungo la ditiro tsa bone, gore ba se tlhole ba tswela kwa ntle gape, mme gore ba mmake ka metlha. Mme a Modimo a neye gore go ka diragala ka fa mafokong a me, le jaaka ke buile tota. Amene.