Scriptures
2 Nifae 1


Buka ya Bobedi ya ga Nifae

Pego ka loso lwa ga Lihae. Bakaulengwe ba ga Nifae ba ingaola kgatlhanong le ene. Morena o tlhagisa Nifae go emelelela mo nageng. Maeto a gagwe mo nageng, le jalo jalo.

Kgaolo 1

Lihae o porofita ka ga lefatshe la kgololesego—Peo ya gagwe e tlaa phatlaladiwa le go itewa fa ba ka gana Moitshephi wa Iseraele—O rotloetsa barwawe go apara seaparo sa phemelo sa tshiamo. E ka nna dingwaga di le 588 go ya go di le 570 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore morago ga nna, Nifae, ke sena go dira bofelo jwa go ruta bakaulengwe ba me, rraarona Lihae, le ene a bua dilo di le dintsi go bone, mme ba bolelela, gogolo jang dilo tse Morena o ba di diretseng mo go ba tliseng go tswa mo lefatsheng la Jerusalema.

2 Mme o ne a bua le bone ka ga botsoulodi jwa bone kwa metsing, le ka ga mautlwelobotlhoko a Modimo mo go babaleleng matshelo a bone, gore ba ne ba seka ba mediwa ke lewatle.

3 Mme o ne gape a bua le bone ka ga lefatshe la tsholofetso, le ba neng ba le tshotse—gore Morena o ne a nna le mautlwelobotlhoko jang ka go re tlhagisa gore re tshabe go tswa lefatsheng la Jerusalema.

4 Gonne, bonang, o ne a re, ke bone pono, e mo go yone ke itseng gore Jerusalema o sentswe; mme fa re ka bo re ntse kwa Jerusalema le rona re ka bo re nyeletse.

5 Mme, ga re ene, go sa kgathalesege dipogisego tsa rona, re tshotse lefatshe la tsholofetso, lefatshe le le kgethegileng godimo ga mafatshe a mangwe otlhe; lefatshe le Morena Modimo a dirileng kgolagano le nna ka lone le tshwanetse go nna lefatshe la boswa jwa peo ya me. Ee, Morena o golagantse lefatshe le go nna, le bongwanake ka metlha, ga mmogo le botlhe bao ba ba tla etelelwang go tswa mo mafatsheng a mangwe ke seatla sa Morena.

6 Ka jalo he, nna, Lihae, ke porofita go ya ka fa go direng ga Mowa o o leng mo go nna, gore ga go ope yo o tlaa tlang mo lefatsheng le fa e se ba ba tlaa tlisiwang ka seatla sa Morena.

7 Ka jalo he, lefatshe le le kgethetswe go ene yo o tlaa mo tlisang. Mme fa go ka nna gore ba mo direle go ya ka fa ditaelong tse a di fileng, e tla nna lefatshe la kgololesego mo go bone; ka jalo he, ga ba kitla ba tlisiwa mo botshwarong; fa go ka nna jalo, e tlaa bo e le ka ntlha ya boikepi; gonne fa boikepi bo ka ntsifala khutsego e tlaa nna mo lefatsheng ka ntlha ya bone, mme mo basiaming le tlaa segofadiwa ka metlha.

8 Mme bonang, ke tlhalefo gore lefatshe le le kgapiwe mo kitsong ya ditšhaba tse dingwe; gonne bonang, ditšhaba tse dintsi di ka tlatsa lefatshe, gore go sa nne le lefelo la boswa.

9 Ka jalo he, nna, Lihae, ke bonye tsholofetso, gore go lekana le jaaka bao ba Morena Modimo a tlaa ba tlisang go tswa kwa lefatsheng la Jerusalema ba ka tshegetsa ditaelo tsa gagwe, ba tlaa tswelela mo sefatlhogong sa lefatshe le; mme ba tlaa beiwa go tswa ditšhabeng tse dingwe tsotlhe, gore ba ka tla ba nna mo lefatsheng le ka bo bone. Mme fa go ka nna gore ba tlaa tshegetsa ditaelo tsa gagwe ba tlaa segofadiwa mo sefatlhogong sa lefatshe le, mme ga go kitla go nna ope go ba tshwenya, le fa e le go ba tseela lefatshe la boswa jwa bone; mme ba tlaa nna ka polokesego ka metlha.

10 Mme bonang, fa nako e tla ya gore ba tle ba nyenyefale mo tlhoka tumelong, morago ga ba amogela masego a magolo jaana go tswa mo seatleng sa Morena—ba na le kitso ya tlholego ya lefatshe, le batho botlhe, ba itse ditiro tse dikgolo tse di gakgamatsang tsa Morena go tswa tlholegong ya lefatshe; ba na le thata e neilwe bone go dira dilo tsotlhe ka tumelo; ba na le ditaelo tsotlhe go tswa kwa tshimologong, mme ba tsisitswe ke bomolemo jwa gagwe jobo senang phelelo mo lefatsheng le le botlhokwa le la tsholofetso—bonang, ka re, fa letsatsi le ka tla la gore ba gane Moitshephi wa Iseraele, Mesia wa nnete, Morekolodi wa bone le Modimo wa bone, bonang, dikatlholo tsa gagwe ene yo o tshiamo le tlhamalalo di tlaa nna mo go bone.

11 Ee, o tlaa lere ditšhaba tse dingwe go bone, mme o tlaa ba fa thata, mme o tlaa tsaya mo go bone mafatshe a thuo ya bone, mme o tlaa ba dira gore ba phatlaladiwe le go itewa.

12 Ee, fa jaaka tshika e nngwe e fetela go e nngwe go tlaa nna le ditshololo tsa madi, le diketelo tse dikgolo gareng ga bone; ka jalo he, barwaaka, ke ka re lo ka gakologelwa; ee, ke ka re lo ka obamela mafoko a me.

13 O gore lo ka tsoga; le tsoga mo borokong jo bogolo, ee, le mo borokong jwa molete, mme lo tshikinye dikeetane tse di boitshegang tse ka tsone lo bofilweng, tse e leng dikeetane tse di bofang bana ba batho, gore ba tseelwe botshwarwa kwa tlase kwa serung se se senang bokhutlo sa bohutsana le khutsafalo.

14 Tsogang! mme lo eme go tswa mo loroleng, mme lo utlwe mafoko a motsadi yo o roromang, yo dirwe tsa gagwe lo tshwanetseng ka bonako lo di robatse fatshe mo lebitleng le le tsididi le tidimalo, kwa go seng mosipidi ope a ka boang; malatsi a se kae go feta, mme ke tsamaya tsela ya lefatshe lotlhe.

15 Mme bonang, Morena o rekolotse botho jwa me go tswa mo moleteng; ke bone kgalalelo ya gagwe, mme ke ageletswe ka bosakhutleng mo matsogong a lorato lwa gagwe.

16 Mme ke eletsa gore lo gakologelwe go tshegetsa melawana le dikatlholo tsa Morena; bonang, se e sale e nna tlhobaelo ya botho jwa me go tswa kwa tshimologong.

17 Pelo ya me e imetswe ke bohutsana ka nako le nako, gonne ke boifile, gore ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona, Morena Modimo wa lona o tlaa tswa mo botlalong jwa kgalefo ya gagwe mo go lona, gore lo kgaolwe mme lo senngwe ka metlha;

18 Kgotsa, gore khutso e tlaa tla mo go lona sebaka sa ditshika tse dintsi; mme lo etelwe ka tšhaka, le ka tlala, mme lwa ilwa, mme lwa etelelwa ka fa thatong le botshwaro jwa ga diabole.

19 O barwaaka, gore dilo tse di seka tsa tla mo go lona, mme gore lo ka nna batho ba ba tlhophegileng le ba ba ratiwang ba Morena. Mme bonang, thato ya gagwe a e diragadiwe; gonne ditsela tsa gagwe di tshiamo ka metlha.

20 Mme o rile gore: Go lekana le jaaka lo ka tshegetsa ditaelo tsa me lo tlaa tswelela mo lefatsheng; mme go lekana le jaaka lo ka seke lo tshegetse ditaelo tsa me lo tlaa kgaolwa fa pele ga me.

21 Mme jaanong gore botho jwa me bo ka nna le boipelo mo go lona, le gore pelo ya me e ka tlogela lefatshe le ka boitumelo ka ntlha ya lona, gore ke seka ka tlisiwa tlase ka kutlobotlhoko le bohutsana kwa lebitleng, emang go tswa mo loroleng barwaaka, mme lo nne banna, mme lo ikemisetse mo mogopolong o le mongwe le mo pelong e le nngwe, lo kopanye mo dilong tsotlhe, gore lo seka lwa tla tlase mo bokgobeng;

22 Gore lo se hutsiwe ka khutso e e botlhoko; le gape, gore lo se itlisetse go sa itumele ga Modimo wa tshiamo le tlhamalalo mo go lona, go ya tshenyegong, ee, tshenyego e e sa khutling ya mmogo mmele le botho.

23 Tsogang, barwaaka; aparang seaparo sa phemelo sa tshiamo. Itlhotlhoreng dikeetane tse ka tsone lo bofilweng, mme lo tswe mo phitlhegong, le bo le eme go tswa mo loroleng.

24 Lo se tlhole lo ingaola kgatlhanong le morwarraalona, yo dipono tsa gagwe e ntseng e le tse di galalelang, mme yo o saleng a tshegetsa ditaelo go tswa ka nako e re neng ra tswa kwa Jerusalema; mme yo o ntseng a le sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo, mo go re tliseng pele mo lefatsheng la tsholofetso; gonne fa e ne e se ka ene, re ka bo re nyeletse ka tlala mo nageng; le fa go ntse jalo, lo ne lwa batla go tsaya botshelo jwa gagwe; ee, mme o sotlegile kutlobotlhoko e ntsi ka ntlha ya lona.

25 Mme ke a boifa le go roroma mo go feteletseng ka ntlha ya lona, e se re kgotsa o tlaa sotlega gape; gonne bonang, lo mo pateleditse gore o batla thata le taolo mo godimo ga lona; mme ke itse gore ga a ise a batle thata le fa e le taolo mo godimo ga lona, mme o batlile kgalalelo ya Modimo, le boitekanelo jwa lona jo bosakhutleng.

26 Mme lo ne lwa ngunanguna ka a ne a tlhamaletse mo go lona. Lwa re o dirisitse bogale; lwa re o ntse a lo tenegetse; mme bonang, bogale jwa gagwe e ne e le bogale jwa thata ya lefoko la Modimo, le le neng le le mo go ene; mme se lo se bitsang tenego e ne e le baammaaruri, ka fa go se se leng mo Modimong, se a neng a se kake a se laola, mo go supeng ka tshosologo mabapi le boikepi jwa lona.

27 Mme go tshwanetse go tlhokega gore thata ya Modimo e tshwanetse e nne le ene, le mo go lo laoleng gore lo tshwanetse go obamela. Mme bonang, e ne e se ene, mme e ne e le Mowa wa Morena o o neng o le mo go ene, o o neng wa bula molomo wa gagwe go bua mo a neng a ka seka a o tswala.

28 Mme jaanong morwaaka, Leimene, ga mmogo le Lemuele le Seme, ga mmogo le barwaaka ba e leng barwa Išemaele, bonang, fa lo ka obamela go lentswe la ga Nifae, ga lo na go nyelela. Mme fa lo ka mo obamela, ke lo tlogelela tshegofatso, ee, le tshegofatso ya me ya ntlha tota.

29 Mme fa lo ka seka lwa mo obamela ke tsaya tshegofatso ya me ya ntlha, ee, le tshegofatso ya me, mme e tlaa nna mo go ene.

30 Mme jaanong, Soramo, ke bua le wena: Bona, wena o motlhanka wa ga Labane; mme le fa go ntse jalo, o ntshitswe mo lefatsheng la Jerusalema, gape ke itse gore o tsala ya boammaaruri go morwaake, Nifae, ka metlha.

31 Ka jalo he, ka gonne o ntse o ikanyega peo ya gago e tlaa segofadiwa le peo ya gagwe, gore ba nne ka tswelelopele ka boleele mo sefatlhogong sa lefatshe le; mme ga go sepe, kwa ntle ga boikepi gareng ga bone, se tlaa utlwisang botlhoko kgotsa go kgoreletsa tswelelo ya bone mo sefatlhogong sa lefatshe le ka metlha.

32 Ka jalo he, fa lo ka tshegetsa ditaelo tsa Morena, Morena o kgethile lefatshe le go nna tshireletso ya peo ya gago le peo ya morwaake.