Scriptures
Alema 58


Kgaolo 58

Hilamene, Kidi, le Thiamona ba tsaya motse wa Menthae ka leano—Baleimene ba boela morago—Barwa ba batho ba ga Amone ba a babalelwa jaaka fa ba ema ka thata mo tshireletsong ya kgololesego ya bone le tumelo. E ka nna dingwaga di le 63 go ya go di le 62 pele ga ga Keresete.

1 Mme bona, go ne ga diragala gore maikaelelo a rona a a latelang e ne e le go tsaya motse wa Menthae; mme bona, go ne go se tsela epe e re neng re ka ba gogela kwa ntle ga motse ka ditlhopha tsa rona tse dinnye. Gonne bona, ba ne ba gakologelwa seo se re kileng ra se dira; jalo he re ne re ka seka ra ba okisa go tswa mo maremelelong a bone.

2 Mme ba ne ba le bantsi thata go feta jaaka go ne go le mophato wa rona mo e leng gore re ne ra seka ra leka go ya pele mme ra ba tlhasela mo maremelelong a bone.

3 Ee, go ne ga tlhokafala gore re dirise banna ba rona go tlhokomela dikarolo tseo tsa lefatshe tse re neng re di tsere gape tsa taolo ya rona; jalo he go ne ga tlhokafala gore re lete, gore re ka amogela nonofo go tswa kwa lefatsheng la Sarahemola ga mmogo le go tlisediwa dijo tse dišha.

4 Mme go ne ga diragala gore ke ne jalo ka romela baemedi kwa mmusing wa lefatshe la rona, go mo itsise mabapi le seemo sa merero ya batho ba rona. Mme go ne ga diragala gore re ne ra letela go amogele dijo le nonofo go tswa kwa lefatsheng la Sarahemola.

5 Mme bona, se se ne sa re busetsa mme go le go nnye; gonne Baleimene le bone ba ne ba amogela nonofo e kgolo ka letsatsi le letsatsi, ga mmogo le dijo tse dintsi; mme jalo go ne go le seemo sa rona mo sebakeng se sa nako.

6 Mme Baleimene ba ne ba hegelwa kgatlhanong le rona go tswa nako le nako, ba fetsa ka leano go re senya; le fa go ntse jalo re ne re ka seke ra tla go lwa le bone, ka ntlha ya botshabelo jwa bone ga mmogo le maremelelo a bone.

7 Mme go ne ga diragala gore re ne ra leta mo seemong se se bokete sebaka sa dikgwedi di le dintsi, le go fitlhelela re batla go nyelediwa tota ka ntlha ya go batla dijo.

8 Mme go ne ga diragala gore re ne ra amogela dijo, tse di neng tsa disiwa go tla kwa go rona ke mophato wa banna ba ba dikete tse pedi go tla go re thusa; mme se ke yone thuso yotlhe e re neng ra e amogela, go itshireletsa le lefatshe la rona mo go weleng mo diatleng tsa baba ba rona, ee, go itaana le mmaba yo o neng a sena palo.

9 Mme jaanong lebaka la matlhabisa ditlhong a a rona, kgotsa lebaka la gore ke eng se se neng sa dira gore ba ne ba sa romelele nonofo e ntsi go rona, ga re itse gore e ne e le eng; jalo he re ne re hutsafetse mme e bile re tletse poifo, gore e se re kgotsa ka nngwe tsela dikatlholo tsa Modimo di tle mo lefatsheng la rona, go thankgolo ya rona le nyeletso gotlhelele.

10 Jalo he re ne ra tshela botho jwa rona mo thapelong kwa Modimong, gore a re nonotshe mme a re golole go tswa mo diatleng tsa baba ba rona, ee, le gape a re fe nonofo gore re ka tla ra tshegetsa metse ya rona, le mafatshe a rona, le dilwana tsa rona, go tlhokomelo ya batho ba rona.

11 Ee, mme go ne ga diragala gore Morena Modimo wa rona o ne a re etela ka ditlhomamiso gore o tlaa re golola; ee, mo a neng a bua kagiso kwa bothong jwa rona, mme a naya go rona tumelo e kgolo, mme a re dira gore re solofele kgololo ya rona mo go ene.

12 Mme re ne ra tsaya kgothatso ka mophato wa rona o monnye o re neng re o amogetse, mme re ne re nitame ka maikaelelo a go fenya baba ba rona, le go tlhokomela mafatshe a rona, le dilwana tsa rona, le basadi ba rona, le bana ba rona, le maikemisetso a kgololesego ya rona.

13 Mme jalo re ne ra ya pele ka nonofo yotlhe ya rona kgatlhanong le Baleimene, ba ba neng ba le mo motseng wa Menthae, mme re ne ra tlhoma ditante tsa rona ka fa ntlheng ya naga, e e neng e le gaufi le motse.

14 Mme go ne ga diragala gore mo mosong, gore fa Baleimene ba bona gore re ne re le mo molelwaneng gaufi le naga e e neng e le gaufi le motse, ba ne ba romela ditlhola tsa bone mo tikologong ya rona gore ba tle ba bone palo le nonofo ya mophato wa rona.

15 Mme go ne ga diragala gore fa ba bona gore re ne re sa nonofa, go ya ka fa dipalong tsa rona, gape ba boifa gore re ka nna ra ba kgaola go tswa mo thusong ya bone fa e se fela ba ka tswela kwa ntle go lwa le rona le go re bolaya, mme gape ba gopola gore ba ka re bolaya motlhofo ka masomosomo a bone a mantsi, jalo he ba ne ba simolola go dira dipaakanyo go tla kgatlhanong le rona go lwa.

16 Mme fa re bona gore ba ne ba dira dipaakanyo go tla kgatlhanong le rona, bona, ke ne ka dira gore Kidi, le palo e nnye ya banna, a iphitlhe mo nageng, le gape gore Thiamona le palo e nnye le bone ba iphitlhe mo nageng.

17 Jaanong Kidi le banna ba gagwe ba ne ba le ka fa mojeng mme ba bangwe ba ne ba le ka fa molemeng; mme fa ba sena go iphitlha jalo, bona, ke ne ka sala, le masalela a mophato wa me, mo go lone lefelo leo fa re neng re tlhomile ditante tsa rona lantlha kgatlhanong le nako gore Baleimene ba tswele kwa ntle go lwa.

18 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba tswele kwa ntle ka mophato wa bone o montsi kgatlhanong le rona. Mme fa ba ne ba tlile mme ba le gaufi le go wela mo go rona ka tšhaka, ka dira gore banna ba me, bao ba ba neng ba na le nna, ba katela morago mo nageng.

19 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba ne ba re sala morago ka bofefo jo bogolo, gonne ba ne ba eletsa mo go feteletseng go re tshwara gore ba ka tla ba re bolaya; jalo he ba ne ba re sala morago go tsena le rona mo nageng; mme re ne ra feta fa gare ga ga Kidi le Thiamona, mo e leng gore ba ne ba seka ba lemogwa ke Baleimene.

20 Mme go ne ga diragala gore fa Baleimene ba sena go feta, kgotsa fa mophato o sena go feta, Kidi le Thiamona ba ne ba emelela go tswa mo mafelong a bone a sephiri, mme ba ne ba thibela tsela ditlhola tsa Baleimene gore ba seka ba boela kwa motseng.

21 Mme go ne ga diragala gore fa ba sena go ba thibela tsela, ba ne ba tabogela kwa motseng mme ba fitlha ba wela mo badiseng ba ba neng ba tlogetswe go disa motse, mo e leng gore ba ne ba ba senya mme ba tsaya motse.

22 Jaanong se se ne sa dirwa ka ntlha ya gore Baleimene ba ne ba letlelela mophato wa bone otlhe, fa e se badisanyana ba se kae fela go gogelwa mo nageng.

23 Mme go ne ga diragala gore Kidi le Thiamona ka tsela e ba ne ba tsere maremelelo a bone. Mme go ne ga diragala gore re tseye tsela ya rona, morago ga re tsamaile thata mo nageng go ya ntlheng ya lefatshe la Sarahemola.

24 Mme fa Baleimene ba bona gore ba ne ba gwantela ntlheng ya lefatshe la Sarahemola, ba ne ba boifa mo go feteletseng, e se re kgotsa go na le leano le dirilwe go ba gogela kwa tshenyegong; jalo he ba simolola go katela morago mo nageng gape, ee, le go ya morago ka tsela yone e ba neng ba tlile ka yone.

25 Mme bona, go ne go le bosigo mme ba ne ba tlhoma ditante tsa bone, gonne bakapoteni bagolo ba Baleimene ba ne ba gopola gore Banifae ba ne ba lapile ka ntlha ya go gwanta ga bone; mme ba gopola gore ba kgweeditse mophato otlhe wa bone jalo he ba ne ba seka ba akanya mabapi le motse wa Menthae.

26 Mme go ne ga diragala gore fa go ne go le bosigo, ke ne ka dira gore banna ba me ba seka ba robala, mme gore ba gwantele kwa pele ka tsela e nngwe go ya ntlheng ya lefatshe la Menthae.

27 Mme ka ntlha ya go gwanta mo ga rona mo nakong ya bosigo, bona, mo mosong re ne re le ka kwa ga Baleimene, mo e leng gore re ne ra goroga pele ga bone kwa motseng wa Menthae.

28 Mme go ne ga diragala gore, ka leano le re ne ra tsaya motse wa Menthae kwa ntle ga tshololo ya madi.

29 Mme go ne ga diragala gore fa mephato ya Baleimene e tla go goroga gaufi le motse, mme ba bona gore re ne re ipaakanyeditse go ba kgatlhantsha, ba ne ba gakgametse mo go feteletseng mme ba itewa ke poifo e kgolo, mo e leng gore ba ne ba tshabela mo nageng.

30 Ee, mme go ne ga diragala gore mephato ya Baleimene e ne ya tshaba go tswa mo khutlong eno ya lefatshe. Mme bona, ba tsere le bone basadi ba le bantsi le bana go tswa mo lefatsheng.

31 Mme metse eo e e neng e tserwe ke Baleimene, yotlhe ya yone mo sebakeng se sa nako e mo taolong ya rona; mme borraarona le basadi ba rona le bana ba rona ba boela kwa magaeng a bone, botlhe kwa ntle ga bao ba ba tserweng magolegwa mme ba tsewa ke Baleimene.

32 Mme bona, mephato ya rona e mennye go tshegetsa palo e kgolo jaana ya metse le dilwana tse dikgolo jalo.

33 Mme bona, re tshepha mo Modimong wa rona o o re fileng phenyo mo mafatsheng ao, mo e leng gore re tsere metse eo le mafatshe ao, tse e neng e le tsa rona.

34 Jaanong ga re itse lebaka le ka lone puso e sa re neeng nonofo e ntsi; le fa e le banna bao ba ba neng ba tla kwa go rona ga ba itse gore ke eng re ise re amogele nonofo e kgolo.

35 Bona, ga re itse gore mme ke eng ga o kgone, mme o gogetse mephato mo khutlong eo ya lefatshe; fa gole jalo, ga re eletse go ngunanguna.

36 Mme fa e le gore ga go a nna jalo, bona, re boifa gore go na le lekgamu lengwe mo pusong, gore ga ba romele banna ba bangwe go thuso ya rona; gonne re itse gore ba bantsi go gaisa bao ba ba ba rometseng.

37 Mme bona, ga gore sepe—re tshepha gore Modimo o tlaa re golola, go sa kgathalesege bokowa jwa mephato ya rona, ee, mme go re golola go tswa mo diatleng tsa baba ba rona.

38 Bona, o ke ngwaga wa masome a mabedi le borobabongwe, mo ntlheng ya bofelo, mme re tshotse mafatshe a rona; mme Baleimene ba tshabetse kwa lefatsheng la Nifae.

39 Mme barwa bao ba batho ba ga Amone, ba ka bone ke buileng ka go ba tlotlomatsa jaana, ba na le nna mo motseng wa Menthae; mme Morena o ba tlhokometse, ee, mme a ba thibela mo go weng ka tšhaka, mo e leng gore le motho a le mongwe ga a bolawa.

40 Mme bona, ba ne ba amogela dintho tse dintsi; le fa go ntse jalo ba ema ka tsepamo mo kgololesegong eo e ka yone Modimo o ba golotseng; mme ba tlhoafetse go gakologelwa Morena Modimo wa bone ka letsatsi le letsatsi; ee, ba tlhokomela go tshegetsa melawana ya gagwe, le dikatlholo tsa gagwe, le ditaolo tsa gagwe ka tswelelo; mme tumelo ya bone e nonofile mo diporofitong mabapi le tse di tlaa tlang.

41 Mme jaanong, morwarre yo o rategang Moronae, a Morena Modimo wa rona, yo o re rekolotseng mme a re golola, a go beye ka tswelelo fa pele ga gagwe; ee, mme a a rate batho ba, mo e leng gore o ka nna le go kgona mo go tseyeng taolo ya tsotlhe tse Baleimene ba di tsereng mo go rona, tse e neng e le tsa tlhokomelo ya rona. Mme jaanong, bona, ke tswala lokwalo lwa me. Ke Hilamene, morwa Alema.