Scriptures
Alema 41


Kgaolo 41

Mo Tsogong batho ba tla pele mo seemong sa boitumelo jo bo sa feleng kgotsa bohutsana jo bo sa feleng—Boleo ga bo ise bo ke bo nne boitumelo—Batho ba selefatshe ga ba na Modimo mo lefatsheng—Motho mongwe le mongwe o amogelwa gape mo tsosolosong mekgwa le bokao tse a nnileng le tsone mo mmeleng o o swang. E ka nna dingwaga di le 74 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, morwaaka, ke na le go le selekanyo sengwe go go bua mabapi le tsosoloso e go builweng ka yone; gonne bona, bangwe ba sokamisetse mafoko a Modimo a a kwadilweng, mme ba ile kgakala go sele ka ntlha ya selo se. Mme ke lemoga gore mogopolo wa gago le wena o ntse o tshwenyegile mabapi le selo se. Mme bona, ke tlaa se go tlhalosetsa.

2 Ke go raya ke re, morwaaka, thulaganyo ya tsosoloso e a tlhokafala le tshiamiso ya Modimo; gonne go tlhokafala gore dilo tsotlhe di tsosoloswe go maemo a a siameng a tsone. Bona, go a tlhokafala e bile go tshiamo le tlhamalalo, go ya ka fa thateng le tsogo ya ga Keresete, gore botho jwa motho bo buseletswe kwa mmeleng wa jone, le gore karolo nngwe le nngwe ya mmele e buseletswe go one.

3 Mme go tlhokafala mo tshiamisong ya Modimo gore batho ba atlholwe go ya ka fa ditirong tsa bone; mme fa ditiro tsa bone di ne di le molemo mo botshelong jono, mme dikeletso tsa dipelo tsa bone di ne di le molemo, gore ba tshwanetse le bone, kwa letsatsing la bofelo, ba tsosoloswe go seo se se molemo.

4 Mme fa ditiro tsa bone di le bosula ba tlaa tsosolosetswa go bone bosula. Jalo he, dilo tsotlhe di tlaa tsosolosetswa kwa maemong a tsone a a siameng, sengwe le sengwe mo sebopegong sa sone sa tlholego—go swa go emelwa ke go sa sweng go bola go go sa boleng—di emelediwa go boitumelo jo bo sa feleng go ja boswa motse wa bogosi jwa Modimo, kgotsa go bohutsana jo bo sa feleng go ja boswa motse wa bogosi jwa ga diabole nngwe mo seatleng se le sengwe, e nngwe mo go se sengwe—

5 Yo mongwe a emelediwa mo boitumelong go ya ka fa dikeletsong tsa gagwe tsa boitumelo, kgotsa molemo go ya ka fa dikeletsong tsa gagwe tsa molemo; mme yo mongwe go bosula go ya ka fa dikeletsong tsa gagwe tsa bosula; gonne fela jaaka a eleditse go dira bosula letsatsi lotlhe, le jalo tota o tlaa nna le poelo ya gagwe, ya bosula fa bosigo bo tla.

6 Le jalo go ntse mo seatleng se sengwe. Fa a ikotlhaetse dibe tsa gagwe, mme a eletsa tshiamo go fitlhelela kwa bofelong jwa malatsi a gagwe, le jalo fela o tlaa lefelwa go tshiamo.

7 Ba ke bone ba ba rekolotsweng ke Morena, ee, ba ke bone ba ba ntsheditsweng kwa ntle ba ba golotsweng go tswa mo bosigong joo jo bo sa feleng jwa lefifi; mme jalo ba a ema kgotsa ba a wa; gonne bona, ke baatlhodi ba bone, bo bone ka go dira molemo kgotsa go dira bosula.

8 Jaanong, dikitsiso se mmuso tsa Modimo ga di fetolwe; jalo he, tsela e baakantswe gore mang le mang yo o ratang o ka tsamaya mo go yone mme a bolokwa.

9 Mme jaanong bona, morwaaka, o seka wa dira sekgopi se sengwe gape kgatlhanong le Modimo wa gago, mo dintlheng tseo tsa thuto, tse go fitlha jaanong o di lekileng go dira sebe.

10 O seka wa gopola, ka ntlha ya gore go builwe mabapi le tsosoloso, gore o tlaa tsosoloswa go tswa mo sebeng go ya kwa boitumelong. Bona, ke go raya ke re, boleo ga bo isi bo ke bo nne boitumelo.

11 Mme jaanong, morwaaka, batho botlhe ba ba leng mo seemong sa tlholego, kgotsa ke ka re, mo seemong sa selefatshe, ba mo santlhokong wa botlhoko le mo dikgoleng tsa boikepi; ga ba na le Modimo mo lefatsheng, mme ba tsamaile kgatlhanong le ka fa Modimo a ntseng ka teng; jalo he, ba mo seemong se se kgatlhanong le tlholego ya boitumelo.

12 Mme jaanong bona, a tlhaloso ya lefoko tsosoloso ke go tsaya selo sa seemo sa tlholego mme go se baya mo seemong se e seng sa tlholego, kgotsa go se baya mo seemong kgatlhanong le tlholego ya sone?

13 O, morwaaka, ga go a nna jalo; mme tlhaloso ya lefoko tsosoloso ke go buseletsa gape bosula go bosula kgotsa selefatshe go selefatshe, kgotsa sediabole go sediabole—molemo go seo se se molemo; tshiamo go seo se se tshiamo; tshiamo le tlhamalalo go seo se se tshiamo le tlhamalalo; boutlwelobotlhoko go seo se se boutlwelobotlhoko.

14 Jalo he, morwaaka, bona gore o boutlwelobotlhoko go bakaulengwe ba gago; dirisanya ka tshiamo le tlhamalalo, atlhola ka tshiamo, mme o dire molemo ka tswelelo; mme fa o dira dilo tse tsotlhe jaanong foo o tlaa bona tefo ya gago; ee, o tlaa nna le kutlwelobotlhoko e tsosolosediwa go wena gape; o tlaa nna le tshiamiso e tsosolosediwa go wena gape; o tlaa nna le katlholo e e tshiamo e tsosolosediwa go wena gape; mme o tlaa nna le molemo o lefelwa go wena gape.

15 Gonne se o se romelang kwa ntle se tlaa boela kwa go wena gape, mme se tsosolosiwe; jalo he, lefoko tsosoloso ka botlalo le bona molato moleofi, mme ga le mo tlhoke molato ka gope.