Scriptures
2 Nifae 4


Kgaolo 4

Lihae o gakolola le go segofatsa dikokomana tsa gagwe—O a swa mme a fitlhwa—Nifae o galalela mo bomolemong jwa Modimo—Nifae o baya tshepho ya gagwe mo Moreneng ka metlha. E ka nna dingwaga di le 588 go ya go di le 570 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, nna, Nifae, ke bua mabapi le diporofito tse ka tsone ntate a buileng, mabapi le Josefe, yo o neng a tseelwa kwa Egepeto.

2 Gonne bonang, o ne ka boammaaruri a porofita mabapi le peo ya gagwe yotlhe. Mme diporofito tse a di kwadileng, ga di dintsi tse dikgolo. Mme o ne a porofita mabapi le rona, le ditshika tsa rona, tse di tlang; mme di kwadilwe mo dipapetlaneng tsa borase.

3 Ka jalo he, morago ga ntate a sena go dira bokhutlo jwa go bua mabapi le diporofito tsa ga Josefe, o ne a bitsa bana ba ga Leimene, barwawe, le barwadie, mme a ba raya a re: Bonang, barwaaka, le barwadiake, ba e leng barwa le barwadia ngwanake wa ntlha, ke ka re gore lo ka naya tsebe go mafoko a me.

4 Gonne Morena Modimo o rile: Go lekana le jaaka lo ka tshegetsa ditaelo tsa me, lo tlaa tswelela mo lefatsheng; mme go lekana le jaaka lo ka seka lwa tshegetsa ditaelo tsa me, lo tlaa kgaolwa fa pele ga me.

5 Mme bonang, barwa le barwadiake, ga ke kake ka ya tlase kwa lebitleng la me fa e se ke tlogele tshegofatso mo go lona; gonne bonang, ke itse gore fa lo ka godisiwa ka tsela e le tshwanetseng go e tsamaya, ga lo kitla lo fapoga mo go yone.

6 Ka jalo he, fa e le gore lo ka hutsiwa, bonang, ke tlogela tshegofatso ya me mo go lona; gore khutso e ka tsewa go tswa mo go lona, mme ya arabiwa mo ditlhogong tsa batsadi ba lona.

7 Ka jalo he, ka ntlha ya tshegofatso ya me Morena Modimo ga a kitla a lo letla gore lo tle lo nyelele; ka jalo he, o tlaa nna kutlwelobotlhoko go lona le peo ya lona ka metlha.

8 Mme go ne ga diragala gore morago ga ntate a dira bokhutlo jwa go bua le barwa le barwadia Leimene, a dira gore barwa le barwadia Lemuele ba tsisiwe fa pele ga gagwe.

9 Mme a bua go bone, a re: Bonang, barwaaka le barwadiake, ba lo leng barwa le barwadia morwaake wa bobedi; bonang ke lo tlogelela tshegofatso e e tshwanang e ke e tlogetseng go barwa le barwadia Leimene; ka jalo he, ga lo kitla lo nyelediwa gotlhelele; mme kwa bokhutlong peo ya lona e tlaa segofadiwa.

10 Mme go ne ga diragala gore fa ntate a sena go dira bokhutlo jwa go bua le bone, bonang, o ne a bua le barwa Išemaele, ee, le tota botlhe ba ntlo ya gagwe.

11 Mme morago ga a sena go dira bokhutlo jwa go bua le bone, o ne a bua le Seme, a re: Go segofaditswe wena, le peo ya gago; gonne o tlaa tsaya lefatshe go nna boswa jwa gago jaaka morwarraago Nifae. Mme peo ya gago e tlaa balelwa le peo ya gagwe; mme o tlaa tshwana le jaaka morwarraago le peo ya gago jaaka peo ya gagwe; mme o tlaa segofadiwa mo malatsing otlhe a gago.

12 Mme go ne ga diragala morago ga ntate, Lihae, a sena go bua le ba ntlo ya gagwe botlhe, go ya ka fa maikutlong a pelo ya gagwe le Mowa wa Morena o o neng o le mo go ene, o ne a gola go tsofala. Mme go ne ga diragala gore a swe, mme a fitlhwa.

13 Mme go ne ga diragala gore malatsi a se mantsi morago ga loso lwa gagwe, Leimene le Lemuele le barwa Išemaele ba ne ba ntšhakgaletse ka ntlha ya dikgalemo tsa Morena.

14 Gonne nna, Nifae, ke ne ka patelesega go bua go bone, ka fa lefokong la gagwe; gonne ke ne ke buile dilo di le dintsi go bone, ga mmogo le ntate, pele ga loso lwa gagwe; bontsi jwa dipuo tseo di kwadilwe mo dipapetlaneng tse dingwe tsa me; gonne karolo e e ditso thata di kwadilwe mo dipapetlaneng tse dingwe tsa me.

15 Mme mo go tse ke kwala dilo tsa botho jwa me, le bontsi jwa mafoko a Modimo a a kwadilweng a a gabilweng mo dipapetlaneng tsa borase. Gonne botho jwa me bo itumela mo mafokong a Modimo a a kwadilweng, mme pelo ya me e a akanyetse ka boteng, mme e a kwalela thutego le poelo ya bongwanake.

16 Bonang, botho jwa me bo itumela mo dilong tsa Morena; mme pelo ya me e tsweletse go akanyetsa ka boteng dilo tse ke di bonyeng le go di utlwa.

17 Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege bomolemo jo bogolo jwa Morena, mo go mpontsheng ditiro tsa gagwe tse dikgolo tse di gakgamatsang, pelo ya me e a khutsa: O monna wa khutsafalo yo ke leng ene! Ee, pelo ya me e hutsafala ka ntlha ya nama ya me; botho jwa me bo utlwa botlhoko ka ntlha ya boikepi jwa me.

18 Ke dikaganyeditswe, ka ntlha ya dithaelo le dibe tse ka motlhofo di ntshwenyang.

19 Mme fa ke eletsa go ipela, pelo ya me e koma ka ntlha ya dibe tsa me; le fa go ntse jalo, ke itse yo mo go ene ke tshephileng.

20 Modimo wa me o ntse a le boikaego jwa me; o nketeletse pele mo dipogisegong tsa me mo nageng; mme o mpabaletse mo metsing a a boteng jo bogolo.

21 O ntladitse ka lorato lwa gagwe, le mo go jeweng ga nama ya me tota.

22 O tlhakatlhakantse baba ba me, go ba dira gore ba rorome fa pele ga me.

23 Bonang, o utlwile selelo sa me mo motshegareng, mme o mphile kitso ka dipono mo nakong ya bosigo.

24 Mme mo motshegareng ke godile ka tshosologo mo thapelong e kgolo fa pele ga gagwe; ee, lentswe la me ke le rometse godimo kwa godimo; mme baengele ba fologela tlase mme ba direla go nna.

25 Mme mo diphukeng tsa Mowa wa gagwe mmele wa me o ne wa rwalelwa kwa godimo ga dithaba tse di godimo mo go feteletseng. Mme matlho a me a bone dilo tse dikgolo, ee, le tota tse dikgolo mo monneng; jalo he, ke ne ka iletswa gore ke seka ka di kwala.

26 O jaanong, fa ke bone dilo tse dikgolo jalo, fa Morena mo boingotlong go bana ba batho a etetse batho ka kutlwelobotlhoko e kgolo jaana, ke eng pelo ya me e tshwanetse go lela le botho jwa me bo nne mo mokgatsheng wa kutlobotlhoko, mme nama ya me e ntatlhegele le thata ya me e ngotlege ka ntlha ya dipogisego tsa me?

27 Mme ke eng ke tshwanetse go ineela mo sebeng, ka ntlha ya nama ya me? Ee, ke eng ke tshwanetse go neela tsela dithaelo, gore moleofi a nne le phatlha mo pelong ya me go senya kagiso ya me le go bogisa botho jwa me? Ke eng ke tenegile ka ntlha ya mmaba wa me?

28 Tsoga, botho jwa me! Se tlhole o akgega mo sebeng. Ipele, O pelo ya me, mme o se tlhole o o fa phatlha go mmaba wa botho jwa me.

29 Se tenege gape ka ntlha ya baba ba me. Se koafatse thata ya me ka ntlha ya dipogisego tsa me.

30 Ipele, O pelo ya me, mme o kuwe go Morena, mme o re: O Morena, ke tlaa go baka ka metlha; ee, botho jwa me bo tlaa ipela mo go wena, Modimo wa me, le lefika la poloko ya me.

31 O Morena, a o tlaa rekolola botho jwa me? A o tlaa nkgolola go tswa mo diatleng tsa baba ba me? A o tlaa ntira gore ke ka roroma mo go bonaleng ga sebe?

32 A dikgoro tsa molete di tswalwe ka tswelelo fa pele ga me, ka ntlha ya gore pelo ya me e thubegile le mowa wa me o gamuketseng! O Morena, a o se tswale dikgoro tsa tshiamo ya gago fa pele ga me gore ke ka tsamaya mo tseleng ya mokgatšha o o kwa tlase, gore ke ka tlhoafala mo tseleng e e lobala!

33 O Morena, a o tlaa ntikaganyetsa go dikologa mo purapureng ya tshiamo ya gago! O Morena, a o tlaa dira tsela ya phelelo ya me fa pele ga baba ba me! A o tlaa tlhamalatsa tsela ya me fa pele ga me! A ga o kitla o baya sekgopi mo tseleng ya me—mme gore o phepafatse tsela fa pele ga me, mme o se thibe tsela ya me, mme ditselana tsa baba ba me.

34 O Morena ke tshepile mo go wena, mme ke tlaa tshepha mo go wena ka metlha. Ga ke kitla ke baya tshepho ya me mo letsogong la nama; gonne ke itse gore go hutsitswe ene yo o bayang tshepho ya gagwe mo letsogong la nama. Ee, go hutsitswe ene yo o bayang tshepho ya gagwe mo mothong kgotsa yo o dirang nama letsogo la gagwe.

35 Ee, ke itse gore Modimo o tlaa naya ka bopelontle go yoo yo o kopang. Ee, Modimo wa me o tlaa mpha, fa ke sa kopa ka phosego; jalo he ke tlaa tsholeletsa lentswe la me kwa go wena; ee, ke tlaa kua go wena, Modimo wa me, lefika la tshiamo ya me. Bona, lentswe la me ka metlha le tlaa tlhatlogela go wena, lefika la me le Modimo wa me o o senang bokhutlo. Amene.