Scriptures
Alema 44


Kgaolo 44

Moronae o laela Baleimene go dira kgolagano ya kagiso kgotsa ba senngwe—Sarahemona o gana mogopolo, mme ntwa e simologa gape—Mephato ya ga Moronae e fenya Baleimene. E ka nna dingwaga di le 74 go ya go di le 73 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba ema mme ba tswa sekgalanyana go tswa fa go bone. Mme Moronae a raya Sarahemona a re: Bona, Sarahemona, gore ga re eletse go nna banna ba madi. Lo itse gore lo mo diatleng tsa rona, mme ga re eletse go lo bolaya.

2 Bonang, ga re a tla ntweng kgatlhanong le lona gore re tle re tsholole madi a lona go tsaya thata; le e seng gore re eletsa go tlisa ope kwa jokweng ya bokgoba. Mme se ke lone lebaka ruri le le tlileng kgatlhanong le rona; ee, mme lo re šakgaletse ka ntlha ya dithuto tsa rona tsa tumelo.

3 Mme jaanong, lo bona gore Morena o na le rona; mme lo bona gore o lo gololetse mo diatleng tsa rona. Mme jaanong ke batla gore lo tlhaloganye gore se re se diretswe ka ntlha ya dithuto tsa rona tsa tumelo le tumelo ya rona mo go Keresete. Mme jaanong lo bona gore ga lo kake lwa senya e tumelo ya rona.

4 Jaanong lo bona gore se ke tumelo ya boammaaruri ya Modimo; ee, lo bona gore Modimo o tlaa re ema nokeng, le go re tshegetsa, le go re babalela, fela fa re ikanyega go ene, le go tumelo ya rona, le dithuto tsa rona tsa tumelo; mme Morena ga a kitla a letlelela gore re ka senngwa fa e se re ka wela mo tlolong molao mme ra latola tumelo ya rona.

5 Mme jaanong, Sarahemona, ke go laela, mo leineng la Modimo oo o o thata-yotlhe, o o nonofaditseng matsogo a rona gore re nne le thata godimo ga lona, ka tumelo ya rona, ka dithuto tsa rona tsa tumelo, le ditirelo tsa rona tsa kobamelo, le ka kereke ya rona, le ka thuso e e iletsweng e re e kolotang basadi le bana ba rona, ka kgololo eo e e re bofaganyang go mafelo a rona le lefatshe la rona; ee, le gape ka tshomarelo ya lefoko le le boitshepho la Modimo, le go lone re kolotang boitumelo jwa rona jotlhe; le ka tseo tsotlhe tse di rategang go gaisa mo go rona—

6 Ee, mme se ga se sone sotlhe; ke lo laela ka dikeletso tsotlhe tse lo nang le tsone tsa botshelo, gore lo re neele dibetsa tsa lona tsa ntwa, mme ga re kake ra batla madi a lona, mme re tlaa babalela matshelo a lona, fa lo ka tsamaya tsela ya lona mme lwa seka lwa tlhola lo tla ntweng kgatlhanong le rona gape.

7 Mme jaanong, fa lo sa dire se, bonang, lo mo diatleng tsa rona, mme ke tlaa laela banna ba me gore ba wele mo go lona, mme ba dire dintho tsa loso mo mebeleng ya lona, gore lo tle lo seka lwa nna teng; mme jaanong foo re tlaa bona gore ke mang yo o tlaa nnang le thata godimo ga batho ba; ee, re tlaa bona gore ke mang yo o tlaa tlisiwang mo bokgobeng.

8 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Sarahemona a sena go utlwa dipuo tse one a tla pele mme a neela tšhaka ya gagwe le simetha ya gagwe, le bora jwa gagwe mo diatleng tsa ga Moronae, mme a re go ene: Bona, dibetsa tsa rona tsa ntwa ke tse; re tlaa go di neela, mme ga re kake ra letlelela gore re ikane go wena, a re itseng gore re tlaa a roba, ga mmogo le bana ba rona; mme tsaya dibetsa tsa rona tsa ntwa, mme o re letlelele gore re ka tswela mo nageng; go seng jalo re tlaa nna ka ditšhaka tsa rona, mme re tlaa nyelela kgotsa re tlaa fenya.

9 Bona, ga re ba tumelo ya lona; ga re dumele gore ke Modimo yo o re gololetseng mo diatleng tsa lona; mme re dumela gore ke boferefere jwa lona jo bo lo babaletseng mo ditšhakeng tsa rona. Bona, ke diiphemelo sehubeng tsa lona le dithebe tsa lona tse di lo babaletseng.

10 Mme jaanong fa Sarahemona a sena go dira bokhutlo jwa go bua mafoko a, Moronae a busetsa tšhaka le dibetsa tsa ntwa, tse a neng a di amogetse, go Sarahemona, a re: Bona, re tlaa khutlisa kgotlhang.

11 Jaanong ga ke kake ka busa mafoko a ke a buileng, jalo he jaaka Morena a tshela, ga lo na go emelela fa e se lo ka emelela ka maikano gore ga lo na go bowa gape kgatlhanong le rona go re lwantsha. Jaanong ka lo le mo diatleng tsa rona re tlaa tshololela madi a lona fa fatshe, kgotsa lo tlaa ineela mo mabakeng a ke a ntshitseng.

12 Mme jaanong fa Moronae a sena go bua mafoko a, Sarahemona a nna ka tšhaka ya gago, mme o ne a šakgaletse Moronae, mme a kgomogela kwa pele gore o ka tla a bolaya Moronae; mme fela jaaka a tsholetsa tšhaka ya gagwe, bonang, mongwe wa masole a ga Moronae a e iteela le fa fatshe tota, mme ya robega fa matshwarong; mme o ne gape a itaya Sarahemona mo a neng a ntsha letlalo la gagwe la tlhogo mme la wela fa fatshe. Mme Sarahemona a tswa fa pele ga bone go tsena mo gareng ga masole a gagwe.

13 Mme go ne ga diragala gore lesole le le neng le eme gaufi foo, le le neng la kgaola letlalo la tlhogo ya ga Sarahemona, la tsaya letlalo la tlhogo go tswa fa fatshe ka moriri, mme a le baya mo ntlheng ya tšhaka ya gagwe, mme a le thapololela pele go bone, a re go bone ka lentswe le le kwa godimo:

14 Le fela jaaka letlalo le la tlhogo le wetse fa fatshe, le e leng letlalo la tlhogo ya kgosi ya lona, jalo lo tlaa wela fa fatshe kwa ntle ga gore lo golole dibetsa tsa lona tsa ntwa mme lo emelele ka kgolagano ya kagiso.

15 Jaanong go ne go le ba le bantsi, fa ba utlwa mafoko a mme ba bona letlalo la tlhogo le le neng le le mo tšhakeng, ba ne ba tsenwa ke poifo; mme bontsi bo ne jwa tla mme jwa latlhela dibetsa tsa bone tsa ntwa fa dinaong tsa ga Moronae, mme ba tsena mo kgolaganong ya kagiso. Mme go lekana le bontsi jo bo neng jwa tsena mo kgolaganong ba ne ba letlelelwa go emelelela mo nageng.

16 Jaanong go ne ga diragala gore Sarahemona a galefe mo go feteletseng, mme o ne a fuduwa masalela a masole a gagwe go tšhakgalo, go itaana ka thata e e gaisang kgatlhanong le Banifae.

17 Mme jaanong Moronae o ne a tenegile, ka ntlha ya bodipa jwa Baleimene; jalo he a laola batho ba gagwe gore ba wele mo go bone mme ba ba bolaye. Mme go ne ga diragala gore ba simolole go ba bolaya; ee, mme Baleimene ba ne ba itaya ka ditšhaka tsa bone le ka nonofo ya bone.

18 Mme bona, matlalo a bone a a neng a sa ikatega le ditlhogo tsa bone tse di sa rwalang sepe di ne di bulegetse ditšhaka tse di bogale tsa Banifae; ee, bona ba ne ba tlhajwa le go itewa, ee, mme ba ne ba wa ka bonako mo go feteletseng fa pele ga ditšhaka tsa Banifae; mme ba ne ba simolola go feelelwa fa fatshe, le tota jaaka lesole la ga Moronae le ne le porofitile.

19 Jaanong Sarahemona, fa a bona gore botlhe ba ne ba le gaufi le go bolawa, a lelela mo gogolo go Moronae a solofetsa gore o tlaa dira kgolagano ga mmogo le batho ba gagwe ba tla le bone, fa ba ka babalela masalela a matshelo a bone, gore ga ba kitla ba tlhola ba tla go lwa gape kgatlhanong le bone.

20 Mme go ne ga diragala gore Moronae a dire gore tiro ya loso e eme gape gareng ga batho. Mme a tsaya dibetsa tsa ntwa go tswa mo Baleimeneng; mme morago ga ba tsena mo kgolaganong ya kagiso le ene ba ne ba letlelelwa go emelelela mo nageng.

21 Jaanong palo ya baswi ba bone e ne e sa balege ka ntlha ya bogolo jwa palo; ee, palo ya baswi ba bone e ne e le kgolo mo go feteletseng, mmogo mo Banifaeng le mo Baleimeneng.

22 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba latlhela baswi ba bone mo metsing a Sitone, mme ba ile pele mme ba fitlhilwe mo boteng jwa lewatle.

23 Mme mephato ya masole ya Banifae, kgotsa ba ga Moronae, ba bowa mme ba tla kwa matlong a bone le mafelo a bone.

24 Mme jalo ga fela ngwaga wa lesome le boferabobedi wa puso ya baatlhodi mo bathong ba ga Nifae. Mme jalo ga fela pego e e kwadilweng ya ga Alema, e e neng e kwadilwe mo dipapetlaneng tsa ga Nifae.