Scriptures
Alema 53


Kgaolo 53

Magolegwa a Baleimene a dirisiwa go aga tshireletso ya motse wa Letlepu—Ditsuololo gareng ga Banifae di dira gore go nne le diphenyo tsa Baleimene—Hilamene o tsaya taolo ya dikete tse pedi tsa makolwanyane a batho ba ga Amone. E ka nna dingwaga di le 64 go ya go di le 63 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tlhoma badisa godimo ga magolegwa a Baleimene, mme ba ba pateletsa go ya pele go fitlha baswi ba bone, ee, ga mmogo le baswi ba Banifae ba ba neng ba bolailwe; mme Moronae a tlhoma banna godimo ga bone go ba disa fa ba dira ditiro tsa bone.

2 Mme Moronae a ya kwa motseng wa Miuleke le Lihae, mme a tsaya taolo ya motse mme a e fa Lihae. Jaanong bona, Lihae yo e ne e le monna yo o neng a nnile le Moronae mo karolong e tona ya dintwa tsotlhe tsa gagwe; mme e ne e le monna go tshwana Moronae, mme ba ne ba ipela mo pabalesegong ya mongwe le mongwe wa bone, ee, ba ne ba ratana, mme gape ba ne ba ratwa ke batho botlhe ba Nifae.

3 Mme go ne ga diragala gore fa Baleimene ba sena go fetsa go fitlha baswi ba bone ga mmogo le baswi ba Banifae, ba ne ba gwantisediwa morago go tsena mo lefatsheng la Letlepu; mme Thienkhamo, ka ditaolo tsa ga Moronae, a dira gore ba simolole go dira mo go epeng lehuti mo tikologong ya lefatshe, kgotsa motse, Letlepu.

4 Mme o ne a dira gore ba age legora la mapako mo lotshitshing lo lo ka fa teng la lehuti; mme ba latlhela mmu go tswa mo lehuting mo legora la mapako; mme jalo ba ne ba dira Baleimene gore ba dire go fitlhelela ba dikologile motse wa Letlepu mo tikologong ka lebotana le le nonofileng la mapako le mmu, kwa bo godimo jo bo feteletseng.

5 Mme motse o wa nna maremelelo a a nonofileng mo go feteletseng morago ga fa; mme mo motseng o ba ne ba disa magolegwa a Baleimene; ee, le tota mo teng ga lebotana le ba neng ba dirile gore ba le age ka diatla tsa bone. Jaanong Moronae o ne a patelesega go dira Baleimene go dira, ka ntlha ya gore go ne go le motlhofo go ba disa fa ba le mo tirong ya bone; mme o ne a tlhoka mephato yotlhe ya gagwe fa a tshwanetse go tlhasela Baleimene.

6 Mme go ne ga diragala gore Moronae o ne jalo a bone phenyo godimo ga mongwe wa mephato e megolo ya Baleimene, mme a tsaya motse wa Miuleke, o o neng e le mongwe wa maremelelo a a nonofileng thata a Baleimene mo lefatsheng la Nifae; mme jalo gape o ne a agile maremelelo go tshegetsa magolegwa a gagwe.

7 Mme go ne ga diragala gore o ne a seka a tlhola a leka go lwa gape le Baleimene mo ngwageng oo, mme o ne a dirisa banna ba gagwe mo go baakanyetseng ntwa, ee, le mo go direng dikago tsa tshireletso le go disa kgatlhanong le Baleimene, ee, gape ba golola basadi ba bone le bana ba bone go tswa mo tlaleng le pogisego, le go fa dijo mephato ya bone.

8 Mme jaanong go ne ga diragala gore mephato ya Baleimene, mo lewatleng le le bophirima, borwa, fa Moronae a santse a seyo ka lebaka la bogwenegwene bongwenyana gareng ga Banifae, jo bo neng jwa dira ditsuololo gareng ga bone, e ne e dirile tema mo godimo ga Banifae, ee, mo e leng gore ba ne ba tsere taolo ya metse ya bone e le mmalwa mo karolong eo ya lefatshe.

9 Mme jalo ka ntlha ya boikepi gareng ga bone, ee, ka ntlha ya ditsuololo le bogwenegwene gareng ga bone ba ne ba bewa mo seemong se se kotsi go gaisa.

10 Mme jaanong bonang, ke na le go le selekanyo sengwe go se bua mabapi le batho ba ga Amone, ba, kwa tshimologong, e neng e le Baleimene; mme ka Amone le bakaulengwe ba gagwe, kgotsa ka thata le lefoko la Modimo, ba ne ba sokololetswe go Morena; mme ba ne ba tlisitswe tlase mo lefatsheng la Sarahemola, mme ba ne ba sale ka nako eo ba sirelediwa ke Banifae.

11 Mme ka ntlha ya maikano a bone ba ne ba beetswe gore ba se tseye dibetsa kgatlhanong le bakaulengwe ba bone; gonne ba ne ba ikanne gore ga ba kitla ba tsholola madi gape; mme go ya ka fa maikanong a bone ba ka bo ba nyeletse; ee, ba ka bo ba itetleletse go wela mo diatlang tsa bakaulengwe ba bone, fa e ne e se bopelotlhomogi le lorato lo lo feteletseng le Amone le bakaulengwe ba gagwe ba neng ba na le lone mo go bone.

12 Mme ka ntlha ya lebaka le ba ne ba tlisiwa kwa lefatsheng la Sarahemola; mme ba sale ba sirelediwa ke Banifae ka metlha.

13 Mme go ne ga diragala gore fa ba bona diphatsa, le dipogisego le matshwenyego a mantsi a Banifae ba neng ba a ba rwaletse, ba ne ba tshikhinyega ka bopelotlhomogi mme ba eletsa go tsaya dibetsa mo tshireletsong ya lefatshe la bone.

14 Mme bonang, fa ba ne ba le gaufi le go tsaya dibetsa tsa bone tsa ntwa, ba ne ba fekeediwa ke tlhotlheletso ya ga Hilamene le bakaulengwe ba gagwe, gonne ba ne ba le gaufi le go roba maikano a ba neng ba a dirile.

15 Mme Hilamene o ne a boifa gore go dira jalo ba ka latlhegelwa ke botho jwa bone; jalo he botlhe ba ba neng ba tsene mo kgolaganong ba ne ba patelesega go lebelela bakaulengwe ba bone ba ralala dipogisego tsa bone, mo seemong sa bone se se kotsi mo nakong e.

16 Mme bonang, go ne ga diragala gore ba ne ba na le barwa ba le bantsi, ba ba neng ba sa tsena mo kgolaganong gore ga ba kitla ba tsaya dibetsa go iphemela kgatlhanong le baba ba bone; jalo he, ba ne ba iphutha mmogo mo nakong e, ka bontsi jo bo neng bo ka kgona go tsaya dibetsa, mme ba ne ba ipitsa Banifae.

17 Mme ba ne ba tsena mo kgolaganong go lwela kgololesego ya Banifae, ee, go sireletsa lefatshe le ka go baya fatshe matshelo a bone; ee, le tota ba ne ba tsena mo kgolaganong gore ga ba kitla ba neela kgololesego ya bone, mme ba tlaa lwa mo seemong sotlhe go sireletsa Banifae ga mmogo le bone mo bokgobeng.

18 Jaanong bonang, go ne go le dikete di le pedi tsa makolwanyane ao, ba ba neng ba tsena mo kgolaganong e mme ba tsaya dibetsa tsa bone tsa ntwa go sireletsa lefatshe la bone.

19 Mme jaanong bonang, jaaka ba ise ba ke go fitlha jaana ba nne sekgoreletsi go Banifae, ba ne ba nna jaanong mo sebakeng se sa nako gape thuso e kgolo; gonne ba ne ba tsaya dibetsa tsa bone tsa ntwa, mme ba ne ba re gore Hilamene e nne moeteledipele wa bone.

20 Mme botlhe e ne e le makolwanyane, mme ba ne ba le dipelokgale ka kgothatso mo go feteletseng le gape ka nonofo le botlhaga; mme bonang, se e ne e se sone sotlhe—e ne e le banna ba ba neng ba le nnete mo nakong tsotlhe mo selong sengwe le sengwe se se neng se beilwe mo tshephong ya bone.

21 Ee, e ne e le banna ba boammaaruri le tlhoafalo, gonne ba ne ba rutilwe go tshegetsa ditaelo tsa Modimo le go tsamaya ka tlhamalalo fa pele ga gagwe.

22 Mme jaanong go ne ga diragala gore Hilamene o ne a gwanta kwa tlhogong ya masole a gagwe a makolwanyane a dikete tse pedi, go thusa batho mo melelwaneng ya lefatshe kwa borwa gaufi le lewatle la bophirima.

23 Mme jalo go ne ga fela ngwaga wa masome a mabedi le boroba bobedi wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae.