Scriptures
Alema 59


Kgaolo 59

Moronae o kopa Phahorane go nonotsha mephato ya ga Hilamene—Baleimene ba tsaya motse wa Nifaeha—Moronae o šhakgaletse puso. E ka nna dingwaga di le 62 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a mararo wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae, morago ga Moronae a sena go amogela mme a badile lokwalo lwa ga Hilamene, o ne a ipela mo go feteletseng ka ntlha ya boitekanelo, ee, le tswelelo e e feteletseng e Hilamene a neng a nnile le yone, mo go tseyeng mafatshe ao a a neng a latlhegile.

2 Ee, o ne a itsise go batho ba gagwe botlhe, mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong mo karolong eo e a neng a le teng, gore le bone ba tle ba ipele.

3 Mme go ne ga diragala gore o ne gone foo a romela lokwalo kwa go Phahorane, a eletsa gore a dire gore banna ba kgobokanngwe mmogo go nonotsha Hilamene, kgotsa mephato ya ga Hilamene, mo e leng gore o ka kgona ka motlhofo go tlhokomela karolo eo ya lefatshe e a neng a tsweledisitswe mo go gakgamatsang mo go e tseyeng gape.

4 Mme go ne ga diragala fa Moronae a sena go romela lokwalo lo kwa lefatsheng la Sarahemola, o ne a simolola gape go loga leano gore o ka tla a kgona go tsaya masalela a dilo tseo le metse e Baleimene ba neng ba di tsere mo go bone.

5 Mme go ne ga diragala gore fa Moronae a ne jalo a dira dipaakanyo go ya kgatlhanong le Baleimene go lwa, bona, batho ba Nifaeha, ba ba neng ba kgobokantswe mmogo go tswa mo motseng wa Moronae le motse wa Lihae le motse wa Morianthene, ba ne ba tlhaselwa ke Baleimene.

6 Ee, le bao tota ba ba neng ba patelesega go tshaba go tswa kwa lefatsheng la Menthae, le go tswa mo lefatsheng le le mo tikologong, ba ne ba tlile mme ba ikopanya le Baleimene mo karolong e ya lefatshe.

7 Mme jalo ba le bantsi mo go feteletseng, ee, mme ba amogela nonofo ka letsatsi le letsatsi, ka taelo ya ga Emorane ba ne ba tla kgatlhanong le batho ba Nifaeha, mme ba ne ba simolola go ba bolaya ka kganyaolo e kgolo mo go feteletseng.

8 Mme mephato ya bone e ne e le mentsi mo e leng gore batho ba ba setseng ba Nifaeha ba ne ba patelesega go tshaba fa pele ga bone; mme ba ne ba tla le tota mme ba ikopanya le mophato wa ga Moronae.

9 Mme jaanong jaaka Moronae a ne a gopotse gore go tlaa romelwa banna kwa motseng wa Nifaeha, kwa thusong ya batho go tlhokomela motse oo, mme a itse gore go ne go le motlhofo go tlhokomela motse gore o seka wa wela mo diatleng tsa Baleimene go na le go o tsaya mo go bone gape, o ne a gopola gore ba tlaa tlhokomela motse oo ka motlhofo.

10 Jalo he o ne a tshegetsa mephato yotlhe go tlhokomela mafelo ao a a neng a tserwe gape.

11 Mme jaanong, fa Moronae a bona gore motse wa Nifaeha o ne o latlhegile o ne a utlwa botlhoko mo go feteletseng, mme a simolola go belaela, ka ntlha ya boleo jwa batho, gore a ga ba na go wela mo diatleng tsa bakaulengwe ba bone.

12 Jaanong se e ne e le seemo le mo bakapoteni bagolo botlhe ba gagwe. Ba ne ba belaela mme ba gakgamala gape ka ntlha ya boleo jwa batho, mme se ka ntlha ya tswelelo ya Baleimene mo godimo ga bone.

13 Mme go ne ga diragala gore Moronae o ne a šhakgaletse puso, ka ntlha ya go itlhokomolosa ga bone mabapi le kgololesego ya lefatshe la bone.