Scriptures
2 Nifae 16


Kgaolo 16

Isaia o bona Morena—Dibe tsa ga Isaia di a itshwarelwa—O bidiwa go porofita—O porofita ka ga go ganwa ke Bajuta ga dithuto tsa ga Keresete—Masalela a tlaa boa—Tswhantsha Isaia 6. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Mo ngwageng e kgosi Usia a neng a swa, ke ne ka bona gape Morena a ntse mo setilong sa bogosi, a le kwa godimo mme a tsholeleditswe godimo, mme meja ya purapura ya gagwe e tletse tempele.

2 Fa godimo ga yone go eme serafimi; nngwe le nngwe ya tsone e na le diphuka di le thataro; ka tse pedi o ne a bipa sefatlhago sa gagwe, mme ka tse pedi a bipa maoto a gagwe, mme ka tse pedi o ne a fofa.

3 Mme mongwe o ne a goa go yo mongwe, mme a re: Boitshepho, boitshepho, boitshepho, ke Morena wa Masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.

4 Mme dikosaina tsa lebati di ne tsa tshikhinngwa ke lentswe la yo o neng a goa, mme ntlo e ne e tletse mosi.

5 Jaanong foo nna ka re: Khutsego e mo go nna! Gonne ke senyegile; ka gonne ke monna wa dipounama tse di leswe; e bile ke nna mo gare ga batho ba dipounama tse di leswe; gonne matlho a me a bone Kgosi, Morena wa Masomosomo.

6 Jaanong foo ga fofela mongwe wa diserafimi kwa go nna, a tshotse legala le le tshelang mo seatleng sa gagwe, le a neng a le ogotse ka tang go tswa mo aletareng;

7 Mme o ne a le baya mo leganong la me, mme a re: Leba, se se kgomile dipounama tsa gago; mme boikepi jwa gago bo tlositswe, mme sebe sa gago se tlhatswitswe.

8 Gape ka utlwa lentswe la Morena, le re: Ke tlaa roma mang, mme ke mang yo o tlaa re elang? Jaanong foo ke ne ka re: Ke fano; roma nna.

9 Mme o ne a re: Tsamaya o ye go bolelela batho ba—Utlwang ruri, mme ba seka ba tlhaloganya; mme bonang ruri, mme ba seka ba lemoga.

10 Dira pelo ya batho ba go nona, mme dira ditsebe tsa bone bokete, mme o tswale matlho a bone—esere kgotsa ba bona ka matlho a bone, le go utlwa ka ditsebe tsa bone, mme ba tlhaloganya ka pelo ya bone, mme ba sokologa mme ba fodisiwe.

11 Jaanong foo ka re nna: Morena, sebaka se se kae? Mme a re: Go fitlhela metse e senyega e sena monni, le mantlo a sena batho, le lefatshe le kakabale gotlhelele;

12 Mme Morena o ntshitse batho kgakala, gonne go tlaa nna le tlogelo e kgolo mo gare ga lefatshe.

13 Mme go ntse go tlaa nna le bongwe mo lesomeng, mme ba tlaa boa, mme ba tlaa jewa, jaaka setlhare sa moumo, le jaaka setlhare sa ouku se boleng jwa sone bo leng mo go tsone fa di tlhotlhorega matlhare a tsone; jalo peo e e boitshepho e tlaa nna boleng jwa sone.