Scriptures
2 Nifae 10


Kgaolo 10

Bajuta ba tlaa bapola mo sefapaanong Modimo wa bone—Ba tlaa phatlaladiwa go fitlhelela ba simolola go dumela mo go ene—Amerika e tlaa nna lefatshe la kgololesego kwa kgosi epe e se kitlang e busa—Ikagisanyeng le Modimo mme lo bone poloko ka matlhogonolo a gagwe. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele gaga Keresete.

1 Mme jaanong nna, Jakobe, ke bua le lona gape, bakaulengwe ba me ba ba rategang, mabapi le kala e e siameng e ka yone ke buileng.

2 Gonne bonang, ditsholofetso tse re di amogetseng ke ditsholofetso mo go rona go ya ka fa nameng; ka jalo he, jaaka go bontshitswe go nna gore bontsi jwa bana ba rona bo tlaa senyega mo nameng ka ntlha ya tlhoka tumelo, le fa go ntse jalo, Modimo o tlaa nna kutlwelobotlhoko go ba le bantsi; mme bana ba rona ba tlaa tsosolosiwa, gore ba ka tla ba tla go seo se se tlaa ba nayang kitso ya boammaaruri ya Morekolodi wa bone.

3 Ka jalo he, jaaka ke lo boleletse, go tshwanetse go tlhokega go le botlhokwa gore Keresete—gonne mo bosigong jo bofetileng moengele o ne a bua le nna gore se e tshwanetse go nna leina la gagwe—o tlaa tla gareng ga Bajuta, gareng ga bao ba ba leng karolo ya lefatshe e e boleo go feta; mme ba tlaa mmapola mo sefapaanong—gonne jalo go botlhokwa go Modimo wa rona, mme ga gona epe tšhaba gape mo lefatsheng e e ka bapolang mo sefapaanong Modimo wa bone.

4 Gonne fa dikgakgamatso tse dikgolo di ka dirwa gareng ga ditšhaba tse dingwe ba ka ikotlhaya, mme ba itse gore ke Modimo wa bone.

5 Mme ka ntlha ya boperesiti-boferefere le boikepi, bone kwa Jerusalema ba tlaa gagamatsa melala ya bone kgatlhanong le ene, gore a tle a bapolwe mo sefapaanong.

6 Ka jalo he, ka ntlha ya boikepi jwa bone, ditshenyo, tlala, leroborobo, le tshololo ya madi di tlaa tla mo go bone; mme bone ba ba tlaa sekeng ba senngwe ba tlaa phatlaladiwa gareng ga ditšhaba tsotlhe.

7 Mme bonang, go bua jalo Morena Modimo: Fa letsatsi le tla le ba tlaa dumelang mo go nna, gore ke Keresete, jaanong foo ke dirile kgolagano le borraabo gore ba tlaa buseletswa mo nameng, mo lefatsheng, mo mafatsheng a boswa jwa bone.

8 Mme go tlaa diragala gore ba tlaa kgobokanngwa go tswa kwa phatlalalong ya bone e telele, go tswa kwa ditlhaketlhakeng tsa lewatle, le go tswa kwa dikarolong tse nne tsa lefatshe; mme ditšhaba tsa Baditšhaba di tlaa bo di le dikgolo mo matlhong a me, go bua Modimo, mo go iseng kwa mafatsheng a boswa jwa bone.

9 Ee, dikgosi tsa Baditšhaba e tlaa nna bonrraeno ba baoki go bone, mme bahumagadi ba bone e tlaa nna bommaeno ba baoki; ka jalo he, ditsholofetso tsa Morena di dikgolo go Baditšhaba, gonne o buile jalo, mme ke mang yo o ka ngangang?

10 Mme bonang, lefatshe le, go bua Modimo, e tlaa nna lefatshe la boswa jwa lona, mme Baditšhaba ba tlaa segofadiwa mo lefatsheng.

11 Mme lefatshe le e tlaa nna lefatshe la kgololesego go Baditšhaba, mme ga go kitla go nna le dikgosi mo lefatsheng, tse di tlaa tsholetsegang go Baditšhaba.

12 Mme ke tlaa aga tshireletso ya lefatshe le kgatlhanong le ditšhaba tsotlhe tse dingwe.

13 Mme ene yo o lwang kgatlhanong le Sione o tlaa nyelela, go bua Modimo.

14 Gonne ene yo o tsholetsang kgosi kgatlhanong le nna o tlaa nyelela, gonne nna, Morena, kgosi ya legodimo, ke tlaa nna kgosi ya bone, mme ke tlaa nna lesedi go bone ka metlha, ba ba utlwang mafoko a me.

15 Ka jalo he, ka lebaka le, gore dikgolagano tsa me di diragadiwe tse ke di dirileng go bana ba batho, tse ke tlaa di dirang go bone fa ba sale mo nameng, ke tshwanetse go tlhokega ke senye ditiro tsa sephiri tsa lefifi, le tsa dipolao, le tsa bodiabole.

16 Ka jalo he, ene yo o lwang kgatlhanong le Sione, mmogo Bajuta le Baditšhaba, mmogo bagolegwi le bagololesegi, mmogo banna le basadi, ba tlaa nyelela; gonne ke bone ba e leng diaka tsa lefatshe lotlhe; gonne ba e seng ba me ba kgatlhanong le nna, go bua Modimo wa rona.

17 Gonne ke tlaa diragatsa ditsholofetso tsa me tse ke di dirileng go bana ba batho, tse ke tlaa di dirang go bone ba sale mo nameng—

18 Ka jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, go bua jaana Modimo wa rona: Ke tlaa bogisa peo ya gago ka seatla sa Baditšhaba; le fa go ntse jalo, ke tlaa nolofatsa dipelo tsa Baditšhaba, gore ba tle ba nne jaaka ntate mo go bone; jalo he, Baditšhaba ba tlaa segofadiwa, le go balelwa gareng ga ntlo ya Iseraele.

19 Ka jalo he, ke tlaa kgethela lefatshe le go peo ya gago, le bone ba ba tlaa balelwang gareng ga peo ya gago, ka metlha, go nna lefatshe la boswa jwa bone; gonne ke lefatshe le le kgethegileng, go bua Modimo go nna, go feta mafatshe otlhe a mangwe, ka jalo he ke tlaa dira gore batho botlhe ba ba nnang mo go lone gore ba tle ba nkobamele, go bua Modimo.

20 Mme jaanong, bakaulengwe ba me ba ba rategang, re bona gore Modimo wa rona o o kutlwelobotlhoko o re file kitso e kgolo jaana mabapi le dilo tse, a re mo gakologelweng, mme re seegele fa thoko dibe tsa rona, mme re se dige ditlhogo tsa rona gonne ga re a latlhiwa; le fa go ntse jalo, re kgweeleditswe kwa ntle ga lefatshe la boswa jwa rona; mme re eteletswe go ya kwa lefatsheng le le botoka, gonne Morena o dirile lewatle tselana ya rona, mme re fa godimo ga setlhaketlhake sa lewatle.

21 Mme go gogolo ditsholofetso tsa Morena mo go bone ba ba leng mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle, ka jalo he jaaka gotwe ditlhaketlhake, go tshwanetse go tlhokega gore di fete fa, mme le tsone di nnwa ke bakaulengwe ba rona.

22 Gonne bonang, Morena Modimo o ne a etelela pele ka nako le nako go tswa mo ntlong ya Iseraele, go ya ka fa thatong le kgatlhego ya gagwe. Mme jaanong bonang, Morena o gakologelwa botlhe bone ba ba neng ba kgaolwa, ka jalo he o gakologelwa le rona.

23 Jalo he, thamisang dipelo tsa lona, mme lo gakologelwe gore lo gololesegile go itirela—go tlhopha tsela ya loso le le senang bokhutlo kgotsa tsela ya botshelo jo bosakhutleng.

24 Ka jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ikagisanyeng le thato ya Modimo, mme e seng le thato ya ga diabole le ya nama; mme gakologelwang, morago ga lo sena go agisana go Modimo, gore ke fela mo le ka matlhogonolo a Modimo le bolokwang.

25 Ka jalo he, a Modimo o le tsose mo losong ka thata ya tsogo, ga mmogo le mo losong lo lo senang bokhutlo ka thata ya tetlanyo, gore lo ka tla lwa amogelwa mo motseng wa bogosi jwa Modimo wa bosakhutleng, gore lo ka tla lwa mmaka ka matlhogonolo a semodimo. Amene.