Scriptures
Alema 61


Kgaolo 61

Phahorane o bolelela Moronae ka ga dikgoberego le ingaolo kgatlhanong le puso—Banna ba bogosi ba tsaya Sarahemola mme ba lekoko le Baleimene—Phahorane o kopa thuso ya sesole kgatlhanong le diingaodi. E ka nna dingwaga di le 62 pele ga ga Keresete.

1 Bonang, go ne ga diragala gore ka bonako moragonyana fela ga Moronae a sena go romela lokwalo lwa gagwe kwa go mmusi mogolo, a amogela lokwalo go tswa kwa go Phahorane, mmusi mogolo. Mme a ke mafoko a a neng a a amogela;

2 Nna, Phahorane, yo ke leng mmusi mogolo wa lefatshe le, ke romela mafoko a go Moronae, mokapoteni mogolo wa mophato. Bona, ke go raya ke re, Moronae, gore ga ke ipele mo dipogisegong tsa lona tse dikgolo, ee, di hutsafatsa botho jwa me.

3 Mme bona, go na le bao ba ba ipelang mo dipogisegong tsa lona, ee, mo e leng gore ba tsogologile mo ingaolong kgatlhanong le nna, ga mmogo le batho ba me ba e leng batho ba kgololesego, ee, mme ba ba tsogologileng ba bantsi mo go feteletseng.

4 Mme ke bao ba ba batlileng go tsaya setilo sa katlholo mo go nna ba e leng bone ba bakileng boikepi jo bogolo jo; gonne ba dirisitse go fora mo gogolo, mme ba isetse go sele dipelo tsa batho ba le bantsi, se se tla bakang pogisego e e botlhoko gareng ga rona; ba emesitse dijo tsa rona, mme ba tshositse banna ba rona ba kgololesego gore ba seka ba tla kwa go wena.

5 Mme bona, ba ntelekile fa pele ga bone, mme ke tshabetse kwa lefatsheng la Giteone, le banna ba bontsi jo boneng go kgonega gore ke ka bo tsaya.

6 Mme bona, ke rometse kitsiso go ya le ntlha e ya lefatshe; mme bona, ba tshologela kwa go rona letsatsi le letsatsi, kwa dibetseng tsa bone, mo tshireletsong ya lefatshe la bone le kgololesego ya bone, le go busulosa melato ya rona.

7 Mme ba tlile go rona, mo e leng gore bao ba ba tsogologileng mo ingaolong kgatlhanong le rona ba dipetswe, ee, mo e leng gore ba a re boifa mme ga ba leke go tla kgatlhanong le rona go lwa.

8 Ba tsere lefatshe, kgotsa motse, wa Sarahemola; ba tlhomele kgosi godimo ga bone, mme o kwaletse kgosi ya Baleimene, mo a kopanetseng botsala le bone; mo botsaleng jo a dumetseng go tshegetsa motse wa Sarahemola, o tshegetso ya one a gopolang gore e tlaa dira gore Baleimene ba kgone go gapa lefatshe le le setseng, mme o tlaa bewa kgosi godimo ga batho ba fa ba tla a bo ba fentswe ka fa tlase ga Baleimene.

9 Mme jaanong, mo lokwalong lwa gago o nkgadile, mme ga gore sepe; ga ke a šakgala, mme ke ipela ka bogolo jwa pelo ya gago. Nna, Phahorane, ga ke batle thata, fa e se fela go tshegetsa setilo sa me sa katlholo gore ke ka tla ka somarela ditshwanelo le kgololesego tsa batho ba me. Botho jwa me bo ema ka thata mo kgololesegong eo e mo go yone Modimo a re golotseng.

10 Mme jaanong, bonang, re tlaa kgoreletsa boleo le go ya kwa tshololong ya madi. Ga re kake ra tsholola madi a Baleimene fa ba ka nna mo lefatsheng la bone.

11 Ga re kake ra tsholola madi a bakaulengwe ba rona fa ba ka seka ba tsogologa mo ingaolong kgatlhanong le rona mme ba tsaya tšhaka kgatlhanong le rona.

12 Re ka ineela mo jokweng ya bokgoba fa go ne go tlhokafala ka tshiamiso ya Modimo, kgotsa fa a ka re laela go dira jalo.

13 Mme bona ga a re laele gore re ineele mo taolong ya baba ba rona, mme gore re beye tshepho ya rona mo go ene, mme o tlaa re golola.

14 Jalo he, Morwarre yo o rategang, Moronae, a re lwantshe bosula, mme bosula bofe jo re ka sekeng re bo lwantshe ka mafoko a rona, ee, jaaka boingaodi le botsuolodi, a re bo lwantshe ka ditšhaka tsa rona, gore re ka tla ra tshegetsa kgololesego ya rona, gore re tle re ipele mo tshiamelong e kgolo ya kereke ya rona, mo maikemisetsong a Morekolodi wa rona le Modimo wa rona.

15 Jalo he, tla go nna ka bonako le banna ba gago ba se kae, mme o tlogele ba ba salang mo taolong ya ga Lihae le Thienkhamo; neela go bone thata go tsamaisa ntwa mo karolong eo ya lefatshe, go ya ka fa Moweng wa Modimo, yo gape e leng Mowa wa kgololesego o o leng mo go bone.

16 Bona ke romeletse dijo di se kae go bone, gore ba seka ba nyelela go fitlhelela o ka tla go nna.

17 Kgobokanya mmogo mophato ofe le ofe o o ka kgonang mo go gwanteleng ga lona kwano, mme re tlaa ya ka bonako kgatlhanong le ditsuolodi tseo, mo nonofong ya Modimo wa rona go ya ka fa tumelong e e mo go rona.

18 Mme re tlaa tsaya motse wa Sarahemola, gore re tle re bone dijo tse dintsi go di romela pele kwa go Lihae le Thienkhamo; ee, re tlaa ya pele kgatlhanong le bone mo nonofong ya Morena, mme re tlaa tlisa bokhutlo go boikepi jo bogolo jo.

19 Mme jaanong, Moronae, ke ipela mo go amogeleng lokwalo lwa gago, gonne ke ne ka selekanyo sengwe ke tshwenyegile mabapi le gore re dire eng, gore a go tla a bo go le tshiamo le tlhamalalo mo go rona go ya kgatlhanong le bakaulengwe ba rona.

20 Mme o rile, fa e se ba ka ikotlhaya Morena o go laetse gore o ye kgatlhanong le bone.

21 Bona gore o nonotsha Lihae le Thienkhamo mo Moreneng; ba bolelele gore ba se boife, gonne Modimo o tlaa ba golola, ee, le botlhe bao ba ba emang ka thata mo kgololesegong eo e mo go yone Modimo o ba dirileng gore ba gololesege. Mme jaanong ke tswala lokwalo lwa me kwa go morwarre yo o rategang, Moronae.