Scriptures
2 Nifae 29


Kgaolo 29

Baditšhaba ba bantsi ba tlaa gana Buka ya ga Momone—Ba tlaa re, Ga re tlhoke Baebele e nngwe—Morena o bua le ditšhaba di le dintsi—O tlaa atlhola lefatshe go tswa mo dibukeng tse di tlaa kwalwang. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Mme bonang, go tlaa nna le ba le bantsi—ka letsatsi leo fa ke tlaa tswelela go dira tiro e e gakgamatsang gareng ga bone, gore ke tle ke gakologelwe dikgolagano tsa me tse ke di dirileng go bana ba batho, gore ke tle ke beye seatla sa me gape la bobedi go busetsa batho ba me, ba e leng ba ntlo ya Iseraele;

2 Le gape, gore ke ka gakologelwa ditsholofetso tse ke di dirileng go wena, Nifae, le gape mo go rraago, gore ke tlaa gakologelwa peo ya gago; le gore mafoko a peo ya gago a tlaa tswelela go tswa mo molomong wa me go ya go peo ya gago; mme mafoko a me a tlaa suma go ya kwa dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe, go nna mokgele go batho ba me, ba e leng ba ntlo ya Iseraele;

3 Mme gonne mafoko a me a tlaa suma go ya pele—bontsi jwa Baditšhaba ba tlaa re: Baebele! Baebele! Re na le Baebele, mme ga go kake ga nna le Baebele e nngwe.

4 Mme go bua jalo Morena Modimo: O dimatla, ba tlaa nna le Baebele; mme e tlaa tla go tswa go Bajuta, batho ba me ba kgolagano ba bogologolo tala. Mme ba leboga eng Bajuta Baebele e ba e amogelang go tswa mo go bone? Ee, Baditšhaba ba raya eng? A ba gakologelwa ditshokolo, le ditiro, le ditlhabi tsa Bajuta, le tlhoafalo ya bone mo go nna, mo go tsiseng pele poloko go Baditšhaba?

5 O lona Baditšhaba, a lo gakologetswe Bajuta, batho ba me ba kgolagano ba bogologolo tala? Nnyaa; mme le ba hutsitse, le go ba tlhoa, mme la seka la batla go ba busetsa. Mme bonang, ke tlaa busetsa dilo tse tsotlhe mo ditlhogong tsa lona; gonne nna Morena ga ke a lebala batho ba me.

6 Sematla ke wena, se se tlaa reng: Baebele, re na le Baebele, mme ga re tlhoke Baebele e nngwe. A lo amogetse Baebele fa e se ka Bajuta?

7 A ga lo itse gore go na le ditšhaba tse dintsi go feta bongwe? A ga lo itse gore nna, Morena Modimo wa lona, ke bopile batho botlhe, le gore ke gakologelwa ba ba leng mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle; le gore ke busa mo magodimong kwa godimo le mo lefatsheng kwa tlase; mme ke tsisa pele mafoko a me go bana ba batho, ee, le mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe tota?

8 Ka jalo he ngunangunang lona, ka ntlha ya gore lo tlaa amogela bontsi ja lefoko la me? A ga lo itse gore bopaki jwa ditšhaba tse pedi ke bosupi mo go lona gore ke Modimo, gore ke gakologelwa setšhaba se le sengwe jaaka go se sengwe? Ka jalo he, ke bua mafoko a a tshwanang go setšhaba sengwe jaaka go se sengwe. Mme fa ditšhaba dile pedi di siana mmogo, bopaki jwa ditšhaba di le pedi bo tlaa siana mmogo.

9 Mme ke dira se gore ke tle ke bontshe bontsi gore ke a tshwana maabane, tsatsi leno, le ka metlha; le gore ke bua mafoko a me go ya ka fa go itumeleng ga me. Mme ka ntlha ya gore ke buile lefoko le le lengwe fela, ga lo tlhoke go gopolo gore ke ka seka ka bua le lengwe; gonne tiro ya me e santse e ise e fele; le e seng gore e tla fela go fitlhelela bofelo jwa motho, le fa e le go tswa mo nakong eo go ya pele le ka metlha.

10 Ka jalo he, ka ntlha ya gore le na le Baebele, galo tlhoke go gopola gore e na le mafoko a me otlhe; le e seng gore lo tlhoke go gopola gore ga ke a dira gore go le gontsi go kwalwe.

11 Gonne ke laela batho botlhe, mmogo kwa botlhaba le kwa bophirima, le kwa bokone, le kwa borwa, le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle, gore ba tle ba kwale mafoko a ke a buang go bone; gonne go tswa mo dibukeng tse di tlaa kwalwang ke tlaa atlhola lefatshe, motho mongwe le mongwe go ya ka fa ditirong tsa bone, go ya ka fa go seo se se kwadilweng.

12 Gonne bonang, ke tlaa bua le Bajuta mme ba tlaa se kwala; mme ke tlaa bua gape le Banifae mme ba tlaa se kwala; mme ke tlaa bua gape le merafe e mengwe ya ntlo ya Iseraele, e ke e isitseng go sele, mme ba tlaa se kwala; mme ke tlaa bua gape le ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe mme ba tlaa se kwala.

13 Mme go tlaa diragala gore Bajuta ba tlaa nna le mafoko a Banifae, mme Banifae ba tlaa nna le mafoko a Bajuta; mme Banifae le Bajuta ba tlaa nna le mafoko a merafe yotlhe e e latlhegileng ya Iseraele; mme merafe e e latlhegileng ya Iseraele e tlaa nna le mafoko a Banifae le Bajuta.

14 Mme go tlaa diragala gore batho ba me, ba e leng ba ntlo ya Iseraele, ba tlaa kgobokanela kwa gae kwa mafatsheng a thuo ya bone; mme lefoko la me le lone le tlaa kgobokanngwa go nna lengwe fela. Mme ke tlaa ba bontsha ba ba lwang kgatlhanong le lefoko la me le kgatlhanong le batho ba me, ba e leng ba ntlo ya Iseraele, gore ke Modimo, le gore ke tsene mo kgolaganong le Aberahame gore ke tlaa gakologelwa peo ya gagwe ka metlha.