Scriptures
Alema 42


Kgaolo 42

Seemo se se swang ke nako ya tekeletso go kgonisa motho go ikotlhaya le go direla Modimo—Go wa go tlisitse loso lwa nakwana le la semoya mo losikeng la motho lotlhe—Thekololo e tla ka boikotlhao—Modimo ka boene o letlanyetsa dibe tsa lefatshe—Kutlwelobotlhoko ke ya bao ba ba ikotlhayang—Ba bangwe botlhe ba mo taolong ya tshiamiso ya Modimo—Kutlwelobotlhoko e tla ka ntlha ya Tetlanyo—Ke fela ba ba boikotlhao ka boammaaruri ba ba bolokwang. E ka nna dingwaga di le 74 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, morwaaka, ke lemoga gore go selekanyo sengwe gape se se tshwenyang mogopolo wa gago, se o sa se tlhaloganyeng—se se mabapi le tshiamiso ya Modimo mo kotlhaong ya moleofi; gonne o leka go gopola gore ke go tlhoka tshiamiso gore moleofi a gololelwe kwa seemong sa bohutsana.

2 Jaanong bona, morwaaka, ke tlaa tlhalosa selo se go wena. Gonne bona, morago ga Morena Modimo a sena go romela batsadi ba rona ba ntlha go tswa kwa tshimong ya Etene, go lema mmu, go tswa mo ba neng ba tsewa teng—ee, o ne a ntsha monna, mme a baya kwa bokhutlong jo bo kwa botlhaba tsatsi jwa tshimo ya Etene, ditšheruba, le tšhaka e e tukang e e neng e retologela ntlheng tsotlhe, go tlhokomela setlhare sa botshelo—

3 Jaanong, re bona gore monna o ne a tla go tshwana le Modimo, a itse molemo le bosula; mme gore a seka a tloga a isa seatla sa gagwe, mme a tsaya gape ga setlhare sa botshelo, mme a ja mme a tshela ka metlha. Morena Modimo a baya ditšheruba le tšhaka e e tukang, gore a seka a ja leungo—

4 Mme jalo re bona, gore go ne ga nna le nako e neilwe motho gore a ikotlhaye, ee, nako ya tekeletso, nako ya go ikotlhaya le go direla Modimo.

5 Gonne bona, fa Atame a ka bo a ne isitse seatla sa gagwe go ne foo, mme a ja setlhare sa botshelo, o ka bo a tshedile ka metlha, go ya ka fa lefokong la Modimo, a sena sebaka sa boikotlhao; ee, mme gape lefoko la Modimo le ka bo le nnile lefela, mme thulaganyo e kgolo ya poloko e ne e ka bo e kgoreletsegile.

6 Mme bona, go ne go laoletswe go motho go swa—jalo he, fela jaaka ba ne ba kgaotswe go tswa mo setlhareng sa botshelo ba tshwanetse go kgaolwa go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe—mme motho o ne a latlhegela ruri, ee, ba ne ba nna batho ba ba oleng.

7 Mme jaanong, o bona ka se gore batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba kgaolwa fa pele ga Morena mmogo mo nakwaneng le mo semoweng; mme jalo re bona ba ne ba tla mo taolong go latela morago thato ya bone.

8 Jaanong bona, go ne go sa tlhokafale gore motho a gololwe mo losong le la nakwana, gonne seo se ne se tlaa senya thulaganyo e kgolo ya boitumelo.

9 Jalo he, jaaka botho bo ka seke bo swe, mme go wa go tlisitse mo losikeng lotlhe la motho loso la semoya ga mmogo le la nakwana, ke gore, ba ne ba kgaolwa go tswa fa pele ga Morena, go ne ga tlhokafala gore losika lwa monna le gololwe go tswa mo losong lwa semoya.

10 Jalo he jaaka ba ne ba fetogile go nna selefatshe, senama le sediabole, ka tlholego, seemo se sa tekeletso se ne sa tla go nna seemo sa bone go ipaakanya; se ne sa tla go nna seemo sa paakanyetso.

11 Mme jaanong gakologelwa, morwaaka, fa e ne e se ka thulaganyo ya thekololo, (e seegetswe fa thoko) gone fela foo fa ba a swa botho jwa bone bo ne jwa hutsafala, bo kgaotswe fa pele ga Morena.

12 Mme jaanong, go ne go sena tsela go golola motho go tswa gape mo seemong sa go wa se, se monna a se tlisitseng mo go ene ka ntlha ya go sa obamela ga gagwe;

13 Jalo he, go ya ka fa tshiamisong, thulaganyo ya thekololo e ne e ka seke ya diragadiwa, fela ka mabaka a boikotlhao jwa batho mo seemong se sa tekeletso, ee, mo seemong se sa paakanyetso; gonne kwa ntle ga e ne e le ka mabaka a, kutlwelobotlhoko e ne e ka seka ya diragadiwa fa e se go senya tiro ya tshiamiso. Jaanong tiro ya tshiamiso ga e kake ya senngwa; fa go le jalo, Modimo o tlaa emisa go nna Modimo.

14 Mme jalo re bona gore batho botlhe ba ne ba ole, mme ba ne ba le mo ngaparelong ya tshiamiso; ee, tshiamiso ya Modimo, e e ba golotseng ka metlha go kgaolwa go tswa fa pele ga gagwe go ya go ile.

15 Mme jaanong, thulaganyo ya kutlwelobotlhoko e ne e ka seke e tlisiwe kwa ntle ga gore tetlanyo e dirwe; jalo he Modimo ka boene o letlanyetsa dibe tsa lefatshe, go diragatsa thulaganyo ya kutlwelobotlhoko, go kgotsofatsa ditopo tsa tshiamiso, gore Modimo o ka tla a nna Modimo yo o boitekanelo, tshiamo le tlhamalalo, le Modimo yo o boutlwelobotlhoko gape.

16 Jaanong, boikotlhao bo ne bo ka seka jwa tla go batho kwa ntle ga gona le katlholo, e le yone e neng e le ya bosakhutleng jaaka botshelo jwa botho bo tshwanetse go nna, e tshwaragantswe go lebagana le thulaganyo ya boitumelo, e e neng e sa khutle le yone jaaka botshelo jwa botho.

17 Jaanong, motho o ka ikotlhaya jang fa e se a ka leofa? O ka leofa jang fa go ne go sena molao? Go ka nna molao jang fa e se gore go ne go na le kotlhao?

18 Jaanong, go ne go na le kotlhao e tshwaragantswe, le molao o o tshiamo le tlhamalalo o filwe, o o tlisitseng kutlobotlhoko ya boikotlhao jwa letswalo mo mothong.

19 Jaanong, fa go ne go sena molao o neilwe—fa motho a bolaile o tshwanetse go swa—a o ka boifa gore o ka swa fa a ka bolaya?

20 Mme gape, fa go ne go sena molao o o filweng kgatlhanong le sebe batho ba ne ba ka seka ba tshaba go leofa.

21 Mme fa go ne go sena molao o filwe, fa batho ba leofile tshiamiso e ne e ka dira eng, kgotsa kutlwelobotlhoko le yone, gonne di ne di ka se nne le seabe sepe mo setsheding?

22 Mme go na le molao o o filweng, le kotlhao e tshwaragantswe, le boikotlhao bo neilwe; boikotlhao jo, kutlwelobotlhoko e nang le seabe mo go jone; go seng jalo, tshiamiso e laola setshedi mme e dirisa molao, mme molao one o tlisa kotlhao; go sa nneng jalo, ditiro tsa tshiamiso di tlaa senngwa, mme Modimo o tlaa emisa go nna Modimo.

23 Mme Modimo ga a emise go nna Modimo, mme kutlwelobotlhoko e tsaya ba ba boikotlhao, mme kutlwelobotlhoko e tla ka ntlha ya tetlanyo; mme tetlanyo e diragatsa tsogo ya baswi; mme tsogo ya baswi e busetsa morago batho fa pele ga Modimo; mme jalo ba tsosolosiwa fa pele ga gagwe, go atlholwa go ya ka fa ditirong tsa bone, go ya ka fa molaong le tshiamiso.

24 Gonne bona, tshiamiso e dirisa ditopo tsotlhe tsa yone, mme gape kutlwelobotlhoko e tsaya botlhe ba e leng ba yone; mme jalo, ga go bape fa e se ba ba boikotlhao e le ruri ba ba bolokwang.

25 Ke eng, a o gopola gore kutlwelobotlhoko e ka thukutha tshiamiso? Ke go raya ke re, Nnyaa; le fa e le go le gonnye. Fa go le jalo, Modimo o ka emisa go nna Modimo.

26 Mme jalo Modimo o tlisa maikaelelo a gagwe a magolo a a sa khutleng, a a neng a baakantswe go tswa kwa motheong wa lefatshe. Mme jalo go tla poloko le thekololo ya batho, ga mmogo le tshenyo ya bone le khutsafalo.

27 Jalo he, O morwaaka, mang le mang yo o batlang go tla o ka tla mme a nwa metsi a botshelo ka kgololesego; mme mang le mang yo o sa batleng go tla le ene ga a patelediwe go tla; mme mo letsatsing la bofelo go tlaa tsosolosiwa go ene go ya ka fa ditirong tsa gagwe.

28 Fa a ne a eleditse go dira bosula, mme a seka a ikotlhaya mo malatsing a gagwe, bona, bosula bo tlaa direlwa go ene, go ya ka fa tsosolosong ya Modimo.

29 Mme jaanong, morwaaka, ke eletsa gore o seka wa letla dilo tse go tlhola di go tshwenya gape, mme fela o letle dibe tsa gago go go tshwenya, ka letshwenyo leo le le tlaa go tlisang go boikotlhao.

30 O morwaaka, ke eletsa gore o seka wa tlhola o gana tshiamiso ya Modimo gape. O seka wa leka go ipata go le gonnye ka ntlha ya dibe tsa gago, ka go gana tshiamiso ya Modimo; a mme o letlelela tshiamiso ya Modimo, le kutlwelobotlhoko ya gagwe, le boitshoko jwa gagwe go nna le tlhotlheletso e e tletseng mo pelong ya gago; mme mma e go tlise kwa tlase mo leroleng ka boingotlo.

31 Mme jaanong,O morwaaka, o biditswe ke Modimo go rera lefoko go batho ba. Mme jaanong, morwaaka, tsamaya tsela ya gago, bega lefoko ka boammaaruri le tlhoafalo, gore o tle o tlise batho go boikotlhao, gore thulaganyo e kgolo ya kutlwelobotlhoko e ka nna le taolo mo go bone. Mme a Modimo a go neye le go ya ka fa mafokong a me tota. Amene.