Scriptures
Alema 21


Pego ka ga go rera ga ga Arone, le Miulokhae, le bakaulengwe ba bone, kwa Baleimeneng.

E le mo dikgaolo 21 goya 26 di balelwa mo teng.

Kgaolo 21

Arone o ruta Baamalekhae ka ga Keresete le tetlanyo ya gagwe—Arone le bakaulengwe ba gagwe ba tsenngwa mo kgolegelong mo Miditonae—Morago ga kgololo ya bone, ba ruta mo disenagogeng mme ba sokolola ba le bantsi—Lemonae o naya kgololesego ya tumelo go batho ba ba mo lefatsheng la Išemaele. E ka nna dingwaga di le 90 go ya go di le 77 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong fa Amone le bakaulengwe ba gagwe ba ikgaoganya mo melelwaneng ya lefatshe la Baleimene, bonang Arone o ne a tsaya loeto lwa gagwe go ya ntlheng ya lefatshe le le neng le bidiwa ke Baleimene, Jerusalema, ba le reeletse ka lefatshe la botsalo jwa borraabo; mme le ne le le kgakala le amana le melelwane ya lefatshe la Momone.

2 Jaanong Baleimene le Baamalekhae le batho ba ga Emiulone ba ne ba agile motse o mogolo, o o neng o bidiwa Jerusalema.

3 Jaanong Baleimene ka bo bone ba ne ba thatafetse mo go lekaneng, mme Baamalekhae le Baemiulone ba ne ba ntse ba le thata go feta; jalo he ba ne ba dira Baleimene gore ba thatafatse dipelo tsa bone, gore ba nonofe mo gogolo boleong le bodiabole jwa bone.

4 Mme go ne ga diragala gore Arone a tle kwa motseng wa Jerusalema, mme la ntlha a simolola go rerela Baamalekhae. Mme a simolola go ba rerela kwa disenagogeng tsa bone, gonne ba ne ba agile disenagoge go ya ka fa taolong ya Banehu; gonne bontsi jwa Baamalekhae le Baemiulone ba ne ba le morago ga taolo ya Banehu.

5 Jalo he, fa Arone a tsena mo go nngwe ya disenagoge tsa bone go rerela batho, mme jaaka a ne a santse a bua le bone, bonang go ne ga ema Moamalekhae mme a simolola go ganetsana le ene, a re: Ke eng seo se o se pakileng? A o bone moengele? Ke ka go reng baengele ba sa itshupe go rona? Bona a batho ba ga ba a siama fela jaaka batho ba ga eno?

6 Wena gape wa re, fa e se re ka ikotlhaya re tlaa nyelela. O itse jang dikakanyo le maikaelelo a dipelo tsa rona? O itse jang gore re na le lebaka la go ikotlhaya? O itse jang gore ga re batho ba ba siameng? Bona, re agile mafelo a a boitshepho, mme re ikgobokanya mmogo go obamela Modimo. Re dumela gore Modimo o tlaa boloka batho botlhe.

7 Jaanong Arone a mo raya a re: A o dumela gore Morwa Modimo o tlaa tla go rekolola losika la monna mo dibeng tsa bone?

8 Mme monna a mo raya a re: Ga re dumele gore o itse sepe se se ntseng jalo. Ga re dumele mo dingwaong tse tsa bomatla. Ga re dumele gore o itse ka dilo tse di tlaa tlang, e bile ga re dumele gore borraalona ga mmogo le borraarona ba ne ba itse ka ga dilo tse ba neng ba di bua, ka ga seo se se tlaa tlang.

9 Jaanong Arone a simolola go bula lefoko la Modimo le le kwadilweng go bone mabapi le go tla ga ga Keresete, gape le mabapi le tsogo ya baswi, le gore ga go kake ga nna le thekololo ya losika lwa monna, fa e se ka loso le ditshotlego tsa ga Keresete, le tetlanyo ya madi a gagwe.

10 Mme go ne ga diragala gore fa a ne a simolola go phuthulola dilo tse go bone ba ne ba mo tenegela, mme ba simolola go mo tshega; mme ba ne ba seka ba utlwa mafoko a neng a a bua.

11 Jalo he, fa a bona gore ba ne ba sa utlwe mafoko a gagwe, a emelela go tswa mo senagogeng ya bone, mme a tla kwa legaeng le le neng le bidiwa Anae-Anthae mme koo a fitlhela Miulokhae a rera lefoko go bone; ga mmogo le Ama le bakaulengwe ba gagwe. Mme ba ne ba ganetsanya le ba le bantsi ka ga lefoko.

12 Mme go ne ga diragala gore ba bone gore batho ba tlaa thatafatsa dipelo tsa bone, jalo he ba emelela, mme ba tla kwa lefatsheng la Miditonae. Mme ba ne ba rerela bontsi lefoko, mme ba se kae ba dumela mo mafokong a ba neng ba a rutwa.

13 Le fa go ntse jalo, Arone le palo nngwe ya bakaulengwe ba gagwe ba ne ba tsewa mme ba latlhelwa mo kgolegelong, mme masalela a bone a ne a tshaba a tswa mo lefatsheng la Miditonae go ya kwa dikgaolong tse di mo tikologong.

14 Mme ba ba neng ba le mo kgolegelong ba ne ba sotlega dilo di le dintsi, mme ba ne ba gololwa ka seatla sa ga Lemonae le Amone, mme ba ne ba fiwa dijo le go apesiwa.

15 Mme ba ne ba ya pele gape go bega lefoko, mme jalo ba ne ba gololwa la ntlha go tswa mo kgolegelong; mme jalo ba ne ba sotlegile.

16 Mme ba ne ba ya kwa lefelong lengwe le lengwe kwa ba neng ba esiwa ke Mowa wa Morena, ba rera lefoko la Modimo mo senagogeng nngwe le nngwe ya Baamalekhae, kgotsa mo phuthegong nngwe le nngwe ya Baleimene kwa ba neng ba letlelelwa go tsena.

17 Mme go ne ga diragala gore Morena a simolole go ba segofatsa, mo e leng gore ba ne ba tlisa bontsi mo kitsong ya boammaaruri; ee, ba ne ba lemotsha bontsi ka dibe tsa bone, le dingwao tsa borraabo, tse di neng di sa siama.

18 Mme go ne ga diragala gore Amone le Lemonae ba bowe go tswa kwa lefatsheng la Miditonae go ya kwa lefatsheng la Išmaele, le e neng e le lefatshe la boswa jwa bone.

19 Mme kgosi Lemonae o ne a seka a letlelela gore Amone a mo direle, kgotsa a nne motlhanka wa gagwe.

20 Mme o ne a dira gore go nne le di senagoge di agilwe mo lefatsheng la Išemaele; mme a dira gore batho ba gagwe, kgotsa batho ba ba neng ba le ka fa tlase ga puso ya gagwe, ba iphuthaganye mmogo.

21 Mme o ne a ipela mo go bone, mme o ne a ba ruta dilo di le dintsi. Mme o ne a ba begela gape gore ba ne ba le batho ba ba ka fa tlase ga gagwe, le gore e ne e le batho ba ba gololesegileng, gore ba ne ba gololesegile mo dikgatelelong tsa kgosi, rraagwe; gonne gore rraagwe o ne a mo neetse gore o ka busa batho ba ba neng ba le mo lefatsheng la Išemaele, le mo lefatsheng lotlhe mo tikologong.

22 Mme o ne a bega gape go bone gore ba ne ba ka nna le kgololesego ya go obamela Morena Modimo wa bone go ya ka fa dikeletsong tsa bone, mo lefelong lefe kana lefe le ba neng ba le mo go lone, fa e ne e le mo lefatsheng le le neng le le ka fa tlase ga puso ya ga kgosi Lemonae.

23 Mme Amone o ne a rera go batho ba ga kgosi Lemonae; mme go ne ga diragala gore o ne a ba ruta mabapi le dilo tsotlhe tse di amanang le tshiamo. Mme o ne a ba rotloetsa ka letsatsi le letsatsi, ka tlhoafalo yotlhe; mme ba ne ba ela tlhoko lefoko la gagwe, mme ba ne ba le mafolofolo mo go tshegetseng ditaelo tsa Modimo.