Scriptures
Alema 1


Buka ya ga Alema
Morwa Alema

Pego ya ga Alema, yo e neng e le morwa Alema, moatlhodi wa ntlha le yo mogolo mo godimo ga batho ba ga Nifae, ga mmogo le moperesiti yo mogolo godimo ga Kereke. Pego ka ga puso ya baatlhodi, le dintwa le dikomano gareng ga batho. Ga mmogo le pego ya ntwa fa gare ga Banifae le Baleimene, go ya ka pego e e kwadilweng ya ga Alema, moatlhodi wa ntlha e bile e le yo mogolo.

Kgaolo 1

Niho o ruta dithuto tse di seng tsa nnete, o tlhoma kereke, o simolola boperesiti-boferefere, a bo a bolaya Giteone—Niho o bolaelwa melato ya gagwe—Boperesiti-boferefere le dipogiso di anama gareng ga batho—Baperesiti ba a itshetsa, batho ba tlhokomela bahumanegi, mme Kereke e a tswelela. E ka nna dingwaga di le 91 go ya go di le 88 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong go ne ga diragala gore mo ngwageng wa ntlha wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba ga Nifae, go tswa mo nakong e go ya pele, kgosi Mosaeya a ile tsela ya lefatshe lotlhe, a lole ntwa e e molemo, a tsamaile ka tlhamalalo fa pele ga Modimo, a sa tlogele ope go busa mo boemong jwa gagwe; le fa go ntse jalo o ne a tlhomile melao, mme e ne e amogetswe ke batho; jalo he ba ne ba tlamega go obamele melao e a neng a e dirile.

2 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng wa ntlha wa puso ya ga Alema mo setilong sa katlholo, go ne ga nna le monna a tlisitswe fa pele ga gagwe go atlholwa, monna yo o neng a le motona, mme a itsege ka nonofo ya gagwe e ntsi.

3 Mme o ne a tsamaile gareng ga batho, a ba rerela se a neng a se bitsa lefoko la Modimo, a gatelela kgatlhanong le kereke; a bega go batho gore moperesiti le moruti mongwe le mongwe ba tshwanetse go ratega; mme ga ba a tshwanela go dira ka diatla tsa bone, mme gore ba tshwanetse go tshidiswa ke batho.

4 Mme o ne gape a paka go batho gore motho mongwe le mongwe o tlaa bolokwa ka letsatsi la bofelo, le gore ga ba tlhoke go boifa le fa e le go roroma, mme gore ba ka tsholetsa ditlhogo tsa bone mme ba ipela; gonne Morena o tlhodile batho botlhe, e bile gape o rekolotse batho botlhe; mme, kwa bofelong, batho botlhe ba tshwanetse go nna le botshelo jo bo sa khutleng.

5 Mme go ne ga diragala gore o ne a ruta dilo tse thata mo e leng gore ba le bantsi ba ne ba dumela mo mafokong a gagwe, le bontsi tota mo e leng gore ba ne ba simolola go mo tshidisa le go mo fa madi.

6 Mme o ne a simolola go tsholetsegela godimo mo boikgogomosong jwa pelo ya gagwe, le go apara diaparo tse di tlhwatlhwa e kgolo thata, ee, le go simolola tota go tlhoma kereke morago ga mokgwa wa go rera ga gagwe.

7 Mme go ne ga diragala jaaka fa a ne a ya, go rerela bao ba ba neng ba dumela mo lefokong la gagwe, a kopana le monna yo o neng e le wa kereke ya Modimo, ee, le tota mongwe wa baruti ba bone; mme a simolola go ganetsana le ene ka bogale, gore a tle a ise go sele batho ba kereke; mme monna a emelana le ene, a mo gakolola ka mafoko a Modimo.

8 Jaanong leina la monna e ne e le Giteone; mme e ne e le ene yo e neng e le sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo mo go gololeng batho ba ga Limohae go tswa mo bokgobeng.

9 Jaanong, ka ntlha ya gore Giteone o ne a emelana le ene ka mafoko a Modimo o ne a galefela Giteone, mme a somola tšhaka ya gagwe mme a simolola go mo itaya. Jaanong Giteone ka a ne a koafetse ka dingwaga di le dintsi, jalo he o ne a seka a kgona go emela dititeo tsa gagwe, jalo he o ne a bolawa ka tšhaka.

10 Mme monna yo o mmolaileng o ne a tsewa ke batho ba kereke, mme a tlisiwa fa pele ga ga Alema, go atlholwa go ya ka fa melatong e a neng a e dirile.

11 Mme go ne ga diragala gore a eme fa pele ga ga Alema mme a ipuelelela ka tshosologo e ntsi.

12 Mme Alema o ne a mo raya a re: Bona, ke la ntlha boperesiti-boferefere bo tlisiwa gareng ga batho ba. Mme bona, ga o molato wa boperesiti-boferefere fela, mme o lekile go bo gatelela ka tšhaka; mme fa boperesiti-boferefere bo ne bo ka gatelelwa gareng ga batho ba bo tlaa tlhomamisa tshenyego ya bone gotlhelele.

13 Mme o tsholotse madi a monna yo o siameng, ee, monna yo o dirileng molemo ga ntsi gareng ga batho ba; mme fa re ne re ka go somarela, madi a gagwe a ka tla mo go rona go ipusolosetsa.

14 Jalo he wena o bonwe molato go swa, go ya ka fa molaong o re o filweng ke Mosaeya, kgosi ya rona ya bofelo; mme o amogetswe ke batho ba; jalo he batho ba ba tshwanetse go obamela molao.

15 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba mo tsaya; mme leina la gagwe e ne e le Niho; mme ba ne ba mo tseela kwa godimo ga lentswe la Menthae, mme koo o ne a dirwa, kgotsa ka mafoko a mangwe a dumela, gareng ga magodimo le lefatshe, gore se a neng a se rutile batho se ne se le kgatlhanong le lefoko la Modimo; mme koo o ne a swa loso lo lo tlhabisang ditlhong.

16 Le fa go ntse jalo, se se ne sa seka sa tlisa bokhutlo mo kanamong ya boperesiti-boferefere go ralala lefatshe; gonne ba ne ba le bantsi ba ba neng ba rata dilo tsa lefela tsa selefatshe, mme ba ne ba ya pele ba rera dithuto tse e seng tsa nnete; mme se ba ne ba se direla dikhumo le tlotlo.

17 Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba ka seka ba leka go aka, fa go ne go ka itsege, ka ntlha ya poifo ya molao, gonne baaki ba ne ba otlhaiwa; jalo he ba ne ba itira jaaka e kete ba ne ba rera go ya ka fa tumelong ya bone; mme jaanong molao o ne o sena thata epe mo mothong ope mo tumelong ya gagwe.

18 Mme ba ne ba ka seka ba leka go utswa, ka ntlha ya poifo ya molao, gonne ba ba ntseng jalo ba ne ba otlhaiwa; le fa e le gore ba leke go thukutha, le fa e le go bolaya, gonne yo o bolayang o ne a otlhaiwa ka loso.

19 Mme go ne ga diragala gore mang yo o neng a se wa kereke ya Modimo ba simolola go tshwenya bao ba e neng e le ba kereke ya Modimo, mme ba tshotse mo go bone leina la ga Keresete.

20 Ee, ba ne ba ba tshwenya, le go ba bogisa ka mekgwa yotlhe ya mafoko, mme se ka ntlha ya boikokobetso jwa bone; gonne ba ne ba se boikgogomoso mo matlhong a bone, mme ka ntlha ya gore ba ne ba bolelela lefoko la Modimo, mongwe le yo mongwe, kwa ntle ga madi le kwa ntle ga tlhwatlhwa.

21 Jaanong go ne go na le molao o o gagametseng gareng ga batho ba kereke, gore go se nne motho ope, yo e leng wa kereke, yo o tlaa emang le go tshwenya bao ba e neng e se ba kereke, le gore go seka ga nna le letshwenyo gareng ga bone.

22 Le fa go ntse jalo, go ne go le bontsi gareng ga bone ba ba neng ba simolola go ikgogomosa, mme ba simolola go ganetsana mo go mogote le baba ba bone, le go ya maboleng tota; ee, ba ne ba itaana ka mabole a bone.

23 Jaanong se e ne e le mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Alema, mme e ne ya nna lebaka la pogisego e ntsi mo kerekeng; ee, e ne e le lebaka la teko e ntsi mo kerekeng.

24 Gonne dipelo tsa ba le bantsi di ne di thatafetse, mme maina a bone a ne a phimolwa, gore ba se tlhole ba gakologelwa mo gareng ga batho ba Modimo. Mme gape bontsi bo ne jwa ikgogela morago go tswa gareng ga bone.

25 Jaanong se e ne e le teko e kgolo mo go bao ba ba neng ba eme ka tlhomamo mo tumelong; le fa go ntse jalo, ba ne ba nitame e bile ba sa tshikhinyege mo go tshegetseng ditaelo tsa Modimo, mme ba ne ba rwala ka bopelotelele matshwenyego a a neng a koetswe godimo ga bone.

26 Mme fa baperesiti ba tlogela ditiro tsa bone go bolela lefoko la Modimo go batho, batho le bone ba ne ba tlogela ditiro tsa bone go utlwa lefoko la Modimo. Mme fa baperesiti ba sena go bolelela go bone lefoko la Modimo ba ne botlhe ba boela gape ka tlhoafalo kwa ditirong tsa bone; mme moperesiti, a sa itlotlomatse godimo ga bautlwi ba gagwe, gonne moreri o ne a se botoka go feta moutlwi, le e seng gore moruti o ne a le botoka go feta moithuti; mme jalo botlhe ba ne ba lekana, mme botlhe ba ne ba dira, motho mongwe le mongwe go ya ka nonofo ya gagwe.

27 Mme ba ne ba abelana dilo tsa bone, motho mongwe le mongwe go ya ka se a neng a na le sone, go bahumanegi, le batlhoki, le balwetse, le ba ba mo dipogisegong; mme ba ne ba sa apare diaparo tse di tlhwatlhwa e kgolo, le go ntse jalo ba ne ba le phepa e bile ba kgatlhisa.

28 Mme jalo ba ne ba tlhoma merero ya kereke; mme jalo ba ne ba simolola go nna le kagiso e e tsweletseng gape, go sa kgathalesege matshwenyego a bone.

29 Mme jaanong, ka ntlha ya maitsetsepelo a kereke ba ne ba simolola go huma mo go feteletseng, ba na le letlotlo la dilo tsotlhe, eng le eng se ba neng ba se tlhoka—letlotlo la matsomane le matlhape, le magwere a mofuta mongwe le mongwe, ga mmogo le letlotlo la mabele le la gauta, le la selefera, le la dilo tsa botlhokwa, le letlotlo la seleke, le letsela le le logilweng bontle, le mekgwa yotlhe ya matsela a selegae a a molemo.

30 Mme jalo, mo seemong sa bone sa go tswelela, ba ne ba seka ba koba bape ba ba neng ba sa ikatega, kgotsa ba ba tshwerweng ke tlala, kgotsa ba ba nyorileng, kgotsa ba ba neng ba lwala, kgotsa ba ba neng ba sa otliwa; mme ba ne ba seka ba baya dipelo tsa bone mo dikhumong; jalo he ba ne ba le pelotshweu go botlhe, mmogo bagolo le bana, mmogo makgoba le ba ba gololesegileng, mmogo banna le basadi, ba ba kwa ntle ga kereke kgotsa mo kerekeng, ba sena tlotlo go batho go ya go bao ba ba neng ba le mo letlhokong.

31 Mme jalo ba ne ba tswelela mme ba nna bahumi thata go feta bao ba ba neng e se ba kereke ya bone.

32 Gonne bao ba e neng e se ba kereke ya bone ba ne ba itsentse mo boloing, le mo medimong ya disetwa kgotsa botshwakga, le mo go balabaleng, le mafufa le kgotlhang; ba apara diaparo tse di tlhwatlhwa e kgolo ba tsholetsegetse godimo mo boikgogomosong jwa matlho a bone; ba tshwenya, ba aka, ba utswa, ba thukhutha, ba dira boaka, le go bolaya, le mekgwa yotlhe ya boleo; le fa go ntse jalo, molao o ne wa beiwa mo tirisong mo go botlhe bao ba ba neng ba o tlola, go lekana le jaaka go ne go kgonega.

33 Mme go ne ga diragala gore ka jalo ba dirisa molao mo go bone, motho mongwe le mongwe a sotlega go ya ka fa go se a se dirileng, ba ne ba nna ka iketlo e ntsi, mme ba seka ba leka go dira boleo bope fa go ne go itsiwe; jalo he, go ne go na le kagiso e ntsi gareng ga batho ba ga Nifae go fitlhelela ngwaga wa botlhano wa puso ya baatlhodi.