Scriptures
Alema 56


Kgaolo 56

Hilamene o romela lokwalo kwa go Moronae, a balolola seemo sa ntwa le Baleimene—Entiphase le Hilamene ba bona phenyo e kgolo godimo ga Baleimene—Barwa Hilamene ba makolwanyane ba le dikete tse pedi ba lwa ka thata e e gakgamatsang, mme ope wa bone ga a bolawe. Temana 1, e ka nna dingwaga di le 62 pele ga ga Keresete; ditemana 2 go ya go 19, e ka nna dingwaga di le 66 pele ga ga Keresete; le ditemana 20 go ya go 57, e ka nna dingwaga di le 65 go ya go di le 64 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong go ne ga diragala gore mo tshimologong ya ngwaga wa masome a mararo wa puso ya baatlhodi, ka letsatsi la bobedi la kgwedi ya ntlha, Moronae o ne a amogela lokwalo go tswa kwa go Hilamene, lo bolela merero ya batho mo khutlong eo ya lefatshe.

2 Mme a ke mafoko a a neng a a kwala, a re: Morwarre yo o rategang, Moronae, mmogo mo Moreneng le mo dipitlaganong tsa ntwa ya rona; bona, morwarre yo o rategang, ke na le go le selekanyo sengwe go se go bolelela mabapi le ntwa ya rona mo karolong eno ya lefatshe.

3 Bona, dikete di le pedi tsa barwa ba batho bao ba Amone a neng a ba tlisa go tswa mo lefatsheng la Nifae—jaanong o itsile gore ba e ne e le dikokomana tsa ga Leimene, yo e neng e le morwa yo motona wa ga rrarona Lihae;

4 Jaanong ga go tlhokafale gore ke go latedisetse mabapi le dingwao tsa bone kgotsa tlhoka tumelo ya bone, gonne o itse mabapi le dilo tse tsotlhe—

5 Jalo he go ntekanye fela gore ke go bolelele gore dikete di le pedi tsa makawana a ba tsere dibetsa tsa bone tsa ntwa, mme ba eletsa gore ke nne moeteledipele wa bone; mme re tlile pele go sireletsa lefatshe la rona.

6 Mme jaanong o itse gape mabapi le kgolagano e borraabone ba e dirileng, gore ga ba na go tsaya dibetsa tsa bone tsa ntwa kgatlhanong le bakaulengwe ba bone go tsholola madi.

7 Mme mo ngwageng wa masome a mabedi le borataro, fa ba bona dipogisego tsa rona le dipitlagano tsa rona go bone, ba ne ba le gaufi le go roba kgolagano e ba neng ba e dirile mme ba tsaya dibetsa tsa bone tsa ntwa mo tshireletsong ya rona.

8 Mme ka seka ka letlelela gore ba robe kgolagano e e ba e dirileng, ke gopola gore Modimo o tlaa re nonotsha, mo e leng gore ga re na go sotlega go feta ka ntlha ya tiragatso maikano a ba neng ba a tsere.

9 Mme bona, fano ke sengwe se mo go sone re ka nnang le boipelo jo bogolo. Gonne bona, mo ngwageng wa masome a mabedi le borataro, nna, Hilamene, ke ne ka gwanta kwa tlhogong ya makawana a a dikete tse pedi a go ya kwa motseng wa Judia, go thusa Entiphase, yo o neng o mo tlhomile moeteledipele wa batho ba karolo eo ya lefatshe.

10 Mme ke ne ka kopanya barwa ba me ba ba dikete tse pedi, (gonne ba lekanwe go bidiwa barwa) go mophato wa ga Entiphase, o mo nonofong ya one Entiphase a neng a ipela mo go feteletseng; gonne bona, mophato wa gagwe o ne o fokoditswe ke Baleimene gonne masole a bone a ne a bolaile palo e kgolo ya banna ba rona, lebaka le ka lone re tshwanelang go hutsafala.

11 Le fa go ntse jalo, re ka ikgomotsa mo ntlheng e, gore ba sule mo maikenaisetsong a lefatshe la bone le Modimo wa bone, ee, mme ba itumetse.

12 Mme Baleimene gape ba ne ba tshegeditse magolegwa a mantsi, ba botlhe e leng bakapoteni bagolo, gonne ope gape ga ba a mo sadisa a tshela. Mme re gopola gore jaanong mo nakong e ba kwa lefatsheng la Nifae; go jalo fa e le gore ga baa bolawa.

13 Mme jaanong e ke metse e Baleimene ba tsereng taolo ya yone ka go tsholola madi a ba le bantsi ba banna ba rona ba ba dipelokgale:

14 Lefatshe la Menthae, kgotsa motse wa Menthae, le motse wa ga Seeseramo, le motse wa Khumenae, le motse wa Entipara.

15 Mme e ke metse e ba neng ba e tsere fa ke goroga kwa motseng wa Judia; mme ke ne ka fitlhela Entiphase le banna ba gagwe ba dira ka bonatla jwa bone go agelela tshireletso ya motse.

16 Ee, mme ba ne ba lapile mo mmeleng ga mmogo le mo moweng, gonne ba ne ba lole ka bonatla mo motshegareng mme ba dira ka bosigo go tlhokomela metse ya bone; mme jalo ba sotlega dipogisego tse dikgolo tsa mefuta yotlhe.

17 Mme jaanong ba ne ba ikaeletse gore ba tlaa fenya mo lefelong le kgotsa go swa; jalo he o ka gopola sentle gore mophatonyana wa masole o o ke tlileng le one, ee, barwa bao ba me, ba ne ba ba fa tsholofelo e kgolo le boipelo jo bontsi.

18 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Baleimene ba bona gore Entiphase o amogetse nonofo e kgolo mo mophatong wa gagwe, ba ne ba patelediwa ke ditaelo tsa ga Emorane gore ba seka ba tla kgatlhanong le motse wa Judia, kgotsa kgatlhanong le rona, go lwa.

19 Mme jalo re ne re ratilwe ke Morena; gonne fa ba ne ba tlile mo go rona mo go jo bokoa jwa rona ba ka bo gongwe ba sentse mophato wa rona o monnye; mme jalo re ne ra babalelwa.

20 Ba ne ba laelwa ke Emorane go tlhokomela metse eo e ba neng ba e tsere. Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a mabedi le borataro. Mme mo tshimologong ya ngwage wa masome a mabedi le bosupa re ne re baakantse motse wa rona le rona go itshireletsa.

21 Jaanong re ne re eletsa gore Baleimene ba tle mo go rona; gonne re ne re sa eletse go dira tlhaselo mo go bone mo maremelelong a bone.

22 Mme go ne ga diragala gore re beye ditlhola kwa ntle mo tikologong, go lebelela metsamao ya Baleimene, gore ba seka ba re feta bosigo kgotsa motshegare go dira tlhaselo mo metseng e mengwe ya rona e e neng e le go ya kwa bokone.

23 Gonne re ne re itse gore mo metseng eo ba ne ba sa nonofa mo go lekanetseng go kopana le bone; jalo he re ne re eletsa, fa ba ka feta ka rona, go wela mo go bone mo morago ga bone, mme jalo go ba tlisa kwa morago ka nako e le nngwe fela e ba neng ba kopantshiwa kwa pele. Re ne re gopola gore re ka ba fekeetsa; mme bona, re ne ra swaba mo go e keletso ya rona.

24 Ba ne ba seka ba leka go re feta ka mophato wa bone otlhe, le fa e le go leka ka karolo, e se re kgotsa ba se nne le nonofo mo go lekaneng mme ba we.

25 Le fa e le go leka go gwanta kgatlhanong le motse wa Sarahemola; le fa e le go tlola tlhogo ya Sitone, go ya kwa motseng wa Nifaeha.

26 Mme jalo, ka mephato ya bone, ba ne ba ikaeletse go tlhokomela metse eo e ba neng ba e tsere.

27 Mme jaanong go ne ga diragala gore mo kgweding ya bobedi ya ngwaga o, go ne ga tlisiwa go rona dijo tse di ntsi go tswa go borraabo barwaake bao ba ba dikete tse pedi.

28 Mme gape go ne ga romelwa banna ba le dikete tse pedi go tswa kwa lefatsheng la Sarahemola. Mme jalo re ne re ipaakantse ka banna ba le dikete di le lesome, le dijo tsa bone, ga mmogo le tsa basadi ba bone le bana ba bone.

29 Mme Baleimene, jalo ba bona mephato ya rona e oketsega letsatsi le letsatsi, le dijo di goroga go re tlhokomela, ba ne ba simolola go boifa, mme ba simolola go hegelwa pele, fa go ne go kgonega go tlisa mo bokhutlong go amogela dijo le nonofo ga rona.

30 Jaanong fa re bona gore Baleimene ba ne ba simolola go tlhobaela ka selo se, re ne ra eletsa go tlisa leanonyana go bereka mo go bone; jalo he Entiphase a laola gore ke gwantele pele le barwaake ba banyennyane kwa motseng o o bapileng, jaaka e kete re ne re tsere mefago go ya kwa motseng o o bapileng.

31 Mme re ne re tshwanetse go gwantela gaufi le motse wa Entipara, jaaka e kete re ne re ya kwa motseng o o kwa pele, mo melelwaneng e e gaufi le letshitshi lwa lewatle.

32 Mme go ne ga diragala gore re ne ra gwantele pele, jaaka e kete ka dijo tsa rona, go ya kwa motseng oo.

33 Mme go ne ga diragala gore Entiphase o ne a gwantela pele ka karolo ya mophato wa gagwe, a tlogela ba ba setseng go tlhokomela motse. Mme o ne a seka a gwantela kwa pele go fitlhelela ke setse ke tsamaetse kwa pele ka mophatonyana wa me, mme ka tla gaufi le motse wa Entipara.

34 Mme jaanong, mo motseng wa Entipara go ne go thibeletse mophato o o nonofileng go gaisa wa Baleimene; ee, o montsi go feta.

35 Mme go ne ga diragala gore fa ba sena go itsisiwe ke ditlhola tsa bone, ba ne ba tla pele ka mophato wa bone mme ba gwanta kgatlhanong le rona.

36 Mme go ne ga diragala gore re ne ra tshaba fa pele ga bone, go ya kwa bokone. Mme jalo re ne ra isa go sele mophato o o thata go feta wa Baleimene;

37 Ee, le kwa sekgaleng se se bonalang tota, mo e leng gore fa ba bona mophato wa ga Entiphase o ba setse morago, ka nonofo ya one, ba ne ba seka ba hapogela kwa mojeng le fa e le kwa molemeng, mme ba tswelela ka mogwanto wa bone mo tseleng e e tlhamaletseng fa morago ga rona; mme, jaaka re gopola, e ne e le maikaelelo a bone go re bolaya pele ga Entiphase a ba tshwara, mme se gore ba seka ba dikaganyediwa ke batho ba rona.

38 Mme jaanong Entiphase, a bona diphatsa tsa rona, o ne a potlakisa mogwanto wa mophato wa gagwe. Mme bonang, go ne go le bosigo; jalo ba ne ba seka ba re tshwara, le e seng gore Entiphase a ba tshware; jalo he re ne ra thibelela bosigo.

39 Mme go ne ga diragala gore pele ga go tlhaba ga moso, bona, Baleimene ba ne ba re setse morago. Jaanong re ne re sa nonofa mo go lekaneng go itaana le bone; ee, ke ne ke ka seka ka letlelela gore barwaake ba ba botlana ba wele mo diatleng tsa bone; jalo he re ne ra tsweledisa go gwanta ga rona, mme re ne ra tseela go gwanta mo nageng.

40 Jaanong ba ne ba ka seka ba leka go hapogele kwa mojeng le fa e le kwa molemeng e se re kgotsa ba dikaganyetswe; le e seng gore le nna ke hapogele kwa mojeng le fa e le kwa molemeng e se re kgotsa ba ntshware, mme re ne re ka seka ra ema kgatlhanong le bone, mme ra bolawa, mme ba dira phalolo ya bone; mme jalo re ne ra tshabela letsatsi lotlhe mo nageng, le go fitlhelela go le lefifi.

41 Mme go ne ga diragala gore gape, fa lesedi la moso le tla ra bona Baleimene godimo ga rona, mme re ne ra tshaba fa pele ga bone.

42 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba seka ba re sala morago sebaka pele ga ba ema; mme e ne e le mo mosong wa letsatsi la boraro la kgwedi ya bosupa.

43 Mme jaanong, gore a ba ne ba tshwerwe ke Entiphase re ne re sa itse, mme ke ne ka go banna ba me: Bonang, ga re itse mme ba eme ka maikalelo a gore re tle re tle kgatlhanong le bone, gore ba tle ba re tshware mo seraing sa bone;

44 Jalo he lwa reng, barwaaka, a lo tlaa ya kgatlhanong le bone go lwa?

45 Mme jaanong ka re go wena, morwarre yo o rategang Moronae, ga ke ise ke ke ke bone bopelokgale jo bogolo jalo, nnyaa, e seng gareng ga Banifae botlhe.

46 Gonne jaaka ke nnile ka metlha ka ba bitsa barwaake, (gonne ba ne botlhe ba le bannye) le jalo ba re go nna: Ntate, bona Modimo wa rona o na le rona, mme ga a kake a letlelela gore re we; jalo he a re yeng pele; ga re kake ra bolaya bakaulengwe ba rona fa ba ka re tlogela re le nosi; jalo a re yeng, e se re kgotsa ba fekeetse mophato wa ga Entiphase.

47 Jaanong ba ne ba ise ba ke ba lwe, mme ba ne ba sa tshabe loso; mme ba ne ba akanya go feta ka kgololesego ya borraabo go feta ba ne ba akanya ka matshelo a bone; ee, ba ne ba rutilwe ke bommaabo, gore fa ba sa belaele, Modimo o tlaa ba golola.

48 Mme ba ne ba mpolelela mafoko a bommaabo, ba re: Ga re belaele bommaarona ba ne ba itse.

49 Mme go ne ga diragala gore ke ne ka bowa le dikete tse pedi tsa me kgatlhanong le Baleimene ba ba neng ba re setse morago. Mme jaanong bona, mephato ya ga Entiphase e ne e ba tshwere, mme ntwa e e boitshegang e ne e simologile.

50 Mophato wa ga Entiphase o lapile, ka ntlha ya go gwanta ga bone mo go leele mo sebakeng se sekhutshwane jaana sa nako, ba ne ba le gaufi le go wela mo diatleng tsa Baleimene; mme fa ke ne ke sa bowa ka dikete tsa me tse pedi ba ka bo ba bone maikaelelo a bone.

51 Gonne Entiphase o ne a ole ka tšhaka, le bontsi jwa baeteledipele ba gagwe, ka ntlha ya letsapa la bone, le le neng le dirilwe ke bofefo jwa go gwanta ga bone—jalo he banna ba ga Entiphase, ba tsietsega ka ntlha ya go wa ga baeteledipele ba bone, ba ne ba simolola go naya tsela fa pele ga Baleimene.

52 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba tsaya kgothatso, mme ba simolola go ba sala morago; mme jalo Baleimene ba ne ba ba setse morago ka mathagatlhaga a magolo fa Hilamene a tla mo morago ga bone ka dikete tsa gagwe tse pedi, mme a simolola go ba bolaya mo go feteletseng, mo e leng gore mophato otlhe wa Baleimene wa ema mme wa boela mo go Hilamene.

53 Jaanong fa batho ba ga Entiphase ba bona gore Baleimene ba ne ba ba hularetse, ba ne ba kgobokanya mmogo banna ba bone mme ba tla gape mo morago ga Baleimene.

54 Mme jaanong go ne ga diragala gore rona, batho ba ga Nifae, batho ba ga Entiphase, le nna ka dikete tse pedi tsa me, re ne ra dikaganyetsa Baleimene, mme ra ba bolaya; ee, mo ba neng ba patelesega go re neela dibetsa tsa bone tsa ntwa ga mmogo le bone e le magolegwa a ntwa.

55 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa ba sena go ineela go rona, bona, ke ne ka bala makawana ao ba ba neng ba lole le nna, ke tshaba gore kgotsa go ne go le bontsi jwa bone bo bolailwe.

56 Mme bona, mo boipelong jwa me jo bogolo, go ne go sena motho a le mongwe wa bone a wetse fa fatshe; ee, ba ne ba lole jaaka e kete ka thata ya Modimo; ee, ga go ise go ke go itsiwe fa banna ba ka lwa ka nonofo e e gakgamatsang jalo; le ka thata e kgolo jalo ba ne ba wela Baleimene godimo, gore ba ne ba ba tshosa; mme ka lebaka le Baleimene ba ne ba ineela e le magolegwa a ntwa.

57 Mme ka jaana re ne re sena lefelo la magolegwa a rona, gore re ka ba disa go ba kganela go tswa mo mephatong ya Baleimene, jalo he ra ba romela kwa lefatsheng la Sarahemola, le karolo ya banna bao ba ba neng ba sa bolawa ba ga Entiphase, le bone; mme ba ba setseng ka ba tsaya mme ka ba kopanya le makolwanyane ba me ba Baamone, mme ra tseele go gwanta kwa morago kwa motseng wa Judia.