Scriptures
Alema 23


Kgaolo 23

Go itsisiwe ka kgololesego ya tumelo—Baleimene mo mafatsheng a supa le metse ba a sokololwa—Ba ipitsa Baenthae-Nifae-Lihae mme ba gololwa go tswa mo khutsong—Baamalekhae le Baemiulone ba gana boammaaruri. E ka nna dingwaga di le 90 go ya go dile 77 pele ga ga Keresete.

1 Bonang, jaanong go ne ga diragala gore kgosi ya Baleimene a romele kitsiso gareng ga batho botlhe ba gagwe, gore ba seka ba baya diatla tsa bone mo go Amone, kgotsa Arone, kgotsa Omona, kgotsa Himonae, le fa e le mongwe wa bakaulengwe ba bone yo o tlaa tsamayang pele a rera lefoko la Modimo, mo lefelong lengwe le lengwe le ba tla bong ba le mo go lone, mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe la bone.

2 Ee, a romela kitsiso se mmuso gareng ga bone, gore ba seka ba baya diatla tsa bone mo go bone go ba golega, kgotsa go ba latlhela mo kgolegelong; le e seng gore ba ba kgwele mathe, kgotsa go ba itaya, kgotsa go ba kobela kwa ntle ga disenagoge tsa bone, le fa e le go ba kgwathisa; le e seng gore ba ba kolope ka matlapa, mme gore ba nne le kgololesego go tsena mo matlong a bone, ga mmogo le ditempele tsa bone, le mafelo a a boitshepho a bone.

3 Mme jalo ba tle ba tsamaye pele le go rera lefoko go ya ka fa dikeletsong tsa bone, gonne kgosi o ne a sokololetswe go Morena, le botlhe ba ntlo ya gagwe; jalo he a romela kitsiso ya gagwe go ya le lefatshe lotlhe go batho ba gagwe, gore lefoko la Modimo le seka la nna le sekgoreletsi, mme gore le ka ya pele go ya le lefatshe lotlhe, gore batho ba gagwe ba tle ba lemotshiwe mabapi le dingwao tse di boleo tsa borraabo, le gore ba tle ba lemotshiwe gore botlhe e ne e le bakaulengwe, le gore ga ba a tshwanela go bolaya, le fa e le go thukutha, le fa e le go utswa, le fa e le go dira boaka, le fa e le go dira mokgwa ope wa boleo.

4 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa kgosi a sena go romela kitsiso e, gore Arone le bakaulengwe ba gagwe ba ye pele go tswa motseng go ya motseng, le go tswa ntlong nngwe ya kobamelo go ya go e nngwe, ba tlhoma dikereke, mme ba itshephisa baperesiti le baruti go ya le lefatshe gareng ga Baleimene, go rera le go ruta lefoko la Modimo gareng ga bone; mme jalo ba ne ba simolola go nna le go kgona mo go golo.

5 Mme dikete di ne tsa tlisiwa mo kitsong ya Morena, ee, dikete di ne tsa tlisiwa go dumela mo dingwaong tsa Banifae; mme ba ne ba rutwa dipego tse di kwadilweng le diporofito tse di neng tsa neelanwa go ya tlase le go ya mo nakong ya gompieno.

6 Mme go le ruri fela jaaka Morena a tshela, ruri jalo jaaka bontsi jo bo neng bo dumela, kgotsa fela jaaka bontsi jotlhe jo bo neng jwa tlisiwa mo kitsong ya boammaaruri, ka go rera ga ga Amone le bakaulengwe ba gagwe, go ya ka fa moweng wa tshenolo le wa seporofiti, le thata ya Modimo e dira dikgakgamatso mo go bone—ee, ka re go lona, jaaka Morena a tshela, bontsi jotlhe jwa Baleimene jo bo neng bo dumela mo therong ya bone, mme ba sokololetswe go Morena, ga ba ise ba tlhole ba wa.

7 Gonne ba ne ba nna batho ba ba tshiamo; ba ne ba baya fa fatshe dibetsa tsa boingaolo jwa bone, gore ba seka ba tlhola ba lwa kgatlhanong le Modimo gape, le fa e le kgatlhanong le bape ba bakaulengwe ba bone.

8 Jaanong, ba ke bone ba ba neng ba sokololetswe go Morena:

9 Batho ba Baleimene ba ba neng ba le mo lefatsheng la Išmaele;

10 Ga mmogo le batho ba Baleimene ba ba neng ba le mo lefatsheng la Miditonae;

11 Ga mmogo le batho ba Baleimene ba ba neng ba le mo motseng wa Nifae;

12 Ga mmogo le batho ba Baleimene ba ba neng ba le mo lefatsheng la Shaelamo, le ba ba neng ba le mo lefatsheng la Shemolone le mo motseng wa Lemuele, le mo motseng wa Shimonaelamo.

13 Mme a ke maina a metse ya Baleimene ba ba neng ba sokololetswe go Morena; Mme ba ke bone ba ba neng ba baya fatshe dibetsa tsa bone tsa boingaolo, ee, dibetsa tsotlhe tsa bone tsa ntwa; mme e ne e le Baleimene botlhe.

14 Mme Baamalekhae ba ne ba sa sokololwa, fa e se a le mongwe; le fa e le mongwe wa Baemiulone; mme ba ne ba thatafatsa dipelo tsa bone, ga mmogo le dipelo tsa Baleimene mo karolong eo ya lefatshe gongwe le gongwe kwa ba neng ba nna teng, ee, le magae otlhe a bone le metse yotlhe ya bone.

15 Jalo he, re biditse maina a metse yotlhe ya Baleimene e mo go yone ba neng ba ikotlhaya mme ba tla mo kitsong ya boammaaruri, mme ba sokololwa.

16 Mme jaanong go ne ga diragala gore kgosi le bao ba ba neng ba sokolotswe ba ne ba eletsa gore ba ka nna le leina, gore ka se ba ka tla ba farologanngwa le bakaulengwe ba bone; jalo he kgosi ya rerisanya le Arone le bontsi jwa baperesiti ba bone, mabapi le leina le ba tlaa le tsayang mo go bone, gore ba tle ba farologanngwe.

17 Mme go ne ga diragala gore ba bitse maina a bone Baenthae-Nifae-Lihae; mme ba ne ba bidiwa ka leina le, mme ba seka ba tlhola ba bidiwa Baleimene.

18 Mme ba ne ba simolola gonna batho ba ba dirang ka botlhaga thata; ee, mme ba ne ba tsalana le Banifae; jalo he, ba ne ba bula ditirisanyo le bone, mme khutso ya Modimo ya seka ya tlhola e ba sala morago.