Scriptures
2 Nifae 18


Kgaolo 18

Keresete o tlaa nna jaaka letlapa le le kgopang le lefika le le kgopisang—Batlang Morena, e seng baloi ba ba pipinyang—Fetogelang kwa molaong le kwa bopaking go bona kaelo—Tshwantsha Isaia 8. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Mo godimo ga moo, lefoko la Morena lwa re go nna: Tsaya wena kgare e kgolo, mme o kwale mo go yone ka pena ya motho, ka ga Maherešalale-haše-base.

2 Mme ke ne ka tsaya go nna basupi ba ba ikanyegang go kwala, Uria moperesiti, le Sekaria morwa Jeberekia.

3 Mme ke ne ka ya go moporofiti wa mosadi; mme o ne a ima mme a tshola morwa. Jaanong foo Morena a nthaya a re: Bitsa leina la gagwe Maherešalale-haše-base.

4 Gonne bona, ngwana ga a na go nna le kitso ya go lela, Ntate, le mme, pele ga dikhumo tsa Damaseko le tsa thukutho ya Samaria, di tlaa tsewa fa pele ga kgosi ya Asiria.

5 Morena a bua go nna gape, a re:

6 Fela jaaka batho ba ba gana metsi a Shiloa a a tsamayang ka bonolo, le go itumela mo go Resine le morwa Remalia;

7 Jaanong jalo he, bonang, Morena o tlisa mo go bone metsi a noka, a a thata a le mantsi, le tota kgosi ya Asiria le kgalalelo yotlhe ya gagwe; mme o tlaa tla godimo mo godimo ga meedi yotlhe ya gagwe, mme a tsamaya mo godimo ga matshitshi otlhe a gagwe.

8 Mme o tlaa feta a raletse Juta; o tlaa penologa a ba a tshologa, o tlaa goroga le kwa molaleng tota; mme go thapolola diphuka tsa gagwe go tlaa apesa bophara jwa lefatshe la gago, O Imanuele.

9 Ikopanyeng, O batho ke lona, mme lo tlaa kgaoganngwa ditoki; mme nayang tsebe lotlhe lona ba mafatshe a a kgakala; itlameng; mme lo tlaa kgaoganngwa ditoki; itlameng, mme lo tlaa kgaoganngwa ditoki.

10 Tsayang kgakololo mmogo, mme e tlaa nna lefela; buang lefoko, mme ga lena go ema; gonne Modimo o na le rona.

11 Gonne Morena o buile jalo le nna ka seatla se se tiileng, mme a ntaetse gore ke seka ka tsamaya mo tseleng ya batho ba, a re:

12 Lo se re: kopano, go botlhe ba batho ba ba tlaa reng, kopano; lo se boife poifo ya bone, le fa e le go tsoga.

13 Itshephiseng Morena wa Masomosomo ka sebele, mme le mme a nne poifo ya lona, mme le mme a nne poitshego ya lona.

14 Mme o tlaa nna go nnela lefelo le le boitshepho; mme letlapa le le kgopang, le lefika la kgopiso go mantlo a Iseraele ka bobedi, go nna serai le selaga go baagi ba Jerusalema.

15 Mme bontsi gareng ga bone ba tlaa kgopiwa le go wa, mme ba tlaa robege, mme ba tshwarwe, mme ba tsewe.

16 Bofang bopaki, kanang molao gareng ga barutwana ba me.

17 Mme ke tlaa letela mo Moreneng, yo o fitlhang sefatlhogo sa gagwe go ntlo ya ga Jakobe, mme ke tlaa mmatla.

18 Bonang, nna le bana ba Morena a ba mphileng re ba ditshupo le ba dikgakgamatso mo Iseraele, go tswa go Morena wa Mosomosomo yo o nnang mo Thabeng ya Sione.

19 Mme fa ba lo raya ba re: Batlang go bone ba ba nang le mewa e e tlwaelesegileng, le go baloi ba ba pipinyang le go ngunanguna—a batho ga baa tshwanela go batla go Modimo wa bone gore batshidi ba utlwe go tswa baswing?

20 Kwa molaong le kwa bopaking; mme fa ba sa bue go ya ka fa lefokong le, ke ka ntlha ya gore ga go na lesedi mo go bone.

21 Mme ba tlaa feta ba di raletse ba bogisitswe ka matshwenyego ba tshwerwe ke tlala; mme go tlaa diragala gore fa ba tlabo ba tshwerwe ke tlala, ba tlaa itena, mme ba hutse kgosi ya bone le Modimo wa bone mme ba lebe kwa godimo.

22 Mme ba tlaa leba mo lefatsheng mme ba bone matshwenyego, le lefifi, lefitshwana la matlhoko le matshwenyego, mme ba tlaa kgweelediwa kwa lefifing.