Scriptures
Alema 30


Kgaolo 30

Khoriho, moganetsi wa ga Keresete, o ikgatlha ka Keresete, Tetlanyo , le mowa wa seporofiti—O ruta gore ga gona Modimo, ga go na go wa ga motho, ga go na kotlhao ya sebe, le gore ga gona Keresete—Alema o paka gore Keresete o tlaa tla le gore dilo tsotlhe di kaya gore go na le Modimo—Khoriho o batla sesupo mme o rathwa go nna semumu—Diabole o ne a bonetse go Khoriho e le moengele mme a mo ruta gore a bue eng—Khoriho o a gatakwa mme o a swa. E ka nna dingwaga di le 76 go ya go di le 74 pele ga ga Keresete.

1 Bonang, jaanong go ne ga diragala gore morago ga batho ba ga Amone ba sena go thibelela mo lefatsheng la Jeshone, ee, le gape morago ga Baleimene ba sena go kgweelediwa kwa ntle ga lefatshe, le baswi ba bone ba fitlhiwa ke batho ba lefatshe—

2 Jaanong baswi ba bone ba ne ba sa balwa ka ntlha ya bogolo jwa dipalo tsa bone; le fa e le baswi ba Banifae ba ne ba sa balwa—mme go ne ga diragala gore morago ga ba sena go fitlha baswi ba bone, gape le morago ga malatsi a ikitso dijo, le selelo, le thapelo, (mme e ne e le mo ngwageng wa lesome le borataro wa puso ya baatlhodi mo bathong ba Nifae) go ne ga simologa go nna le kagiso e e tsweletseng go ya le lefatshe lotlhe.

3 Ee, mme batho ba ne ba tlhokomela go tshegetsa ditaelo tsa Morena; mme ba ne ba gagametse thata mo go tlhokomeleng ditlhomo tsa Modimo, go ya ka fa molaong wa ga Moše; gonne ba ne ba rutilwe go tshegetsa molao wa ga Moše go fitlhelela o diragadiwa.

4 Mme jalo batho ba ne ba sena dikhuduego mo ngwageng otlhe wa lesome le borataro wa puso ya baatlhodi mo bathong ba Nifae.

5 Mme go ne ga diragala gore mo tshimologong ya ngwaga wa lesome le bosupa wa puso ya baatlhodi, go ne gona le kagiso e e tsweletseng.

6 Mme go ne ga diragala gore mo ntlheng ya bofelo ya ngwaga wa lesome le bosupa, go ne ga tla monna mo lefatsheng la Sarahemola, mme o ne a le moganetsi wa ga keresete, gonne o ne a simolola go rerela batho kgatlhanong le diporofito tse di neng di builwe ke baporofiti, mabapi le go tla ga ga Keresete.

7 Jaanong go ne go sena molao kgatlhanong le tumelo ya motho; gonne go ne go le kgatlhanong ka kgagamalo le ditaelo tsa Modimo gore go nne le molao o o tlaa tlisang batho mo go sa lekalekaneng.

8 Gonne go bua jaana lefoko la Modimo le le kwadilweng: Itlhophele wena tsatsing jeno, yoo tlaa mo direlang.

9 Jaanong fa motho a ne a eletsa go direla Modimo, e ne e le tshiamelo ya gagwe; kgotsa ka mafoko a mangwe, fa a dumela mo Modimong e ne e le tshiamelo ya gagwe go mo direla; mme fa a ne a sa dumele mo go ene go ne go sena molao ope go mo otlhaya.

10 Mme fa a bolaile motho o ne a otlhaiwa go loso; mme fa a ne a thukhuthile le gone o ne a otlhaiwa; mme fa a ne a utswile le gone o ne a otlhaiwa; fa a ne a dirile boaka le gone o ne a otlhaiwa; ee, ka ntlha ya boleo jo jotlhe ba ne ba bo otlhaelwa.

11 Gonne go ne go na le molao gore batho ba atlholwe go ya ka fa melatong ya bone. Le fa go ntse jalo, go ne go sena molao kgatlhanong le tumelo ya motho; jalo he, motho o ne a otlhaelwa fela melato e a e dirileng; jalo he batho botlhe ba ne ba le mo seemong se se lekanang.

12 Mme moganetsi wa ga Keresete yo, yo leina la gagwe e neng e le Khoriho, (mme molao o ne o sena jaaka o ka mo tshwara) a simolola go rera go batho gore ga gona go nna le Keresete. Mme ka mokgwa o o ne a rera, a re:

13 O lona ba lo golegeletsweng fatshe ka fa tlase ga tsholofelo ya boeleele le lefela, ke eng lo ipegile jokwe ka dilo tse di boeleele jaana? Ke eng lo senka Keresete? Gonne ga gona motho ope yo o ka itseng ka ga selo sepe se se tlaa tlang.

14 Bonang, dilo tse lo di bitsang diporofito, tse lo reng di fetisediwa tlase ke baporofiti ba ba boitshepho, bonang, ke dingwao tsa boeleele tsa borraalona.

15 Lo itse jang bonnete jwa tsone? bonang, ga lo kake lwa itse ka ga dilo tse lo sa di boneng; jalo he ga lo kake lwa itse gore go tlaa nna le Keresete.

16 Lo lebela pele lo bo lore lo bona phimolo ya dibe tsa lona. Mme bonang, ke tiragalo ya mogopolo wa botsenwa; mme tlhakatlhakano e ya megopolo ya lona e tlile ka ntlha ya dingwao tsa borraalona, tse di lo isetseng go sele mo tumelong ya dilo tse di seng jalo.

17 Le dilo di le dintsi go feta tse di ntseng jalo a di bua le bone, a ba bolelela gore ga go kake ga nna tetlanyo e e tlaa direlwang dibe tsa batho, mme motho mongwe le mongwe o dira mo botshelong jo go ya ka fa taolong ya sebopiwa; jalo he motho mongwe le mongwe o tswelela go ya ka fa botlhaleng jwa gagwe, le gore motho mongwe le mongwe o fenya go ya ka fa nonofong ya gagwe; mme eng le eng se motho a se dirang e ne e se molato.

18 Mme jalo o ne a ba rerela, a isa go sele dipelo tsa ba le bantsi, a ba dira gore ba tsholetse ditlhogo tsa bone mo boleong jwa bone, ee, a isa go sele basadi ba le bantsi, ga mmogo le banna, go dira boaka—a ba bolelela gore fa motho a sule, seo e ne e le bofelo jwa gagwe.

19 Jaanong monna yo a ya le kwa lefatsheng la Jeshone, go rera dilo tse gareng ga batho ba ga Amone, ba e kileng ya bo e le batho ba Baleimene.

20 Mme bonang ba ne ba tlhalefile go gaisa bontsi jwa Banifae; gonne ba ne ba mo tsaya, ba mo golega, mme ba mo kukela fa pele ga ga Amone, yo o neng a le moperesiti yo mogolo godimo ga batho bao.

21 Mme go ne ga diragala gore a dire gore a tle a ntshiwe mo lefatsheng. Mme a tla mo lefatsheng la Giteone, mme a simolola go ba rerela le bone; mme fa o ne a seka a nna le go kgona mo gontsi gonne o ne a tsewa mme a bofiwa a isiwa fa pele ga moperesiti mogolo, ga mmogo le moatlhodi mogolo godimo ga lefatshe.

22 Mme go ne ga diragala gore moperesiti mogolo a mo reye a re: Ke eng o tsamaya mo o sokamisa ditsela tsa Morena? Ke eng o ruta batho ba gore ga gona go nna le Keresete, go kgoreletsa maipelo a bone? Ke eng o bua kgatlhanong le diporofito tsotlhe tsa baporofiti ba ba boitshepho?

23 Jaanong leina la moperesiti mogolo e ne e le Kiditona. Mme Khoriho a mo raya a re: Ka gonne ga ke rute ditso tsa boeleele tsa borraalona, le ka gonne ga ke rute batho ba gore ba ikgolege ka fa tlase ga ditlhomo tsa boeleele le ditiragatso tse di beilweng ke baperesiti ba bogologolo, go ikgagapelela thata le taolo mo godimo ga bone, go ba baya mo seemong sa bosena kitso, gore ba tle ba seka ba tsholetsa ditlhogo tsa bone, mme ba tlisiwa tlase go ya ka mafoko a gago.

24 Lwa re batho ba ke batho ba ba gololesegileng. Bonang, ka re ba mo bokgobeng. Lwa re diporofito tsele tsa bogologolo di boammaaruri. Bonang, ka re ga lo itse gore di boammaaruri.

25 Lwa re batho ba ke ba ba molato e bile ba ba oleng, ka ntlha ya tlolo molao ya motsadi. Bonang, ke lo raya kere ngwana ga a molato ka ntlha ya batsadi ba gagwe.

26 Mme gape lwa re Keresete o tlaa tla. Mme bonang ka re go lona ga lo itse gore a go tlaa nna le Keresete. Lwa re gape gore o tlaa bolaelwa dibe tsa lefatshe—

27 Mme jalo lo isitse go sele batho ba ka go sala morago dingwao tsa boeleele tsa borraalona, le go ya ka fa dikeletsong tsa lona; mme lo ba baya kwa tlase, le jaaka e kete mo bokgobeng, gore lo tle lo ikgagapelela ditiro tsa diatla tsa bone, gore ba se leke go lebelela ka tshosologo, le gore ba se leke go ipela ka ditshwanelo le ditshiamelo tsa bone.

28 Ee, ga ba kake ba leka go dirisa seo se e leng sa bone e sere kgotsa ba kgopisa baperesiti, ba ba ba golegang ka jokwe go ya ka fa dikeletsong tsa bone, mme ba ba tlisitse go dumela, ka dingwao tsa bone le ditiro tsa bone le go megopolonyana ya bone le dipono tsa bone le masaitseweng a bone a maithamako, gore ba tlaa, fa ba ka seka ba dira ka fa mafokong a bone, ba kgopisa setshedi sengwe se se sa itseweng, se ba reng ke Modimo—setshedi se se iseng se bonwe kgotsa go itsiwe, yo o iseng a nne mme e bile a se kitla a nna.

29 Jaanong fa moperesiti mogolo le moatlhodi mogolo ba bona bothata jwa pelo ya gagwe, ee, fa ba bona gore o tlaa kgoba le kgatlhanong le Modimo tota ba ne ba seka ba dira phetolo epe ya mafoko a gagwe; mme ba ne ba dira gore a golegwe; mme ba ne ba mo neela mo diatleng tsa badiredi, mme ba mo romela kwa lefatsheng la Sarahemola, gore o ka tla a tlisiwa fa pele ga ga Alema, le moatlhodi mogolo yo o neng a le mmusi mo lefatsheng lotlhe.

30 Mme go ne ga diragala gore fa a ne a tlisitswe fa pele ga ga Alema le moatlhodi mogolo, o ne a tswelela ka mokgwa o o tshwanang jaaka a ne a dira mo lefatsheng la Giteone; ee, o ne a tswelela go tlhapatsa Modimo.

31 Mme o ne a ema ka mafoko a magolo fa pele ga ga Alema, mme a kgoba kgatlhanong le baperesiti le baruti, a ba bona molato wa go isa batho go sele ka go sala morago dingwao tsa borraabo tsa boeleele, ka maikaelelo a go ikgagapelela ditiro tsa batho.

32 Jaanong Alema a mo raya a re: O itse gore ga re ikgagapelele ditiro tsa batho ba; gonne bona ke dirile le go tswa kwa tshimologong ya puso ya baatlhodi go fitlhelela gompieno, ka diatla tsa me go itshetsa, go sa kgathalesege maeto a me a mantsi mo tikologong ya lefatshe go bega lefoko la Modimo go batho ba me.

33 Le go sa kgathalesege ditiro tse dintsi tse ke di dirileng mo kerekeng, ga ke ise ke amogele le fa e le se se kana ka senaene e le nngwe fela e le tuelo ya tiro ya me; le fa e le ope wa bakaulengwe ba me, fa e se fela mo setilong sa katlholo; mme jaanong foo re amogeletse fela go ya ka fa molaong nako ya rona.

34 Mme jaanong, fa re sa amogelele sepe ditiro tsa rona mo kerekeng, re boelwa ke eng go dira mo kerekeng fa e se go bega boammaaruri, gore re tle re nne le maipelo mo boipelong jwa bakaulengwe ba rona?

35 Jaanong foo ke eng o re re rerela batho ba go bona poelo, fa wena, ka bowena, o itse gore ga re amogele poelo epe? Mme jaanong, a o dumela gore re tsietsa batho ba, se se dirang boipelo jo bo jaana mo dipelong tsa bone?

36 Mme Khoriho a mo araba, Ee.

37 Mme jaanong foo Alema a mo raya a re: A o dumela gore go na le Modimo?

38 Mme a mo araba, Nnyaa.

39 Jaanong Alema a mo raya a re: A o tla ganetsa gape gore go na le Modimo, mme wa latola gape Keresete? Gonne bona, ke go raya ke re, ke itse gore go na le Modimo, le gape gore Keresete o tlaa tla.

40 Mme jaanong o na le bosupi bofe gore ga gona Modimo, kgotsa gore Keresete ga a tle? Ke go raya ke re ga o na bope, fa e se lefoko la gago fela.

41 Mme, bona, ke na le dilo tsotlhe tse e le bopaki gore dilo tse ke boammaaruri; mme le wena o na le dilo tsotlhe tse e le bopaki mo go wena gore di boammaaruri; mme a o tlaa di ganetsa? A o dumela gore dilo tse di boammaaruri?

42 Bona, ke itse gore o a dumela, mme o tsenwe ke mowa o o akang, mme o ntshitse Mowa wa Modimo gore o seka wa nna le lefelo mo go wena; mme diabole o na le thata godimo ga gago, mme o go tsaya gongwe le gongwe, a dira maano gore a tle a senye bana ba Modimo.

43 Mme jaanong Khoriho a re go Alema: Fa o rata mpontsha sesupo, gore ke tle ke dumele gore go na le Modimo, ee, mpontsha gore o na le thata, mme jaanong foo ke tlaa dumela boammaaruri jwa mafoko a gago.

44 Mme Alema a mo raya a re: O nnile le ditshupo tse di lekaneng; a o tlaa raela Modimo wa gago? A o tlaa re, Mpontsha sesupo, o ntse o na le bopaki jwa botlhe ba bakaulengwe ba gago, ga mmogo le baporofiti ba ba boitshepho botlhe? Lefoko la Modimo le le kwadilweng le beilwe fa pele ga gago, ee, le dilo tsotlhe di kaya gore go na le Modimo; ee, le lefatshe tota, le dilo tsotlhe tse di mo sefatlhogong sa lone, ee, go tsamaya ga lone, ee, ga mmogo le dipolanete tse di tsamayang mo tsamaong ya tsone ya gale di supa gore go na le Mmopi yo Mogolo.

45 Mme o ntse o tsamaya mo, o isa go sele dipelo tsa batho ba, o ba pakela gore ga gona Modimo? Mme a o santse o tlaa ganetsa kgatlhanong le basupi ba botlhe? Mme a re: Ee, ke tlaa ganetsa, fa e se o ka mpontsha sesupo.

46 Mme jaanong go ne ga diragala gore Alema a mo reye a re: Bona, ke utlwile botlhoko ka ntlha ya bothata jwa pelo ya gago, ee, le gore o santse o tlaa lwantsha Mowa wa boammaaruri, gore botho jwa gago bo tle bo senyege.

47 Mme bona, go botoka gore botho jwa gago bo latlhege gona le gore o nne tsela ya go tlisa batho ba bantsi mo tshenyegong, ka go aka ga gago le mafoko a gago a phoro; jalo he fa o ka latola gape, bona Modimo o tlaa go itaya, gore o tle o nne semumu, gore o seka wa tlhola o bula molomo wa gago gape, gore o tle o seka wa tlhola o tsietsa batho gape.

48 Jaanong Khoriho a mo raya a re: Ga ke ganetse go nna teng ga Modimo, mme ga ke dumele gore go na le Modimo; mme gape ka re, ga o itse gore go na le Modimo; mme fa e se o ka mpontsha sesupo, ga ke kake ka dumela.

49 Jaanong Alema a mo raya a re: Se ke tlaa se go fa e le sesupo, gore o tlaa rathwa go nna semumu, go ya ka fa mafokong a me; mme ka re, mo leineng la Modimo, o tlaa rathwa go nna semumu, gore o se ka wa tlhola o nna le go bua.

50 Jaanong fa Alema a sena go bua mafoko a, Khoriho o ne a rathwa go nna semumu, gore a seka a tlhola a nna le go bua, go ya ka fa mafokong a ga Alema.

51 Mme jaanong fa moatlhodi mogolo a bona se, a ntsha seatla sa gagwe mme a kwalela Khoriho, a re: A o dumela ka ga thata ya Modimo? Ke mo go mang o neng o eletsa gore Alema a supe sesupo sa gagwe? A o batla gore a bogise ba bangwe, go go bontsha sesupo? Bona, o go bontshitse sesupo; mme jaanong a o tlaa ganetsa gape?

52 Mme Khoriho a ntsha seatla sa gagwe mme a kwala, a re: Ke itse gore ke semumu, gonne ga ke bue; mme ke itse gore ga se sepe fa e se thata ya Modimo se ka tlisa se mo go nna; ee, mme ke ntse ke itse nako yotlhe gore go na le Modimo.

53 Mme bona, diabole o ntsieditse; gonne o bonetse go nna mo popegong ya moengele, mme a nthaya a re: Tsamaya o ye go busa batho ba, gonne botlhe ba timetse fa morago ga Modimo o o sa itseweng. Mme a nthaya a re: Ga gona Modimo; ee, mme a nthuta seo se ke tshwanentseng go se bua. Mme ke rutile mafoko a gagwe; mme ke a rutile ka ntlha ya gore a ne a itumedisa go mogopolo wa selefatshe; mme ke a rutile, le go fitlhelela ke nna le tswelelopele e kgolo tota, mo e leng gore ke ne ke dumela ruri gore ke boammaaruri; mme ka ntlha e ke emelelane le boammaaruri, le go fitlhelela ke tlisitse khutso e kgolo e mo go nna.

54 Jaanong fa a sena go bua se, a kopa gore Alema a rapele Modimo, gore khutso e tle e ntshiwe mo go ene.

55 Mme Alema a mo raya a re: Fa khutso e e ka ntshiwa mo go wena o ka isa go sele gape dipelo tsa batho ba; jalo he, go tlaa nna go wena le jaaka Morena a rata.

56 Mme go ne ga diragala gore khutso ya seka ya ntshiwa go tswa mo go Khoriho; mme o ne a kobiwa, mme a tsamaya ntlo le ntlo a ikopela dijo.

57 Jaanong kitso ya se se diragaletseng Khoriho e ne ya anamisiwa gone foo go ya le lefatshe lotlhe; ee, kitsiso semmuso e ne ya romelwa ke moatlhodi mogolo go batho botlhe mo lefatsheng, a bega go bao ba ba neng ba dumetse mo mafokong a ga Khoriho gore ba ikotlhaye ka bonako, e seng jalo dikatlholo tse ditshwanang di tlaa tla mo go bone.

58 Mme go ne ga diragala gore botlhe ba dumele ka ga boleo jwa ga Khoriho; jalo he botlhe ba ne ba sokologela gape go Morena; mme se sa baya bokhutlo mo boikeping ka fa mokgweng wa ga Khoriho. Mme Khoriho o ne a tsamaya ntlo le ntlo a ikopela dijo.

59 Mme go ne ga diragala gore fa a ne a tsamaya gareng ga batho, ee, gareng ga batho ba ba neng ba ikgaogantse go tswa mo Banifaeng mme ba ipitsa Basoramo, ba eteletswe pele ke monna yo leina la gagwe e neng e le Soramo—mme fa a ne a tsamaya gareng ga bone, bonang, o ne a thulwa mme a gatakwa, le go fitlhelela a sule tota.

60 Mme jalo re bona phelelo ya gagwe yo o sokamisitseng ditsela tsa Morena; mme jalo re bona gore diabole ga a kitla a ema nokeng bana ba gagwe ka letsatsi la bofelo, mme ka bonako o ba gogela tlase kwa moleteng.