Scriptures
Alema 18


Kgaolo 18

Kgosi Lemonae o gopola gore Amone ke Mowa o Mogolo—Amone o ruta kgosi ka ga Tlholego, ka ga ditirisanyo tsa Modimo le batho, le ka ga thekololo e e tlang ka Keresete—Lemonae o a dumela mme o wela fa fatshe jaaka e kete o sule. E ka nna dingwaga di le 90 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore kgosi Lemonae a dire gore batlhanka ba gagwe ba eme pele mme ba pake ka ga dilo tsotlhe tse ba di boneng tse di mabapi le kgang e.

2 Mme fa ba sena go paka botlhe ka ga dilo tse ba di bonyeng, mme a ithutile ka ga boikanyego jwa ga Amone mo go babaleleng matsomane a gagwe, le gape ka ga thata ya gagwe e kgolo mo go itaaneng le ba ba neng ba senka go mmolaya, o ne a gakgametse mo go feteletseng, mme a re: Ruri se se feta monna. Bonang, a se ga se Mowa o Mogolo o o tlisang dikotlhao tse dikgolo jaana mo bathong ba, ka ntlha ya dipolao tsa bone?

3 Mme ba ne ba araba kgosi, ba re: Gore a ke Mowa o Mogolo kgotsa monna, ga re itse; mme go le kana re a itse, gore ga a kake a bolawa ke baba ba kgosi; e bile ga ba kake ba phatlalatsa matsomane a kgosi fa a na le rona, ka ntlha ya boitsaanape jwa gagwe le nonofo e kgolo; jalo he, re itse gore ke tsala ya kgosi. Mme jaanong, O kgosi, ga re dumele gore monna o na le thata e kgolo jaana, gonne re itse gore ga a kake a bolawa.

4 Mme jaanong, fa kgosi a utlwa mafoko a, a re go bone: Jaanong ke itse gore ke Mowa o Mogolo mme o tlile mo nakong e go babalela matshelo a lona, gore ke seka ka lo bolaya jaaka ke dirile bakaulengwe ba lona. Jaanong se, ke Mowa o Mogolo o ka o ne borraarona ba buileng.

5 Jaanong se e ne e le ngwao ya ga Lemonae, e a neng a e amogetse go tswa go rraagwe, gore go ne go na le Mowa o Mogolo. Go sa kgathalesege gore ba ne ba dumela mo Moweng o Mogolo, ba ne ba gopola gore sengwe le sengwe se ba se dirang se ne se siame; le fa go ntse jalo, Lemonae o ne a simolola go boifa mo go feteletseng, ka poifo gore kgotsa o dirile molato mo go bolayeng batlhanka ba gagwe;

6 Gonne o ne a bolaile bontsi jwa bone ka ntlha ya gore bakaulengwe ba bone ba ne ba phatlaladitse matsomane a bone kwa lefelong la metsi; mme jalo, ka ntlha ya gore ba ne ba na le matsomane a bone a phatlaladitswe, ba ne ba bolawa.

7 Jaanong e ne e le tlwaelo ya Baleimene ba go ema gaufi le metsi a Sibase, go phatlalatsa matsomane a batho, gore ka se ba ka tla ba kgweeletsa bontsi a a neng e phatlaletse kwa lefatsheng la bone, e le mokgwa wa borukutlhi gareng ga bone.

8 Mme go ne ga diragala gore kgosi Lemonae a botse mo batlhankeng ba gagwe, a re: O kae monna yo yo o nang le thata e kgolo jaana?

9 Mme ba re go ene: Bona, o jesa dipitsi tsa gago. Jaanong kgosi o ne a laetse batlhanka ba gagwe, pele ga nako ya go nosa matsomane a bone, gore ba baakanye dipitsi tsa gagwe le dikara, mme ba mo ise kwa lefatsheng la Nifae; gonne go ne go na le moletlo o mogolo o o neng o tlhomilwe kwa lefatsheng la Nifae, ke rragwe Lemonae, yo o neng a le kgosi godimo ga lefatshe lotlhe.

10 Jaanong fa kgosi Lemonae a utlwa gore Amone o ne a baakanya dipitsi tsa gagwe le dikara tsa gagwe o ne a gakgamala go feta, ka ntlha ya boikanyego jwa ga Amone, a re: Ruri ga go ise go ke go nne le motlhanka ope gareng ga batlhanka botlhe ba me yo o neng a ikanyega jaaka monna yo; gonne le tota o gakologelwa ditaelo tsotlhe tsa me go di diragatsa.

11 Jaanong ruri ke itse gore se ke sone Mowa o Mogolo, mme ke mo eletsa gore a tsene go nna, mme ga ke leke.

12 Mme go ne ga diragala gore fa Amone a sena go baakanyetsa kgosi le batlhanka ba gagwe dipitsi le dikara, a tsamaya a tsena go kgosi, mme a bona gore tebego ya sefatlhogo sa kgosi e ne e fetogile; jalo he o ne a le gaufi le go boa go tswa fa pele ga gagwe.

13 Mme mongwe wa batlhanka ba kgosi a mo raya a re, Rabana, se e leng, fa se tlhalosiwa, kgosi e e thata kgotsa e kgolo, a reelela ka dikgosi tsa bone di tshwanetse go nna thata; mme jalo o mo raya a re: Rabana, kgosi o eletsa gore o nne.

14 Jalo he Amone a ipusetsa go kgosi, mme a re go ene: O rata gore ke go direle eng, O kgosi? Mme kgosi a seka a mo araba sebaka sa oura, go ya ka fa nakong ya bone, gonne o ne a sa itse gore o ka mo raya a reng.

15 Mme go ne ga diragala gore Amone a re go ene gape: O eletsa eng go nna? Mme kgosi a seka a mo araba.

16 Mme go ne ga diragala gore Amone, a ne a tletse Mowa wa Modimo, jalo he o ne a bona dikakanyo tsa kgosi. Mme o ne a mo raya a re: A ke ka ntlha ya gore o utlwile gore ke sireleditse batlhanka ba gago le matsomane a gago, mme ka bolaya ba le supa ba bakaulengwe ba bone ka serakgantshwane le ka tšhaka, mme ka kgaola matsogo a ba bangwe, se ke se direla go sireletsa matsomane a gago le batlhanka ba gago; bona, a ke sone se se dirang dikgakgamalo tsa gago?

17 Ka re go wena, ke eng, se se dirang gore dikgakgamalo tsa gago di nne dikgolo jaana? Bona, ke monna, e bile ke motlhanka wa gago; jalo he, sengwe le senwge se o se eletsang se se siameng, seo ke tlaa se dira.

18 Jaanong fa kgosi a sena go utlwa mafoko a, a gakgamala gape, gonne o ne a bona gore Amone o kgona go lemoga dikakanyo tsa gagwe; mme go sa kgathalesege se, kgosi Lemonae o ne a bula molomo wa gago, mme a mo raya a re: O mang? A o Mowa o Mogolo o o itseng dilo tsotlhe?

19 Mme Amone a araba mme a re go ene: Ga ke one.

20 Mme kgosi o ne a re: O itse jang dikakanyo tsa pelo ya me? O ka bua ka tshosologo, mme wa mpolelela mabapi le dilo tse; mme gape o mpolelele gore ke ka thata efe e o bolaileng wa ba kgaola matsogo a bakaulengwe ba me ba ba neng ba phatlalatsa matsomane a me—

21 Mme jaanong, fa o ka mpolelela mabapi le dilo tse, sengwe le sengwe se o se eletsang ke tlaa se naya go wena. Mme fa go ne go tlhokafala, ke ne ke tlaa go disa ka mephato ya me; mme ke itse gore o nonofile go feta bone botlhe; le fa go ntse jalo, sengwe le sengwe se o se eletsang mo go nna ke tlaa se go naya.

22 Jaanong Amone a tlhalefile, mme a sena tshenyo, o ne a re go Lemonae: A o tlaa obamela mafoko a me, fa ke go bolelela gore ke ka thata efe e ke dirang dilo tse? Mme se ke sone selo se ke se eletsang mo go wena.

23 Mme kgosi a mo araba, mme a re: Ee, ke tlaa dumela mafoko a gago otlhe. Mme jalo o ne a tshwerwe mo kokisong.

24 Mme Amone a simolola go bua le ene ka tshosologo, mme a mo raya a re: A o dumela gore go na le Modimo?

25 Mme o ne a araba, mme a mo raya a re: Ga ke itse gore seo se raya eng.

26 Mme jaanong foo Amone o ne a re: A o dumela gore go na le Mowa o Mogolo?

27 Mme o ne a re, Ee.

28 Mme Amone a re: Se ke Modimo. Mme Amone a re gape go ene a o dumela gore Mowa o Mogolo o e leng Modimo o tlhodile dilo tsotlhe tse di mo legodimong le mo lefatsheng?

29 Mme o ne a re: Ee, ke dumela gore o tlhodile dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng; mme ga ke itse magodimo.

30 Mme Amone a mo raya a re: magodimo ke lefelo kwa Modimo a nnang teng le baengele botlhe ba gagwe ba ba boitshepho.

31 Mme kgosi Lemonae a re: A go ko godimo ga lefatshe?

32 Mme Amone a re: Ee, mme o lebeletse kwa tlase mo baneng botlhe ba batho; mme o itse dikakanyo tsotlhe le maikaelelo a pelo; gonne ka seatla sa gagwe tsotlhe di ne di tlhodilwe go tswa kwa tshimologong.

33 Mme kgosi Lemonae a re: ke dumela dilo tse tsotlhe tse o di buileng. A o rometswe go tswa go Modimo?

34 Amone a mo raya a re: Ke motho; mme motho kwa tshimologong o ne a tlholwa mo setshwanong sa Modimo, mme ke biditswe ke Mowa wa gagwe o o Boitshepho go ruta dilo tse go batho ba, gore ba tle ba tlisiwe mo kitsong ya seo se se tshiamo le tlhamalalo le boammaaruri;

35 Mme karolo ya Mowa o o e nna mo go nna, e e mphang kitso, ga mmogo le thata go ya ka fa tumelong ya me le dikeletso tsa me tse di leng mo Modimong.

36 Jaanong fa Amone a sena go bua mafoko a, a simolola kwa tlholegong ya lefatshe, ga mmogo le tlholego ya ga Atame, mme a mmolelela dilo tsotlhe mabapi le go wa ga motho, mme a mo tlhalosetsa le go baya fa pele ga gagwe dipego tse di kwadilweng le mafoko a Modimo a a boitshepho a a kwadilweng a batho, a a neng a builwe ke baporofiti, le go ya tlase kwa nakong ya rraabone Lihae a tlogela Jerusalema.

37 Mme gape o ne a latedisetsa go bone (gonne e ne e le go kgosi le go batlhanka ba gagwe) maeto otlhe a borraabo mo nageng, le ditshotlego tsotlhe ka tlala le lenyora, le tlalelo ya bone, le jalo jalo.

38 Mme o ne gape a ba bolelela bone mabapi le boingaolo jwa ga Leimene le Lemuele, le barwa Išemaele, ee, boingaolo jotlhe jwa bone o ne a bo bolela go bone; mme o ne a phuthulola go bone dipego tse di kwadilweng tsotlhe le lefoko la Modimo le le kwadilweng go tswa ka nako ya ga Lihae a tswa kwa Jerusalema go ya tlase kwa nakong ya gompieno.

39 Mme se ga se gotlhe; gonne o ne a phuthulolela go bone thulaganyo ya thekololo, e e neng e baakantswe go tswa kwa motheong wa lefatshe; mme o ne gape a dira gore go itsege ka ga go tla ga ga Keresete, mme ditiro tsotlhe tsa Morena o ne a batla gore di itsege go bone.

40 Mme go ne ga diragala gore fa a sena go bua dilo tse tsotlhe, mme a di phuthulolela go kgosi, gore kgosi o ne a dumela mafoko a gagwe otlhe.

41 Mme o ne a simolola go goela go Morena, a re: O Morena, nna le kutlwelobotlhoko; go ya ka fa mautlwelobotlhokong a gago a mantsintsi a o nnileng le one mo bathong ba ga Nifae, nna le one mo go nna, le batho ba me.

42 Mme jaanong, fa a sena go bua se, a wela fa fatshe, jaaka e kete o sule.

43 Mme go ne ga diragala gore batlhanka ba gagwe ba mo tsaya mme ba mo kukele mo teng kwa go mosadi wa gagwe, mme ba mo rapamisa mo bolaong; mme a rapalala jaaka e kete o sule sebaka sa malatsi a le mabedi le masigo a le mabedi; mme mosadi wa gagwe, le barwawe, le barwadie ba mo lelela, morago ga mokgwa wa Baleimene, ba hutsafaletse mo gogolo tatlhego ya gagwe.