Scriptures
Alema 28


Kgaolo 28

Baleimene ba a fenngwa mo ntweng e kgolo—Masome a dikete a a bolawa—Baleofi ba tsenngwa mo seemong sa khutsafalo e e sa feleng; basiami ba bona boitumelo jo bo sa feleng. E ka nna dingwaga di le 77 go ya go di le 76 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore fa batho ba ga Amone ba sena go thibelela mo lefatsheng la Jeshone, kereke le yone e tlhomilwe mo lefatsheng la Jeshone, mme mephato ya Banifae e beilwe go dikologa lefatshe la Jeshone, ee, mo melelwaneng yotlhe mo tikologong ya lefatshe la Sarahemola; bonang mephato ya Baleimene e ne e tlile e setse bakaulengwe ba bone morago go tsena mo nageng.

2 Mme jalo ga nna le ntwa e kgolo; ee, le tota nngwe e e jalo jaaka e e iseng e ke e itsiwe gareng ga batho botlhe ba lefatshe go tswa nako ya Lihae a tlogela Jerusalema; ee, mme masome a dikete a Baleimene a ne a bolawa le go phatlalaletswa kwa ntle.

3 Ee, mme gape go ne ga nna le polao e kgolo gareng ga batho ba Nifae; le fa go ntse jalo, Baleimene ba ne ba gatelelwa le go phatlaladiwa, mme batho ba Nifae ba boela gape kwa lefatsheng la bone.

4 Mme jaanong e e ne e le nako ya selelo se segolo le khutsafalo di utlwiwa go ya le lefatshe lotlhe, gareng ga batho botlhe ba Nifae—

5 Ee, selelo sa batlholagadi ba lelela banna ba bone, le gape sa borre ba lelela barwa ba bone, le morwadi a lelela morwarraagwe, ee, morwa a lelela rraagwe; mme jalo selelo sa khutsafalo se ne sa utlwala gareng ga bone botlhe, ba lelela letso la bone le le neng le bolailwe.

6 Mme jaanong ruri le e ne e le letsatsi la kutlobotlhoko; ee, nako ya tshisibalo, le nako ya go ikitsa dijo mo gogolo le thapelo.

7 Mme jalo go felela ngwaga wa bolesome le botlhano wa puso ya baatlhodi mo bathong ba Nifae;

8 Mme se ke pego ka ga Amone le bakaulengwe ba gagwe, maeto a bone mo lefatsheng la Nifae, ditshotlego tsa bone mo lefatsheng, dikutlobotlhoko tsa bone, le dipogisego tsa bone, le boitumelo jwa bone jo bo sa tlhaloganyesegeng, le kamogelo le polokesego ya bakaulengwe mo lefatsheng la Jeshone. Mme jaanong a Morena, Morekolodi wa batho botlhe, a segofatse botho jwa bone.

9 Mme e ke pego ka ga dintwa le dikomano gareng ga Banifae, ga mmogo le dintwa gareng ga Banifae le Baleimene; mme ngwaga wa bolesome le botlhano wa puso ya baatlhodi o fedile.

10 Mme go tswa kwa ngwageng wa ntlha go ya go wa bolesome le botlhano go diragaditse tshenyo ya matshelo a le dikete tse dintsi, ee, go dirile gore go diragale pono e e boitshegang ya tshololo ya madi.

11 Mme mebele ya dikete di le dintsi e robaditswe tlase mo lefatsheng, fa mebele ya dikete di le di ntsi e bola mo go tlhatlaganeng mo godimo ga sefatlhogo sa lefatshe, ee, mme dikete di le dintsi di a lela ka ntlha ya tatlhegelo ya lotso lwa bone, ka ntlha ya gore ba na le lebaka la go boifa, go ya ka fa ditsholofetsong tsa Morena, gore ba tsentswe mo seemong sa khutsafalo e e sa feleng.

12 Fa dikete di le dintsi tsa ba bangwe ba lelela tatlhegelo ya lotso lwa bone ka boammaaruri, le go le jalo ba ipela le go ja koma mo tsholofelong, mme e bile ba a itse, go ya ka fa ditsholofetsong tsa Morena, gore ba tsholeditswe go nna ka fa seatleng sa moja sa Modimo, mo seemong sa boitumelo jo bo sa feleng.

13 Mme jalo re bona gore go tlhoka tekatekano ga batho go gogolo jang ka ntlha ya sebe le tlolo molao, le thata ya ga diabole, e e tlang ka maano a boferefere a a a dirileng a go thaisa dipelo tsa batho.

14 Mme jalo re bona pitso e kgolo ya tlhoafalo ya batho go dira mo masimong a mofine a Morena; mme jalo re bona lebaka le legolo la kutlobotlhoko, mme gape le la go ipela— kutlobotlhoko ka ntlha ya loso le tshenyo gareng ga batho, le boipelo ka ntlha ya lesedi la ga Keresete go botshelo.