Scriptures
2 Nifae 19


Kgaolo 19

Isaia o bua Semesia—Batho ba ba mo lefifing ba tlaa bona lesedi le legolo—Go rona ngwana o tshotswe—O tla bo a le Kgosana ya Kagiso mme o tlaa busa mo setilong sa bogosi sa ga Dafite—Tswantsha Isaia 9. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Le fa go ntse jalo, lefitshwana ga le kitla le nna jaaka le ne le ntse mo pogisegong ya gagwe, fa lwa ntlha a neng a bogisa go se e kae lefatshe la Sebulone, le lefatshe la Nafetali, mme morago ga foo a bogisa mo go botlhoko thata ka tsela ya Lewatle le Lehibidu go feta Joretane mo Galilea wa ditšhaba.

2 Batho ba ba neng ba tsamaya mo lefifing ba bone lesedi le legolo; bao ba ba nnang mo lefatsheng la moriti wa loso, go bone lesedi le phatsimele.

3 O ntsifaditse setšhaba, mme wa oketsa boipelo—ba ipela fa pele ga gago ka fa boipelong mo thobong, le jaaka banna ba ipela fa ba kgaogana tse ba di gapileng.

4 Gonne o robile jokwe ya mokgweleo wa gagwe, le kotla ya legetla la gagwe, thobane ya mogateledi wa gagwe.

5 Gonne ntwa nngwe le nngwe ya motlhabani e na le modumo o o tsietsegang, le diaparo tse di pitikilweng mo mading; mme se se tlaa nna ka go tuka le leokwane la molelo.

6 Gonne go rona ngwana o tshotswe, go rona morwa o filwe; mme puso e tlaa nna mo magetleng a gagwe; mme leina la gagwe le tlaa bidiwa, Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara yo o senang Bokhutlo, Kgosana ya Kagiso.

7 Ka ntsifalo ya puso le kagiso ga go na bokhutlo, mo setilong sa bogosi sa ga Dafite, le mo motseng wa bogosi jwa gagwe go o tsamaisa, le go o tlhoma ka katlholo le ka tshiamiso go tswa fa go ya pele, le ka metlha tota. Mafolofolo a Morena wa Masomosomo a tlaa dira se.

8 Morena o rometse lefoko la gagwe go Jakobe mme le fologetse mo go Iseraele.

9 Mme batho botlhe ba tlaa itse, le Eferaime tota le banni ba Samaria, ba ba reng mo boikgogomosong le bopelo-tona:

10 Ditena di ole, mme re tlaa aga ka matlapa a a betlilweng; ditlhare tsa masekamore di kgaotswe, mme re tlaa di fetolela go masetara.

11 Jalo he Morena o tlaa baakanya baba ba Resine kgatlhanong le ene, mme a kopanye baba ba gagwe mmogo;

12 Basiria kwa pele, Bafilisitia kwa morago; mme ba tlaa kometsa Iseraele ka molomo o o atlhameng. Ka ntlha ya tsotlhe tse, tšhakgalo ya gagwe ga e a faposiwa, mme seatla sa gagwe se sa ntse se thapolotswe.

13 Gonne batho ga ba fapogele kwa go ene yo o ba itayang, le fa e le go batla Morena wa Masomosomo.

14 Jalo he Morena o tlaa kgaola go tswa mo go Iseraele tlhogo le mogatla, kala le mokolwane ka letsatsi le lengwe.

15 Mogologolo, ke ene tlhogo; mme moporofiti yo o rutang maaka, ke ene mogatla.

16 Gonne baeteledipele ba batho ba ba ba dira gore ba fose; mme bone ba ba eteletsweng pele ke bone ba a senngwa.

17 Jalo he Morena ga a na go nna le boipelo mo makawaneng a bone, le fa e le go tla go nna le kutlwelobotlhoko mo go ba bone ba ba senang borraabo le batlholagadi; gonne mongwe le mongwe wa bone ke moitimokanyi le modira-bosula, mme molomo mongwe le mongwe o bua bomatla. Ka ntlha ya tsotlhe tse tšhakgalo ya gagwe ga e a faposiwa, mme seatla sa gagwe se sa ntse se thapolotswe.

18 Gonne boleo bo sha jaaka molelo; o tlaa kometsa makhi le lorwana, mme o tlaa kukela mo ditshutlheng tsa dikgwa, mme di tlaa tlhatoga godimo jaaka go tsholetsegela godimo ga mosi.

19 Ka kgalefo ya Morena wa Masomosomo lefatshe le a fifadiwa, mme batho ba tlaa nna jaaka leokwane la molelo; ga go monna ope yo o tlaa babalelang morwarraagwe.

20 Mme o tlaa phamola mo seatleng sa moja mme a tshwarwe ke tlala; mme o tlaa ja mo seatleng sa molema mme ba tlaa seke ba kgore; ba tlaa ja motho mongwe le mongwe nama ya seatla sa gagwe—

21 Manase, Eferaime; le Eferaime, Manase; bone mmogo ba tlaa nna kgatlhanong le Juta. Mo go tsotlhe tse, tšhakgalo ya gagwe ga e a faposiwa, mme seatla sa gagwe se sa ntse se thapolotswe.