Scriptures
Mafoko a ga Momone 1


Mafoko a ga Momone

Kgaolo 1

Momone o khutshwafatsa dipapetlana tse ditona tsa ga Nifae—O baya dipapetlana tse dinnye le dipapetlana tse dingwe—Kgosi Benjamine o tlhoma kagiso mo lefatsheng. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 385.

1 Mme jaanong nna, Momone, ke le gaufi le go isa pego e e kwadilweng e ke ntseng ke e dira mo diatleng tsa morwaake Moronae, bonang ke bonye e ka nna tshenyo yotlhe ya batho ba me, Banifae.

2 Mme ke dingwaga di le makgolo a mantsi morago ga go tla ga ga Keresete ke naya dipego tse di kwadilweng tse mo diatleng tsa morwaake; mme go nkgopotsa gore o tlaa bona tshenyego yotlhe ya batho ba me. Mme a Modimo o nee gore o ka di falola, gore o ka kwala go se e kae ka ga tsone, le go se kae ka ga Keresete, gore gongwe letsatsi lengwe go ka nna poelo mo go bone.

3 Mme jaanong, ke bua go se kae ka ga seo se ke se kwadileng; gonne morago ga ke sena go dira khutshwafatso go tswa mo dipapetlaneng tsa ga Nifae, go fologela tlase kwa pusong ya ga kgosi Benjamine yo, yo Amalekhae a buileng ka ga gagwe, ke senkile gareng ga dipego tse di kwadilweng tse di neng di tsisitswe mo diatleng tsa me, mme ka fitlhela dipapetlana tse, tse di nang le pego e nnye e ya baporofiti, go tswa ka Jakobe go fologela tlase kwa pusong ya ga kgosi Benjamine yo, mmogo le mafoko a mantsi a ga Nifae.

4 Mme dilo tse di mo dipapetlaneng tse, di a itumedisa, ka ntlha ya diporofito ka ga go tla ga ga Keresete; mme borraetsho ba itse gore bontsi jwa tsone bo diragaditswe; ee, le gape nna ke itse gore dilo tse dintsi tsotlhe tse di porofitilweng ka ga rona go fitlhelela letsatsi le di diragaditswe, mme jaaka bontsi jotlhe bo tsamaya go feta letsatsi ruri di tlaa diragala—

5 Ka jalo he, ke tlhophile dilo tse, go fetsa pego e e kwadilweng ya me mo go tsone, masalela a pego e e kwadilweng ya me a ke tla a tsayang mo dipapetlaneng tsa ga Nifae; mme ga ke kake ka kwala le fa e le bongwe mo lekgolong jwa dilo tsa batho ba me.

6 Mme bonang, ke tlaa tsaya dipapetlana tse, tse di nang le diporofito tse le ditshenolo, mme ke di beye le masalela a pego e e kwadilweng ya me, gonne di kgethegile mo go nna; mme ke itse gore di tlabo di kgethegile go bakaulengwe ba me.

7 Mme ke dira se ka maikaelelo a tlhalefo; gonne jalo go a ntshebetsa, go ya ka fa ditirong tsa Mowa wa Morena o o leng mo go nna. Mme jaanong, ga ke itse dilo tsotlhe; mme Morena o itse dilo tsotlhe tse di tlaa tlang; ka jalo he, o bereka mo go nna go dira ka fa thatong ya gagwe.

8 Mme thapelo ya me go Modimo e mabapi le bakaulengwe ba me, gore ba ka tla ba tla gangwe gape mo kitsong ya Modimo, ee, thekololo ya ga Keresete; gore ba ka tla gangwe gape ba nna batho ba ba itumedisang.

9 Mme jaanong nna, Momone, ke tswelela go fetsa pego e e kwadilweng ya me, e ke e tsayang mo dipapetlaneng tsa ga Nifae; mme ke e dira go ya ka fa kitsong le go tlhaloganya mo Modimo a go mphileng.

10 Ka jalo he, go ne ga diragala gore morago ga Amalekhae a sena go tsisa dipapetlana tse mo diatleng tsa ga kgosi Benjamine, o ne a di tsaya mme a di baya le dipapetlana tse dingwe, tse di nang le dipego tse di kwadilweng tse di neng tsa fitisiwa ke dikgosi, go tswa tshika-pakeng go ya tshika-pakeng go fitlhelela malatsi a ga kgosi Benjamine.

11 Mme di ne di fitiseditswe tlase go tswa kwa go kgosi Benjamine, go tswa tshika-pakeng go ya tshika-pakeng go fitlhelela di wela mo diatleng tsa me, mme nna, Momone, ke rapela Modimo gore di ka babalelwa go tswa gompieno go ya pele. Mme ke itse gore di tlaa babalelwa; gonne go dilo tse dikgolo tse di kwadilweng mo go tsone, tse go ya ka tsone batho ba me le bakaulengwe ba bone ba tlaa atlholwang ka letsatsi le legolo la bofelo, go ya ka fa lefokong la Modimo le le kwadilweng.

12 Mmme jaanong, mabapi le kgosi Benjamine yo—O ne a na le ka selekanyo sengwe dikomano gareng ga batho ba gagwe.

13 Mme go ne ga diragala gape gore mephato ya masole ya Baleimene, ba tla go tswa kwa lefatsheng la Nifae, go lwa kgatlhanong le batho ba gagwe. Mme bonang, kgosi Benjamine o ne a kgobokanya mmogo mephato ya gagwe, mme o ne a ema kgatlhanong le bone; mme o ne a lwa ka nonofo ya seatla sa gagwe, ka tšhaka ya ga Labane.

14 Mme mo nonofong ya Morena ba ne ba itaana le baba ba bone, go fitlhelela ba bolaile dikete tse dintsi tsa Baleimene. Mme go ne ga diragala gore ba ne ba itaana le Baleimene go fitlhelela ba ba kgweeditse go tswa mo lefatsheng lotlhe la boswa jwa bone.

15 Mme go ne ga diragala gore morago ga go nna bo-Keresete ba e seng ba nnete, mme melomo ya bone e sena go tswalwa, mme bone ba otlhaiwa go ya ka fa melatong ya bone;

16 Mme morago ga go sena go nna le baporofiti ba e seng ba nnete, le bareri ba e seng ba nnete le baruti gareng ga batho, mme botlhe ba ba sena go otlhaiwa go ya ka fa melatong ya bone; le morago ga ba sena go nna le dikomano tse dintsi le ditsuololo tse dintsi go ya go Baleimene, bonang, go ne ga diragala gore kgosi Benjamine, ka thuso ya baporofiti ba ba boitshepho ba ba neng ba le gareng ga batho ba gagwe—

17 Gonne bonang, kgosi Benjamine e ne e le monna yo o boitshepho, mme o ne a busa batho ba gagwe ka tshiamo; mme go ne go na le banna ba ba boitshepho ba le bantsi mo lefatsheng, mme ba ne ba bua lefoko la Modimo ka thata le ka taolo; mme ba ne ba dirisa bogale jo bontsi ka ntlha ya go gagamala melala ga batho—

18 Ka jalo he, ka thuso ya ba, kgosi Benjamine, ka go dira ka bonatla jwa mmele wa gagwe le tlhaloganyo ya botho jwa gagwe jotlhe, ga mmogo le baporofiti, o ne gangwe gape a tlhoma kagiso mo lefatsheng.