Scriptures
Alema 39


Ditaelo tsa ga Alema go morwawe Korianthene.

E le mo dikgaolo 39 go ya go 42 di balelwa mo teng.

Kgaolo 39

Sebe sa thobalano ke bodiabole—Dibe tsa ga Korianthene di thibetse Basoramo mo go amogeleng lefoko—Thekololo ya ga Keresete e a bereka mo go bolokeng baikanyegi ba ba tlileng pele ga yone. E ka nna dingwaga di le 74 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, morwaaka, ke na le go le selekanyo sengwe go se bua go wena go feta se ke se buileng go morwarrago; gonne bona, a ga o a bona go itsetsepela ga ga morwarrago, go ikanyega ga gagwe, le tlhoafalo ya gagwe mo go tshegetseng ditaelo tsa Modimo? Bona, a ga a tlhoma sekai se se molemo go wena?

2 Gonne ga o a naya kelotlhoko e ntsi jalo go mafoko a me jaaka go dirile morwarrago, gareng ga batho ba Basoramo. Jaanong se ke sone se ke nang le sone kgatlhanong le wena; wena o ne wa tswelela mo go ikgantsheng mo nonofong ya gago le tlhalefo ya gago.

3 Mme se ga se gotlhe, morwaaka. O ne wa dira seo se se botlhoko go nna; gonne o ne wa tlogela tirelo, mme wa ya kwa lefatsheng la Saerone, gareng ga melelwane ya Baleimene, morago ga seaka Isabela.

4 Ee, o ne a gapa dipelo tsa ba le bantsi; mme se e ne e se seipato mo go wena, morwaaka. O ka bo o tlhokometse tirelo e mo go yone o neng o neilwe tlhokomelo.

5 A ga o itse, morwaaka, gore dilo tse ke bodiabole mo ponong ya Morena; ee, bodiabole jo bo fetang dibe tsotlhe fa e se tshololo ya madi a yo o senang molato kgotsa go latola Mowa o o Boitshepho?

6 Gonne bona, fa o latola Mowa o o Boitshepho mme o kile wa nna le lefelo mo go wena, mme o itse gore o a o latola, bona, se ke sebe se se senang boitshwarelo; ee, mme mang le mang yo o bolayang kgatlhanong le lesedi le kitso ya Modimo, ga go motlhofo gore a bone boitshwarelo; ee, ke go raya ke re, morwaaka, ga go motlhofo mo go ene gore a bone boitshwarelo.

7 Mme jaanong, morwaaka, ke ka re go Modimo gore o ka bo o se molato o o mogolo jaana. Ga ke kake ka nna mo melatong ya gago, go haraka botho jwa gago, fa e ne e se gore go go sologele molemo.

8 Mme bona, ga o kake wa fitlhela Modimo melato ya gago; mme fa e se o ka ikotlhaya e tlaa ema e le bopaki kgatlhanong le wena ka letsatsi la bofelo.

9 Jaanong morwaaka, ke ka re o ikotlhaye mme o tlogele dibe tsa gago, mme o se tlhole o tsamaya gape fa morago ga dikeletso tsa matlho a gago, mme o intshe mo dilong tse tsotlhe; gonne fa o ka seka wa dira se ga o kake ka mokgwa ope wa tsaya motse wa bogosi jwa Modimo. O, gakologelwa, mme o e tseye mo go wena, mme o intshe mo dilong tse.

10 Mme ke go laela gore o tseye mo go wena go gakololana le bomorwarrago ba batona mo ditirong tsa gago; gonne bona, o mo bonaneng jwa gago, mme o eme mo go tlhokeng go otliwa ke bomorwarrago. Mme o eletlhoko kgakololo ya bone.

11 O se itetlelele go timediwa ke sepe sa lefela kgotsa dilo tsa boeleele; o se letlelele diabole go isa go sele pelo ya gago gape fa morago ga diaka tse di boleo tseo. Bona, O morwaaka, boikepi jo bogolo jang jo o bo tlisetseng mo Basoramong; gonne fa ba ne ba bona maitsholo a gago ba ne ba se kake ba dumela mo mafokong a me.

12 Mme jaanong Mowa wa Morena o nthaya o re: Laela bana ba gago go dira molemo, e se re kgotsa ba tlaa isa dipelo tsa batho ba le bantsi go tshenyegong; jalo he ke a go laela, morwaaka, mo poifong ya Modimo, gore o itshware mo go direng boikepi jwa gago;

13 Gore o fetogele go Morena ka mogopolo wa gago otlhe, bonatla, le nonofo; gore o se tlhole o isa go sele dipelo tsa bape go dira boikepi; mme boemong o boele kwa go bone, mme o amogele gore o dumalana gore o dirile diphoso tsa gago le molato o o o dirileng.

14 O seka wa batla dikhumo le fa e le dilo tsa lefela tsa lefatshe le; gonne bona, ga o kake wa di tsaya le wena.

15 Mme jaanong, morwaaka, ke tlaa bua ka selekanyo sengwe go wena mabapi le go tla ga ga Keresete. Bona, ke go raya ke re, ke ene yo e le ruri a tlaa tlang go tsaya dibe tsa lefatshe; ee, o tla go bega melaetsa e e itumedisang ya poloko go batho ba gagwe.

16 Mme jaanong, morwaaka, e e ne e le tirelo e o neng o e bileditswe, go bega melaetsa e e itumedisang go batho ba, go baakanya megopolo ya bone; kgotsa gore poloko e ka tla ya tla mo go bone, gore ba ka tla ba baakanya megopolo ya bana ba bone go utlwa lefoko ka nako ya go tla ga gagwe.

17 Mme jaanong ke tlaa tlhofofatsa mogopolo wa gago ka selekanyo sengwe mo kgannyeng e. Bona, o gakgamala gore ke eng dilo tse di tshwanetse go itsiwe nako e kgakala jaana pele. Bona, ke go raya ke re, a botho mo nakong e ga bo botlhokwa mo Modimong fela jaaka botho bo tla bo bo ntse ka nako ya go tla ga gagwe?

18 A ga go tlhokafale gore thulaganyo ya thekololo e itsesiwe go batho ba ga mmogo le bana ba bone?

19 A ga go motlhofo mo nakong e gore Morena a romele moengele wa gagwe go bega melaetsa e e itumedisang go rona jaaka go bana ba rona, kgotsa jaaka morago ga nako ya go tla ga gagwe?