Scriptures
2 Nifae 3


Kgaolo 3

Josefe kwa Egepeto o bona Banifae mo ponong—O porofitile ka ga Joseph Smith, molebi wa malatsi a bofelo; ka ga Moše, yo o tlaa gololang Iseraele; le ka ga go tla pele ga Buka ya ga Momone. E ka nna dingwaga di le 588 go ya go di le 570 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong ke bua le wena, Josefe, gofejane wa me. O tsholetswe mo nageng ya dipogisego tsa me; ee, mo malatsing a kutlobotlhoko ya me e kgolo thata mmago o ne a tshola wena.

2 Mme a Morena a kgethele gape go wena lefatshe le, le e leng lefatshe la botlhokwa thata, go nna boswa jwa gago le boswa jwa peo ya gago le bakaulengwe ba gago, go nna tshireletso ya gago ka metlha, fa go ka diragala gore o tshegetse ditaelo tsa Moitshephi wa Iseraele.

3 Mme jaanong, Josefe, gofejane wa me, yo ke mo tlisitseng go tswa mo nageng ya dipogisego tsa me, a Morena a go segofatse ka metlha, gonne peo ya gago ga e kitla e sengwa go tlhelele.

4 Gonne bona, o leungo lwa dinoka tsa me; mme ke kokomana ya ga Josefe yo o neng a tsewa setshwarwa go tsena mo Egepeto. Mme bogolo e ne e le dikgolagano tsa Morena tse a di direleng go Josefe.

5 Ka jalo he, Josefe ka boammaaruri o bone letsatsi la rona. Mme o ne a tsaya tsholofetso ya Morena, gore go tswa mo leungong lwa dinoka tsa gagwe Morena Modimo o tlaa emeletsa kala ya tshiamo go ntlo ya Iseraele; e seng Mesia, mme kala e e neng e tlaa robiwa, le fa go ntse jalo, go gakologelwa mo dikgolaganong tsa Morena gore Mesia o tshwanetse go supiwa go bone mo malatsing a bofelo, mo moweng wa thata, go ba ntsha mo lefifing go ya kwa leseding—ee, go tswa mo lefifing le le fitlhegileng le go tswa botshwarong go ya kgololesegong.

6 Gonne Josefe ka boammaaruri o pakile, a re: Molebi Morena Modimo wa me o tlaa mo emeletsa, yo o tlaa nnang molebi yo o gaisang go leungo la dinoka tsa me.

7 Ee, Josefe ka boammaaruri o rile: Go bua jalo Morena go nna: Molebi yo o gaisang ke tlaa mo emeletsa go tswa mo leungong la dinoka tsa gago; mme o tlaa tseelwa kwa godimo gareng ga leungo la dinoka tsa gago. Mme go ene ke tlaa naya taelo gore o tlaa direla tiro leungo la dinoka tsa gago, bakaulengwe ba gagwe, e e tlaa nnang ya botlhokwa jo bogolo go bone, le mo go ba tliseng mo kitsong ya dikgolagano tse ke di dirileng le borrago.

8 Mme ke tlaa mo fa taelo gore a se dire epe gape tiro, fa e se tiro e ke tlaa mo e laelang. Mme ke tlaa mo dira mogolo mo matlhong a me; gonne o tlaa dira tiro ya me.

9 Mme o tlaa nna mogolo jaaka Moše, yo ke rileng ke tlaa mo emeletsa go lona, go golola batho ba me, O ntlo ya Iseraele.

10 Mme Moše ke tlaa mo emeletsa, go golola batho bagaeno go tswa mo lefatsheng la Egepeto.

11 Mme molebi ke tlaa mo emeletsa go tswa mo leungong la noka ya gago; mme go ene ke tlaa naya thata ya go tlisa pele lefoko la me go peo ya noka ya gago—mme e seng go tlisa pele lefoko la me fela, go bua Morena, mme le go ba kgona go dumela lefoko la me, le le tla bong le setse le ile pele gareng ga bone.

12 Ka jalo he, leungo la noka ya gago lo tlaa kwala; le leungo la noka ya ga Juta le tlaa kwala; mme se se tlaa kwalwang ke leungo la noka ya gago, ga mmogo le se se tlaa kwalang ke leungo la noka ya ga Juta, di tlaa gola mmogo, go didimatsa thuto e eseng boammaaruri le go baya fatse dikomano, le go tlhoma kagiso gareng ga leungo la noka ya gago, le go ba tlisa mo kitsong ya borraabo mo malatsing a bofelo, ga mmogo le mo kitsong ya dikgolagano tsa me, go bua Morena.

13 Mme go tswa mo bokoeng o tlaa nonofadiwa, mo letsatsing leo fa tiro ya me e tlaa simologang gareng ga batho ba me botlhe, mo tsosolosong ya gago, O ntlo ya Iseraele, go bua Morena.

14 Mme jalo ga porofita Josefe, a re: Bonang, molebi yoo Morena o tlaa mo segofatsa; mme ba ba batlang go mo senya ba tlaa tlhaka senngwa; gonne tsholofetso e, e ke e tsereng mo Moreneng, ya leungo la noka ya me, e tlaa diragatswa. Bonang, ke tlhomamisa ka go diragadiwa ga tsholofetso e;

15 Mme leina la gagwe le tlaa bidiwa morago ga me; mme le tlaa bo le le morago ga ga rraagwe. Mme o tla bo a le jaaka nna; gonne selo, se Morena a tlaa se tlisang pele ka seatla sa gagwe, ka thata ya Morena o tlaa tlisa batho bagaetsho go poloko.

16 Ee, jalo ga porofita Josefe: Ke tlhomamisa ka ga selo se, le jaaka ke tlhomamisa ka tsholofetso ya ga Moše; gonne Morena o rile go nna, ke tlaa somarela peo ya gago ka metlha.

17 Mme Morena o rile: Ke tlaa emeletsa Moše; mme ke tlaa fa thata go ene mo thobaneng; mme ke tlaa fa katlholo go ene mo mokwalong. Mme ga ke kitla ke bofolola loleme lwa gagwe, gore a tle a bue thata, gonne ga ke na go mo dira senatla mo go bueng. Mme ke tlaa mo kwalela molao wa me, ka monwana wa seatla sa me; mme ke tlaa mo direla mmueledi.

18 Mme Morena a re go nna gape: Ke tlaa emeletsa go leungo la noka ya gago; mme ke tlaa mo direla mmueledi. Mme nna, bona, ke tlaa mo fa gore a kwale mokwalo wa leungo la noka ya gago, go leungo la noka ya gago; mme mmueledi wa noka ya gago o tlaa o bega.

19 Mme mafoko a a tlaa a kwalang e tla bo e le mafoko a a tlhokafalang mo tlhalefong ya me a tlaa ya pele go leungo la noka ya gago. Mme go tlaa nna jaaka e kete leungo la noka ya gago le leletse go bone go tswa leroleng; gonne ke itse tumelo ya bone.

20 Mme ba tlaa lela go tswa leroleng; ee, le tota boikotlhao go bakaulengwe ba bone, le tota morago ditshika tse di ntse di fitile ka bone. Mme go tlaa diragala gore selelo sa bone se tlaa tsamaya, le ka fa botlhofong jwa mafoko a bone.

21 Ka ntlha ya tumelo ya bone mafoko a bone a tlaa tswelela pele go tswa molomong wa me go bakaulengwe ba bone ba e leng leungo la noka ya gago; mme bokoa jwa mafoko a bone ke tlaa bo nonotsha mo tumelong ya bone, mo go gakologelweng dikgolagano tsa me tse ke di dirileng go borraabone.

22 Mme jaanong, bona, morwaaka Josefe, moraga ga mokgwa o, ntate wa bogologolo o ne a porofita.

23 Ka jalo he, ka ntlha ya kgolagano e o segofaditswe; gonne peo ya gago ga e kitla e senngwa, gonne ba tlaa obamela mafoko a buka.

24 Mme go tlaa ema mongwe yo o senatla gareng ga bone, yo o tlaa dirang molemo o montsi, mmogo mo lefokong le mo tirong, e le sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo, ka tumelo e e feteletseng, go dira ditseanyo tse dikgolo, le go dira selo seo se leng segolo mo matlhong a Modimo, mo go diragatseng tsosoloso e kgolo go ntlo ya Iseraele, le mo peong ya bakaulengwe ba gago.

25 Mme jaanong, go segofaditswe wena, Josefe. Bona, o mmotlana; ka jalo he, o obamele mafoko a ga morwarraago, Nifae, mme go tlaa diragadiwa go wena le ka fa mafokong a ke a buileng. Gakologelwa mafoko a ga rraago yo o swang. Amene.