Scriptures
Alema 62


Kgaolo 62

Moronae o gwantela go thusa Phahorane kwa lefatsheng la Giteone—Banna ba bogosi ba ba ganang go sireletsa lefatshe la bone ba a bolawa—Phahorane le Moronae ba tsaya gape Nifaeha—Baleimene ba le bantsi ba kopana le batho ba ga Amone—Thienkhamo o bolaya Emorane mme go latela se o a bolawa—Baleimene ba kobiwa mo lefatsheng, mme kagiso e a tlhongwa—Hilamene o boela kwa tirelong mme o aga Kereke. E ka nna dingwaga di le 62 go ya go di le 57 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Moronae a sena go amogela lokwalo lo pelo ya gagwe e ne ya tsaya kgothatso, mme ya tlala boipelo jo bo feteletseng mo gogolo ka ntlha ya boikanyego jwa ga Phahorane, gore ene e ne e se morekise mo kgololesegong le maikemisetsong a lefatshe la gagwe.

2 Mme o ne gape a hutsafala mo go feteletseng ka ntlha ya boikepi jwa bao ba ba neng ba lelekile Phahorane go tswa mo setilong sa katlholo, ee, mo tshobolokong ka ntlha ya bao ba ba neng ba ingaotse kgatlhanong le lefatshe la bone ga mmogo le Modimo wa bone.

3 Mme go ne ga diragala gore Moronae a tseye palo e potlana ya banna, go ya ka fa keletsong ya ga Phahorane, mme a neela Lihae le Thienkhamo taolo ya ba ba setseng ba mophato wa gagwe, mme a tseela mogwanto wa gagwe go ya ntlheng ya lefatshe la Giteone.

4 Mme o ne a tsholetsa sekano sa kgololesego mo lefelong lefe kana lefe le a neng a le tsena, mme a tsaya mophato ofe le ofe o a neng a ka kgona mo mogwantong otlhe wa gagwe go ya ntlheng ya lefatshe la Giteone.

5 Mme go ne ga diragala gore dikete di ne tsa kgobokanela go sekano sa gagwe, mme ba tsaya ditšhaka tsa bone mo tshireletsong ya kgololesego ya bone, gore ba se ka ba tsena mo bokgobeng.

6 Mme jalo, fa Moronae a sena go kgobokanya mmogo banna ba a neng a ka ba bona mo mogwantong wa gagwe otlhe, a tla kwa lefatsheng la Giteone; mme go kopanya mephato ya gagwe le bao ba ga Phahorane ba ne ba nonofa mo go feteletseng, le go feta banna ba ga Phekase, yo e neng e le kgosi ya ditsuolodi tseo ba ba neng ba koba banna ba kgololesego mo lefatsheng la Sarahemola mme ba tsaya taolo ya lefatshe.

7 Mme go ne ga diragala gore Moronae le Phahorane ba ye tlase ka mephato ya bone go tsena mo lefatsheng la Sarahemola, mme ba ya pele kgatlhanong le motse, mme ba kopana le banna ba ga Phekase, mo e leng gore gone ga tla go re ba lwa.

8 Mme bonang, Phekase o ne a bolawa mme banna ba gagwe ba ne ba tsewa magolegwa, mme Phahorane o ne a busediwa mo setilong sa gagwe sa katlholo.

9 Mme banna ba ga Phekase ba amogela tsheko ya bone, go ya ka fa molaong, ga mmogo le banna bao ba bogosi ba ba neng ba tserwe mme ba latlhelwa mo kgolegelong; mme ba ne ba bolawa go ya ka fa molaong; ee, banna bao ba ga Phekase le banna bao ba bogosi, mang le mang yo o neng a seka a tsaya dibetsa go sireletsa lefatshe la bone, mme a lwa kgatlhanong le lone, ba ne ba bolawa.

10 Mme jalo go ne ga tlhokafala gore molao o o tlhokomelwe ka kgagamalo mo tshireletsegong ya lefatshe la bone; ee, mme mang le mang yo o neng a fitlhelwa a gana kgololesego ya bone o ne a bolawa ka bonako go ya ka fa molaong.

11 Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a mararo wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae; Moronae le Phahorane ba tsosolositse kagiso mo lefatsheng la Sarahemola, gareng ga batho ba bone, ba bolaile botlhe ba ba neng ba se boammaaruri mo maikemisetsong a kgololesego.

12 Mme go ne ga diragala gore mo tshimologong ya ngwaga wa masome a mararo le bongwe wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae, Moronae gone fela foo a dira gore dijo di romelwe, ga mmogo le mophato wa banna ba le dikete tse thataro o romelwe kwa go Hilamene, go mo thusa mo go somareleng karolo eo ya lefatshe.

13 Mme o ne gape a dira gore mophato wa banna ba le dikete tse thataro, le selekanyo se se lekaneng sa dijo, ba romelwe kwa mephatong ya ga Lihae le Thienkhamo. Mme go ne ga diragala gore se se ne sa dirwa go aga tshireletso ya lefatshe kgatlhanong le Baleimene.

14 Mme go ne ga diragala gore Moronae le Phahorane, ba tlogela segopa sa banna se se tona mo lefatsheng la Sarahemola, ba tseela mogwanto le segopa se se tona sa banna kwa lefatsheng la Nifaeha ba ikaeletse go thankgola Baleimene mo motseng oo.

15 Mme go ne ga diragala gore jaaka bantse ba gwantela ntlheng ya lefatshe, ba ne ba tsaya segopa se se tona sa banna ba Baleimene, mme ba bolaya bontsi jwa bone, mme ba tsaya dijo tsa bone le dibetsa tsa bone tsa ntwa.

16 Mme go ne ga diragala gore fa ba sena go ba tsaya, ba ba dira gore ba tsene mo kgolaganong gore ga ba kitla ba tlhola ba tsaya dibetsa tsa bone tsa ntwa kgatlhanong le Banifae.

17 Mme fa ba sena go tsena mo kgolaganong e ba ba romela go nna le batho ba ga Amone, mme ba ne ka palo ba ka nna dikete tse nne ba ba neng ba sa bolawa.

18 Mme go ne ga diragala gore fa ba sena go ba romela ba ne ba tsweledisa mogwanto wa bone go ya kwa lefatsheng la Nifaeha. Mme go ne ga diragala gore fa ba sena go tla kwa motseng wa Nifaeha, ba ne ba tlhoma ditante tsa bone mo dipoeng tsa Nifaeha, tse di leng gaufi le motse wa Nifaeha.

19 Jaanong Moronae o ne a eletsa gore Baleimene ba tswele kwa ntle go lwa kgatlhanong le bone, mo dipoeng; mme Baleimene, ba itse bopelokgale jwa bone jo bo feteletseng, mme ba bona bogolo jwa dipalo tsa bone, jalo he ba ne ba seka ba leka go tswela kwa ntle kgatlhanong le bone; jalo he ba ne ba seka ba tla go lwa mo letsatsing leo.

20 Mme fa bosigo bo tla, Moronae a ya pele mo lefifing la bosigo, mme a tla mo godimo ga lebota la motse go tsaya ditlholwa gore Baleimene ba thibeletse ka mophato wa bone mo karolong efe ya motse.

21 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba le kwa botlhaba, gaufi le kgoro; mme botlhe ba ne ba robetse. Mme jaanong Moronae a boela kwa mophatong wa gagwe, mme a dira gore ba baakanye ka go itlhaganela go loga megala e e nonofileng le dilere, go isiwa tlase go tswa kwa godimo ga lebotana go tsena mo karolong ya lebotana e e mo teng.

22 Mme go ne ga diragala gore Moronae a dire gore banna ba gagwe ba gwantele pele mme ba palame lebotana, mme ba ipholosetse mo karolong eo ya motse, ee, le tota kwa bophirima, kwa Baleimene ba neng ba sa thibelela teng ka mephato ya bone.

23 Mme go ne ga diragala gore botlhe ba folosediwa mo motseng bosigo, ka tsela ya megala ya bone e e nonofileng le dilere tsa bone; jalo fa moso o tla botlhe ba ne ba le mo teng ga dipota tsa motse.

24 Mme jaanong, fa Baleimene ba tsoga mme ba bona gore mephato ya ga Moronae e ne e le ka fa teng ga dipota, ba ne ba tshoga mo go feteletseng, mo e leng gore ba ne ba tshabela kwa ntle ka kgoro.

25 Mme jaanong fa Moronae a bona gore ba ne ba tshaba fa pele ga gagwe, o ne a dira gore banna ba gagwe ba gwantele pele kgatlhanong le bone, mme ba bolaya bontsi, mme ba dikaganyetsa bontsi jo bongwe, mme ba ba tsaya magolegwa; mme ba ba setseng ba tshabela kwa lefatsheng la Moronae, le le neng le le mo melelwaneng gaufi le lotshitshi lwa lewatle.

26 Jalo Moronae le Phahorane ba ne ba tsaya motse wa Nifaeha kwa ntle ga go latlhegelwa ke motho a le mongwe; mme go ne go le ba le bantsi ba Baleimene ba ba neng ba bolailwe.

27 Jaanong go ne ga diragala gore bontsi jwa Baleimene ba e neng e le magolegwa ba ne ba eletsa go kopana le batho ba ga Amone mme ba nne batho ba ba gololesegileng.

28 Mme go ne ga diragala gore bontsi jotlhe jo bo neng bo eletsa, go bone go ne ga newa go ya ka fa dikeletsong tsa bone.

29 Jalo he, magolegwa otlhe a Baleimene ba ne ba kopana le batho ba ga Amone, mme ba simolola go dira mo go feteletseng, ba lema mmu, ba godisa mekgwa yotlhe ya mabele, le matsomane le matlhape a mofuta mongwe le mongwe; mme jalo Banifae ba ne ba namolwa mo mokgweleong o mogolo; ee, mo e leng gore ba ne ba namolwa mo magolegweng otlhe a Baleimene.

30 Jaanong go ne ga diragala gore Moronae, morago ga a sena go tsaya motse wa Nifaeha, a tsere magolegwa a le mantsi, se se neng sa fokotsa mephato ya Baleimene mo go feteletseng, mme a tsere gape bontsi jwa Banifae ba ba neng ba tserwe magolegwa, mo go neng ga nonotsha mophato wa ga Moronae mo go feteletseng; jalo he Moronae a tsamaya pele go tswa kwa lefatsheng la Nifaeha go ya kwa lefatsheng la Lihae.

31 Mme go ne ga diragala gore fa Baleimene ba bona gore Moronae o ne a tla kgatlhanong le bone, ba ne ba tshoga gape mme ba tshaba fa pele ga mophato wa ga Moronae.

32 Mme go ne ga diragala gore Moronae le mophato wa gagwe ba ne ba ba leleka go tswa mo motseng go ya motseng, go fitlhelela ba rakantshiwa ke Lihae le Thienkhamo; mme Baleimene ba tshaba go tswa go Lihae le Thienkhamo, le go ya mo melelwaneng gaufi le lotshitshi lwa lewatle, go fitlhelela ba tla kwa lefatsheng la Moronae.

33 Mme mephato ya Baleimene e ne yotlhe e kgobokane mmogo, mo e leng gore ba ne botlhe ba le mo segopeng se le sengwe mo lefatsheng la Moronae. Jaanong Emorane, kgosi ya Baleimene, le ene o ne a na le bone.

34 Mme go ne ga diragala gore Moronae le Lihae le Thienkhamo ba thibelele le mephato ya bone mo tikologong mo melelwaneng ya lefatshe la Moronae, mo e leng gore Baleimene ba ne ba dikaganyeditswe mo melelwaneng gaufi le naga mo borwa, le mo melelwaneng gaufi le naga mo botlhaba.

35 Mme jalo ba ne ba thibelela bosigo. Gonne bona, Banifae le Baleimene ga mmogo ba ne ba lapile ka ntlha ya bogolo jwa mogwanto wa bone; jalo he ba ne ba seka ba dumalana mo leanong lepe mo nakong ya bosigo, kwa ntle ga ga Thienkhamo; gonne o ne a šhakgaletse Emorane mo go feteletseng, mo e leng gore o ne a tsaya gore Emorane, le Amalekhaya morwarraagwe, e ne e le bone ba ba dirileng ntwa e kgolo e e nnileng sebaka se se leele gareng ga bone le Baleimene, e e neng e le lebaka la ntwa e ntsi jaana le tshololo ya madi, ee, le tlala e ntsi jaana.

36 Mme go ne ga diragala gore Thienkhamo mo tšhakgalong ya gagwe o ne a ya pele mo bothibelelong jwa Baleimene, mme a ikisa kwa tlase godimo ga dipota tsa motse. Mme a ya pele ka kgole, go tswa lefelong go ya lefelong, mo e leng gore o ne a bona kgosi; mme o ne a latlhela segai kwa go ene, se se neng sa mo tlhaba gaufi le pelo. Mme bonang, kgosi o ne a tsosa batlhanka ba gagwe pele ga a swa, mo e leng gore ba ne ba leleka Thienkhamo, mme ba mmolaya.

37 Jaanong go ne ga diragala gore fa Lihae le Moronae ba itse gore Thienkhamo o sule ba ne ba hutsafala mo go feteletseng; gonne bona, e ne e nnile monna yo o neng a lwetse ka bopelokgale lefatshe la gagwe, ee, tsala ya boammaaruri go kgololesego; mme o ne a sotlegile dipogisego di le dintsi thata tse di botlhoko mo go feteletseng. Mme bona, o ne a sule, mme o tsamaile tsela ya lefatshe lotlhe.

38 Mme go ne ga diragala gore Moronae a gwantele pele mo mosong, mme a tla mo Baleimeneng, mo e leng gore ba ne ba ba bolaya ka polao e kgolo; mme ba ne ba ba kgweetsa go tswa mo lefatsheng; mme ba ne ba tshaba, gore ba ne ba seka ba bowa mo nakong eo kgatlhanong le Banifae.

39 Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a mararo le bongwe wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae; mme jalo ba ne ba nnile le dintwa, le tshololo ya madi, le tlala, le pogisego, sebaka sa dingwaga di le dintsi.

40 Mme go ne go nnile le dipolao, le dikomano, le ditsuololo, le mekgwa yotlhe ya boikepi gareng ga batho ba Nifae; mme le fa go ntse jalo ka ntlha ya basiami, ee, ka ntlha ya dithapelo tsa basiami, ba ne ba tlogelwa.

41 Mme bonang, ka ntlha ya boleele jo bogolo mo go feteletseng jwa dintwa gareng ga Banifae le Baleimene bontsi bone bo thatafetse, ka ntlha ya boleele jo bogolo mo go feteletseng jwa ntwa; mme bontsi bo ne bo nolofala ka ntlha ya dipogisego tsa bone, mo e leng gore ba ne ba ikokobetsa fa pele ga Modimo, le mo boteng jwa boikokobetso.

42 Mme go ne ga diragala gore morago Moronae a sena go aga tshireletso ya dikarolo tseo tsa lefatshe tse di neng di sa sireletsega mo Baleimeneng go feta, go fitlhelela di nonofile mo go lekanetseng, a boela kwa motseng wa Sarahemola; ga mmogo le Hilamene a boela kwa lefelong la boswa jwa gagwe; mme go ne ga nna kagiso gape e tlhomilwe gareng ga batho ba Nifae.

43 Mme Moronae o ne a neela taolo ya mephato ya gagwe mo diatleng tsa ga morwawe, yo leina la gagwe e neng e le Moronaeha; mme a ya go ikhutsa kwa ntlong ya gagwe gore a tle a nne malatsi a gagwe a a setseng mo kagisong.

44 Mme Phahorane o ne a boela kwa setilong sa gagwe sa katlholo; mme Hilamene o ne a tsaya mo go ene gape go rera go batho lefoko la Modimo; gonne ka ntlha ya dintwa tse dintsi jaana le dikomano go ne ga tla go tlhokafala gore molawana o dirwe gape mo kerekeng.

45 Jalo he, Hilamene le bakaulengwe ba gagwe ba ya pele, mme ba ne ba bega lefoko la Modimo ka thata e ntsi mo go lemotsheng batho ba le bantsi ka boleo jwa bone, se se neng sa ba dira go ikotlhaela dibe tsa bone le go kolobediwa go Morena Modimo wa bone.

46 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tlhoma gape kereke ya Modimo, go ya le lefatshe lotlhe.

47 Ee, mme melawana e ne ya dirwa mabipa le molao. Mme baatlhodi ba bone, le baatlhodi bagolo ba bone ba ne ba tlhophiwa.

48 Mme batho ba ga Nifae ba simolola go tswelela gape mo lefatsheng, mme ba simolola go ntsifala le go nonofa mo go feteletseng gape mo lefatsheng. Mme ba simolola go huma mo go feteletseng.

49 Mme go sa kgathalesege dikhumo tsa bone, kgotsa nonofo ya bone, kgotsa tswelelo pele ya bone, ba ne ba sa tsholetsegela godimo mo boikgogomosong jwa matlho a bone; le e seng gore ba ne ba le bonya go gakologelwa Morena Modimo wa bone; mme ba ne ba ikokobetsa mo go feteletseng fa pele ga gagwe.

50 Ee, ba ne ba gakologelwa gogolo jang dilo tse Morena a di ba diretseng, gore o ne a ba golotse mo losong, le mo dikgoleng, le mo dikgolegelong, le mo mekgweng yotlhe ya dipogisego, mme o ne a ba golotse go tswa mo diatleng tsa baba ba bone.

51 Mme ba ne ba rapela go Morena Modimo wa bone ka tswelelo, mo e leng gore Morena o ne a ba segofatsa, go ya ka fa lefokong la gagwe, gore ba ne ba gola nonofo mme ba tswelela mo lefatsheng.

52 Mme go ne ga diragala gore dilo tse tsotlhe di ne tsa dirwa. Mme Hilamene a swa, mo ngwageng wa masome a mararo le botlhano wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba ga Nifae.