Scriptures
Alema 10


Kgaolo 10

Lihae o tswa mo go Manase—Emiuleke o bolela ka ga taolo ya seengele ya gore a tlhokomele Alema—Dithapelo tsa basiami di dira gore batho ba tlogelwe—Babueledi le baatlhodi ba ba sa siamang ba tlhoma motheo wa go senngwa ga batho. E ka nna dingwaga di le 82 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong a ke mafoko a Emiuleke a neng a a rera go batho ba ba neng ba le mo lefatsheng la Emonaeha a re:

2 Ke nna Emiuleke; ke morwa Kiditona, yo e neng e le morwa Išemaele yo e neng e le kokomana ya ga Aminatae; mme e ne e le ene Aminatae yoo yo o neng a tolokolola mokwalo o o neng o le mo leboteng la tempele, o o neng o kwadilwe ka monwana wa Modimo.

3 Mme Aminatae e ne e le kokomana ya ga Nifae, yo e neng e le morwa Lihae, yo o duleng kwa lefatsheng la Jerusalema, yo o neng e le kokomana ya ga Manase, yo o neng e le morwa Josefe yo o neng a rekisediwa mo Egepeto ka diatla tsa bakaulengwe ba gagwe.

4 Mme bonang, gape ke monna wa tumo e e seng potlana gareng ga botlhe ba ba nkitseng; ee, mme bonang, ke na le masika a le mantsi le ditsala, mme gape ke nnile le dikhumo di le dintsi ka seatla sa go dira ga me.

5 Le fa go ntse jalo, morago ga tse tsotlhe, ga ke ise ke itse go le go ntsi ka ditsela tsa Morena, le masaitseweng a gagwe le thata e e gakgamatsang. Ke rile ga ke ise ke itse thata ka dilo tse; mme bonang, ke dira phoso, gonne ke bone bontsi jwa masaitseweng a gagwe le thata ya gagwe e e gakgamatsang; ee, le mo tshomarelong tota ya matshelo a batho ba.

6 Le fa go ntse jalo, ke ne ka thatafatsa pelo ya me, gonne ke ne ka bidiwa makgetho a mantsi mme ke ne ka seka ka utlwa; jalo he ke ne ke itse mabapi le dilo tse, mme ke ne ka nna ka seka ka itse; jalo he ke ne ka tswelela ka ingaola kgatlhanong le Modimo, mo boleong jwa pelo ya me, le go fitlhela ka letsatsi la bone la kgwedi e ya bosupa, e e leng mo ngwageng wa bolesome wa puso ya baatlhodi.

7 Jaaka fa ke ne ke eta go bona losika lo lo gaufi thata, bonang moengele wa Morena o ne a bonala go nna mme a re: Emiuleke, boela kwa ntlong ya gago, gonne o tlaa jesa moporofiti wa Morena; ee, monna yo o boitshepho, yo e leng monna yo o kgethegileng wa Modimo; gonne o ikiditse dijo malatsi a le mantsi ka ntlha ya dibe tsa batho ba, mme o tshwerwe ke tlala, mme wena o tlaa mo amogela mo ntlong ya gago mme o mo jese, mme o tlaa go segofatsa le ntlo ya gago, mme tshegofatso ya Morena e tlaa nna mo go wena le ntlo ya gago.

8 Mme go ne ga diragala gore ke ne ka obamele lentswe la moengele, mme ka boela go ya ntlheng ya ntlo ya me. Mme jaaka fa ke ya koo ka bona monna yo moengele a rileng go nna: O tlaa mo amogela mo ntlong ya gago—mme bonang e ne e le ene monna yo yo o ntseng a bua le lona mabapi le dilo tsa Modimo.

9 Mme moengele o ne a re go nna ke monna yo o boitshepho; ka jalo he ke itse gore ke monna yo o boitshepho gonne go ne ga buiwa se ke moengele wa Modimo.

10 Mme gape ke itse gore dilo tse ka tsone a pakileng di boammaaruri; gonne bonang ka re go lona, jaaka Morena a tshela, le jalo o rometse moengele wa gagwe go dira dilo gore di supegetswe go nna; mme se o se dirile fa Alema yo a ne a nna mo ntlong ya me.

11 Gonne bonang, o segofaditse ntlo ya me, o ntshegofaditse, le basadi ba me, le bana ba me, le ntate le losika lwa me; ee, le losika lotlhe lwa me tota o le segofaditse, mme tshegofatso ya Morena e ntse mo go rona go ya ka fa mafokong a a neng a a buile.

12 Mme jaanong, fa Emiuleke a sena go bua mafoko a, batho ba ne ba simolola go gakgamala, ba bona gore go ne go le mosupi yo o fetang bongwe yo o neng a paka ka ga dilo tse ka tsone ba neng ba sekisiwa, le gape ka ga dilo tse di neng di tlaa tla, go ya ka fa moweng wa seporofiti o o neng o le mo go bone.

13 Le fa go ntse jalo, go ne go le bangwe gareng ga bone ba ba neng ba akanya go ba botsolotsa, gore ka dithulaganyo tsa bone tsa boferefere gongwe ba ka ba tshwara ka mafoko, gore ba tle ba bone bosupi kgatlhanong le bone, gore ba tle ba ba neele go baatlhodi ba bone gore ba ka tla ba atlholwa go ya ka fa molaong, le gore ba ka tla ba bolawa kgotsa ba latlhelwa mo kgolegelong, go ya ka fa melatong e ba neng ba ka dira gore e bonale kgotsa ba e supa kgatlhanong le bone.

14 Jaanong e ne e le banna bao ba ba neng ba batla go ba senya, ba e neng e le babueledi, ba ba neng ba thapilwe kgotsa ba tlhomilwe ke batho go dirisa molao ka dinako tsa bone tsa tsheko, kgotsa kwa ditshekong tsa melato ya batho fa pele ga baatlhodi.

15 Jaanong babueledi ba ba ne ba rutegile mo bokgoneng jotlhe le boferefere jwa batho; mme se e ne e le gore ba kgone gore ba ka tswerefala mo tirong e ba nang le kitso ya yone.

16 Mme go ne ga diragala gore ba simolole go botsolotsa Emiuleke, gore ka se ba ka tla ba mo dira go fapaanya mafoko a gagwe, kgotsa a ganetse mafoko a a ka a buang.

17 Jaanong ba ne ba sa itse gore Emiuleke o ne a ka itse maikaelelo a bone. Mme go ne ga diragala gore fa ba simolola go mmotsolotsa, a bona dikakanyo tsa bone, mme a ba raya a re: O lona tshika e e boleo e bile e sokame, lona babueledi le baitimokanye, gonne le tlhoma metheo ya ga diabole; gonne le tlhoma diselaga le dirai go tshwara ba ba boitshepho ba Modimo.

18 Lo tlhoma maano a go sokamisa ditsela tsa basiami, le go tlisa kgalefo ya modimo mo ditlhogong tsa lona, le mo tshenyong gotlhelele ya batho ba.

19 Ee, Mosaeya o buile sentle, yo e neng e le kgosi ya rona ya bofelo, fa a ne a le gaufi le go naya bogosi, a sena ope go bo baya mo go ene, a dira gore batho ba ba tshwanetse go busiwa ka mantswe a bone—ee, o ne a bua sentle gore fa nako e ka tla e lentswe la batho le tlaa itlhophelang boikepi, ke gore, fa nako e ka tla e batho ba ba tlaa welang mo ditlolong molao, ba tla bo ba butsweditse tshenyego.

20 Mme jaanong ka re go lona sentle Morena o atlhola boikepi jwa lona; o lelela sentle kwa bathong ba, ka lentswe la baengele ba gagwe: Ikotlhaeng lona, ikotlhaeng, gonne motse wa bogosi jwa legodimo o fa seatleng.

21 Ee o a lela sentle, ka lentswe la baengele ba gagwe gore, ke tlaa tla tlase gareng ga batho ba me, ka tekanyo le tshiamiso mo diatleng tsa me.

22 Ee, ka re go lona fa e ne e se ka dithapelo tsa basiami ba jaanong ba leng mo lefatsheng, gore lo ka bo le jaanong lo etelwa ka tshenyo gotlhelele; le fa go ntse jalo e tla bo e se ka morwalela, jaaka go ne go le batho ka malatsi a ga Noa, mme e tlaa bo e le ka tlala le ka leroborobo, le tšhaka.

23 Mme ke ka dithapelo tsa basiami gore lo bo lo tlogetswe; jaanong jalo he, fa lo ka koba basiami go tswa gareng ga lona, jaanong foo Morena ga a na go leseletsa; mme mo tšhakgalong ya gagwe e e boitshegang o tlaa tswela kwa ntle kgatlhanong le lona; jaanong foo lo tlaa itewa ka tlala, le ka leroborobo, le ka tšhaka; mme nako ka bonako e fa seatleng kwa ntle ga lo ka ikotlhaya.

24 Mme jaanong go ne ga diragala gore batho ba ne ba šakgaletse thata Emiuleke, mme ba goa ba re: monna yo o kgoba kgatlhanong le melao ya rona e e tshiamo le tlhamalalo le babueledi ba rona ba ba botlhale ba re ba tlhophileng.

25 Mme Emiuleke a thapololela pele seatla sa gagwe, a goa go bone mo gogolo a re: O lona tshika e e boleo le tshokamo, ke goreng fa Satane a tshwere bogolo mo go kana dipelo tsa lona? Ke ka goreng lo ineetse mo go ene gore a nne le thata mo godimo ga lona, go foufatsa matlho a lona, gore lo seka lwa tlhaloganya mafoko a a buiwang, go ya ka fa boammaaruring jwa o ne?

26 Gonne bonang, a ke pakile kgatlhanong le molao wa lona? Ga lo tlhaloganye; lwa re ke buile kgatlhanong le molao wa lona; mme ga ke a dira jalo ke bueleletse melao ya lona, go pono molato le kotlhao ya lona.

27 Mme jaanong bonang, ka re go lona, motheo wa tshenyo ya batho ba o simolotswe go tlhomiwa ke tshiamololo ya babueledi ba lona le baatlhodi ba lona.

28 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Emiuleke a sena go bua mafoko a batho ba ne ba goa kgatlhanong le ene, ba re: Jaanong re a itse gore monna yo ke ngwana wa ga diabole, gonne o re akeditse; gonne o buile kgatlhanong le molao wa rona. Mme jaanong a re ga a a bua kgatlhanong le one.

29 Mme gape, o buile kgobo kgatlhanong le babueledi ba rona, le baatlhodi ba rona.

30 Mme go ne ga diragala gore babueledi ba beye mo dipelong tsa bone gore ba gakologelwe dilo tse kgatlhanong le ene.

31 Mme go ne go le mongwe gareng ga bone yo leina la gagwe e neng e le Seeseramo. Jaanong o ne a le kwa pele go latofatsa Emiuleke le Alema, ene e le mongwe wa bomaitseanape go feta gareng ga bone, a na le go le go ntsi go go dira gareng ga batho.

32 Jaanong maikaelelo a babueledi ba e ne e le go bona poelo; mme ba ne ba bona poelo go ya ka go thapiwa ga bone.