Scriptures
Jeromo 1


Buka ya ga Jeromo

Kgaolo 1

Banifae ba tshegetsa molao wa ga Moše, lebelela kwa pele kwa go tleng ga ga Keresete, mme baa tswelela mo lefatsheng—Baporofiti ba le bantsi ba direla go tshegetsa batho mo tseleng ya boammaaruri. E ka nna dingwaga di le 399 go ya go di le 361 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong bonang, nna, Jeromo, ke kwala mafoko a se kae go ya ka fa taelong ya ga ntate, Enose, gore losika lwa rona le ka bewa.

2 Mme ka dipapetlana tse di le dipotlana, le jaaka dilo tse di kwadilwe ka maikaelelo a poelo ya bakaulengwe ba rona Baleimene, ka jalo he, go tshwanetse go tlhokega gore ke kwale go le gonnye; mme ga ke na go kwala dilo tsa go porofita ga me, le fa e le tsa ditshenolo tsa me. Gonne ke ka kwala eng go feta se borraarona ba se kwadileng? Gonne a ga ba a senola thulaganyo ya poloko? Ka re go lona, Ee; mme se se ntekanye.

3 Bonang, go botlhokwa gore go le gontsi go dirwe gareng ga batho ba, ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa bone, le bosusu jwa ditsebe tsa bone, le bofofu jwa megopolo ya bone, le go gagamala ga melala ya bone; le fa go ntse jalo, Modimo o mautlwelobotlhoko mo go feteletseng mo go bone, mme ga a ise go fitlha jaanong a ba feele go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe.

4 Mme go ba le bantsi gareng ga rona ba ba nang le ditshenolo tse dintsi, gonne ga ba a gagamala melala botlhe. Mme bontsi jotlhe jo bo sa gagamalang melala e bile bo na le tumelo, ba na le bokopanelo le Mowa o o Boitshepho, o o dirang tshupeetso go bana ba batho, go ya ka fa tumelong ya bone.

5 Mme jaanong, bonang, dingwaga di le makgolo a masome a mabedi di fetile, mme batho ba ga Nifae ba ne ba godile nonofo mo lefatsheng. Ba ne ba tlhokomela go tshegetsa molao wa ga Moše le letsatsi la sabata go nna le le boitshepho mo Moreneng. Mme ba ne ba sa rogane; le fa e le go tlhapatsa. Mme melao ya lefatshe e ne e gagametse mo go feteletseng.

6 Mme ba ne ba gasame ka go anama ga sefatlhogo sa lefatshe, ga mmogo le Baleimene. Mme ba ne ba le bantsi go feta bao ba Banifae; mme ba ne ba rata polao, e bile ba ne baa nwa madi a diphologolo.

7 Mme go ne ga diragala gore ba tle gantsi kgatlhanong le rona, Banifae, go lwa. Mme dikgosi tsa rona le baeteledipele ba rona e ne e le banna ba bagolo mo tumelong ya Morena; mme ba ne ba ruta batho ditsela tsa Morena; ka jalo he, re ne ra emelelana le Baleimene mme ra ba feela go tswa mo lefatsheng la rona, mme ra simolola go aga tshireletso ya metse ya rona, kgotsa lefelo le fe fela la boswa jwa rona.

8 Mme re ne ra ntsifala mo go feteletseng, mme ra anama le sefatlhogo sa lefatshe, mme ra huma go feta mo gauteng, le mo selefereng, le mo dilong tsa botlhokwa, le mo modirong wa matsetseleko wa logong, mo dikagong, le mo dimatšhineng, le gape ka tshipi le kopore, le ka borase le tshipi e e phepha, re dira didirisiwa tsa mefuta yotlhe go lema lefatshe, le dibetsa tsa ntwa—Ee, metswi e e dintlha, le kgatla, le lerumo, le motsu o o tikiwang, le dipaakanyo tsotlhe tsa ntwa.

9 Mme jalo re ne re ipaakanyeditse go kgatlhantsha Baleimene, ba ne ba seka ba tswelela kgatlhanong le rona. Mme lefoko la Morena le ne la netefadiwa, le a le buileng go borraarona, a re gore: Go lekana le jaaka lo ka tshegetsa ditaelo tsa me, lo tlaa tswelela mo lefatsheng.

10 Mme go ne ga diragala gore baporofiti ba Morena ba tshosetse batho ba ga Nifae, go ya ka fa lefokong la Modimo, gore fa ba ka seka ba tshegetsa ditaelo, mme ba wela mo tlolong molao, ba tlaa senngwa go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe.

11 Ka jalo he, baporofiti, le baperesiti, le baruti, ba ne ba dira ka tlhoafalo, ba kgothatsa ka bopelotelele jotlhe batho go tlhoafalo; ba ruta molao wa ga Moše, le maikaelelo a ka one o neng wa fiwa; ba ba rotloetsa go lebela kwa pele kwa go Mesia, le go dumela mo go ene go tla jaaka e kete o setse a tlile. Mme morago ga mokgwa o ba ne ba ba ruta.

12 Mme go ne ga diragala gore ka go dira jalo ba ba thibela mo go senngweng mo sefatlhogong sa lefatshe; gonne ba ne ba ba tlhaba dipelo tsa bone ka lefoko, ba tswelela go ba fuduela go boikotlhao.

13 Mme go ne ga diragala gore dingwaga tse di makgolo a mabedi le masome a mararo le metso e robabobedi di ne di fetile—morago ga mokgwa wa dintwa le dikomano, le ditsuololo, ka sebaka sa nako e ntsi.

14 Mme nna, Jeromo, ga ke kwale go feta, gonne dipapetlana di dinnye. Mme bonang, bakaulengwe ba me, lo ka ya kwa dipapetlaneng tse dingwe tsa ga Nifae; gonne bonang, mo go tsone go gabilwe dipego tse di kwadilweng tsa dintwa tsa rona, go ya ka fa mekwalong ya dikgosi, kgotsa tseo tse ba neng ba dira gore di kwalwe.

15 Mme ke neela dipapetlana tse mo diatleng tsa morwaake Omonae, gore di tle di bewe go ya ka fa ditaelong tsa borraetsho.