Scriptures
2 Nifae 23


Kgaolo 23

Tshenyego ya Babilone ke sekao sa tshenyego Kwa go tleng la Bobedi—E tla bo e le letsatsi la kgalefo le pusoloso—Babilone (lefatshe) tlaa wa ka metlha—Tshwantsha Isaia 13. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Mokgweleo wa Babilone, o Isaia morwa Amose a neng a o bona.

2 Tsholeletsang kwa godimo mokgele mo thabeng e e kwa godimo, tlhatlosang lentswe go bone, tshikhinyang seatla, gore ba tle ba tsene ka dikgoro tsa ba ba tlotlegang.

3 Ke laetse ba me ba ba itshephisitsweng, ke biditse gape ba me ba ba dinatla, gonne tšhakgalo ya me ga e mo go bone ba ba ipelang mo bogodimong jwa me.

4 Modumo wa matshwititshwiti mo dithabeng jaaka e kete wa tšhaba e kgolo, modumo wa dikhuduego tsa metse ya magosi ya ditšhaba di kgobokanye mmogo, Morena wa Masomosomo o phutha masomosomo a ntwa.

5 Ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala, go tswa kwa bokhutlong jwa legodimo, ee, Morena, le dibetsa tsa bogale jwa gagwe, go senya lefatshe lotlhe.

6 Gowang lona, gonne letsatsi la Morena le fa seatleng; le tlaa tla e le tshenyo go tswa go Mothatayotlhe.

7 Jalo he diatla tsotlhe di tlaa nna bokoa, pelo ya monna mongwe le mongwe e tlaa nyera;

8 Mme ba tlaa boifa; ditlhabi le mahutsana di tlaa ba tshwara; ba tlaa gakgamala; mongwe go yo mongwe; difatlhogo tsa bone di tlaa nna jaaka e kete metuka.

9 Bonang, letsatsi la Morena le etla, setlhogo mmogo le kgalefo le tšhakgalo e e boitshegang, go dira lefatshe letlotla; mme o tlaa senya baleofi ba lone go tswa mo go lone.

10 Gonne dinaledi tsa legodimo le kgobokano ya tsone ga di na go naya lesedi la tsone; letsatsi le tlaa fifadiwa mo go tsamayeng pele ga gagwe, mme ngwedi ga a na go dira gore lesedi la gagwe le phatsime.

11 Mme ke tlaa otlhaela lefatshe bosula, le baleofi boikepi jwa bone; ke tlaa dira boikgopolo jwa baikgogomosi go ema, mme ke tlaa baya fatshe boikgantsho jwa ba ba boitshegang.

12 Ke tlaa dira monna botlhokwa go feta gauta; le tota monna go gaisa kgapetla ya gauta ya Ofire.

13 Jalo he, ke tlaa tshikhinya magodimo, mme lefatshe le tlaa suta go tswa mo mannong a lone, mo kgalefong ya Morena wa Masomosomo, le mo letsatsing la tšhakgalo e e boitshegang ya gagwe.

14 Mme go tlaa nna jaaka tshephe e e lelekilweng, le jaaka dinku tse go seng motho ope yo o di tlhokomelang; mme bone motho mongwe le mongwe o tlaa boela kwa go ba ga gabo, le go tšhaba mongwe le mongwe go tsena mo lefatsheng la gagwe.

15 Mongwe le mongwe yo o boikgogomoso o tlaa tlhabiwa; ee, mme mongwe le mongwe yo o kopaneng le baleofi o tlaa wa ka tšhaka.

16 Bana ba bone le bone ba tlaa phatloganngwa ditoki fa pele ga matlho a bone; matlo a bone a tlaa rutlololwa, mme basadi ba bone ba betelelwe.

17 Bonang, ke tlaa fuduwa Bamete kgatlhanong le bone, ba ba sa esing gope selefera le gauta, le fa e le go itumela mo go yone.

18 Mara a bone le one a tlaa phatloganya masogwana ditoki; mme ga ba na go nna le pelotlhomogi mo leungong la sebopelo; matlho a bone ga a na go tlogela bana.

19 Mme Babilone, kgalalelo ya metse ya magosi, bontle jwa botlotlegi jwa Bakalatea, o tlaa nna jaaka fa Modimo a ne a menola Sotoma le Gomora.

20 Ga o kitla o tlhola o nna le banni, le fa e le go nniwa go tswa tshikeng go ya tshikeng: le fa e le gore Moarabia a tlhome tante teng; le fa e le badisa go tla ba dira lesaka la bone teng.

21 Mme diphologolo tsa naga tsa sekaka di tlaa robala koo; mme matlo a bone a tlaa tlala ditshidi tse di dumadumang; mme merubisi e tlaa nna koo, mme badimo sekapodi ba tlaa bina koo.

22 Mme diphologolo tsa naga tsa ditlhaketlhake di tlaa lela mo mantlong a matlotla a bone, mme dikgogela mantlong a matona a dikgosi a mantle a bone; mme nako ya gagwe e gaufi le go tla, mme letsatsi la gagwe ga le na go lelefadiwa. Gonne ke tlaa mo senya ka bonako; ee, gonne ke tlaa nna kutlwelobotlhoko mo bathong ba me, mme baleofi ba tlaa nyelela.