Scriptures
2 Nifae 24


Kgaolo 24

Iseraele o tlaa kgobokanngwa mme o tlaa ipelela boikhutso jwa dingwaga tse di sekete—Lusifa o ne a kobiwa go tswa kwa legodimong ka ntlha ya boingaolo—Iseraele o tlaa fenya Babilone (lefatshe)—Tshwantsha Isaia 14. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Gonne Morena o tlaa nna le kutlwelobotlhoko mo go Jakobe, mme o sa ntse a tlaa tlhopha Iseraele, mme a ba beye mo lefatsheng le e leng la bone; mme batswakwa ba tlaa kopanngwa le bone, mme ba tlaa ngaparela ntlo ya ga Jakobe.

2 Mme batho ba tlaa ba tsaya mme ba ba tlisa kwa lefelong la bone; ee, go tswa kgakala kwa dikhutlong tsa lefatshe; mme ba tlaa boela kwa mafatsheng a bone a tsholofetso. Mme ntlo ya Iseraele e tlaa ba rua, mme lefatshe la Morena e tlaa nna la batlhanka le malata; mme ba tlaa ba tsaya ditshwarwa go bao ba ba neng ba le ditshwarwa go bone; mme ba tlaa busa godimo ga bagateledi ba bone.

3 Mme go tlaa diragala mo letsatsing leo, gore Morena o tlaa go naya boikhutso, go tswa mo khutsafalong ya gago, le go tswa mo poifong ya gago, le go tswa mo bokgobeng jo bo thata jo ka jone o neng wa dirwa gore o direle.

4 Mme go tlaa diragala mo letsatsing leo, gore wena o tlaa tsaya seane se, kgatlhanong le kgosi ya Babilone, mme o re: Go tlile jang gore mogateledi a eme, motse wa gauta o eme!

5 Morena o robile thobane ya baleofi, thobane ya bogosi ya babusi ba bone.

6 Ene yo o iteileng batho mo kgalefong ka kiteo e e tswelelang, ene yo o neng a busa ditšhaba mo tšhakgalong, o tshwentswe mme ope ga a kgoreletse.

7 Lefatshe lotlhe le ikhuditse, e bile le didimetse; ba thubega mo kopelong.

8 Ee, ditlhare tsa feiye di ipela mo go wena, le gape masetara a Lebanone, di re: Fa e sale o beiwa fatshe ga go moremi yo o tsileng kgatlhanong le rona.

9 Molete go tswa kwa tlase o tshikhintswe ka ntlha ya gago go kopana le wena kwa go tleng ga gago; o fuduwa baswi ka ntlha ya gago, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe tota; o emeleditse go tswa mo ditilong tsa bogosi tsa bone, dikgosi tsotlhe tsa ditšhaba.

10 Botlhe ba tlaa bua ba re go wena: A le wena o nnile bokoa jaaka rona? A le wena o tshwana le rona?

11 Boitlotlomatso jwa gago bo tlisitswe tlase kwa lebitleng; modumo wa diletso tsa gago ga o utlwiwe; seboko se thapologile ka fa tlase ga gago, mme diboko di go apesitse.

12 O ole jang kwa legodimong, O Lusifa, morwa wa moso! A o digetswe fa fatshe, yo o neng a koafatsa ditšhaba!

13 Gonne o rile mo pelong ya gago: Ke tlaa tlhatlogela mo legodimong, ke tlaa tlhatlosetsa setilo sa puso ya me kwa godimo ga dinaledi tsa Modimo; ke tlaa nna gape mo thabeng ya phuthego, mo dithoko tsa bokone;

14 Ke tlaa tlhatlogela kwa godimo ga bogodimo jwa maru; ke tlaa nna jaaka Mogodimo dimo.

15 Mme o tlaa tlisiwa tlase kwa moleteng, kwa dithoko tsa lehuti.

16 Bao ba ba go bonang ba tlaa leba ka bosesane mo go wena, mme ba tlaa go akanyetsa, mme ba tlaa re: A yo ke ene monna yo o dirileng lefatshe gore le rorome, yo o neng a tshikhinya metse ya magosi?

17 Le go dira lefatshe jaaka naga, mme a senya metse ya lone, mme a seka a bula matlo a magolegwa a gagwe?

18 Dikgosi tsotlhe tsa ditšhaba, ee, botlhe ba bone, ba robetse mo kgalalelong, mongwe le mongwe wa bone mo ntlong ya gagwe.

19 Mme wena o latlhetswe kwa ntle ga lebitla la gago jaaka kala e e bodiabole, le masalela a bao ba ba bolailweng, ba tlhabilwe ka tšhaka, ba ba yang tlase kwa matlapeng a lehuti; jaaka setoto se se gatilweng ka dinao.

20 Wena ga o na go kopanngwa le bone mo phitlhong, gonne o sentse lefatshe la gago mme wa bolaya batho ba gago; peo ya badira-bosula ga e kitla e tumisiwa.

21 Baakanya kganyaolo ya bana ba gagwe ka ntlha ya boikepi jwa borraabo, gore ba seka ba tsoga, le fa e le go rua lefatshe, le fa e le go tlatsa sefatlhogo sa lefatshe ka metse.

22 Gonne ke tlaa ema kgatlhanong le bone, go bua jalo Morena wa Masomosomo, le go kgaola go tswa Babilone leina, le masalela, le morwa, le setlogolo, go bua Morena.

23 Gape ke tlaa e dira seruiwa sa kgapu, le megobe ya metsi, mme ke tlaa e feela ka lefeelo la tshenyo, go bua Morena wa Masomosomo.

24 Morena wa Masomosomo o ikanne, a re: E le ruri jaaka ke akantse, jalo go tlaa diragala; mme jaaka ke ikaeletse, jalo go tlaa ema—

25 Gore ke tlaa tsisa Moasiria mo lefatsheng la me, le mo dithabeng tsa me ke mo gataka ka fa tlase ga lenao; jaanong foo jokwe ya gagwe e tlaa ba tlogela, mme mokgweleo wa gagwe o tlaa tswa mo magetleng a bone.

26 Se ke maikaelelo a a ikaeletsweng mo lefatsheng lotlhe; mme se ke seatla se se thapolotsweng mo ditšhabeng tsotlhe.

27 Gonne Morena wa Masomosomo o ikaeletse, mme ke mang yo o tlaa phimolang? Mme seatla sa gagwe se thapolotswe, mme ke mang yo o tlaa se busang?

28 Mo ngwageng o kgosi Ahase a suleng ka one, go ne go le mokgweleo o.

29 Se ipele wena, Filisitia yotlhe, gonne thobane ya gagwe ene yo o neng a lo itaya e robegile; gonne go tswa moding wa noga, go tlaa tswa kake, mme leungo la gagwe e tlaa nna noga e e fofang ya molelo.

30 Mme ngwana wa ntlha wa bahumanegi o tlaa ja, mme batlhoki ba tlaa rapama fatshe mo tshireletsong; mme ke tlaa bolaya modi wa gago ka tlala, mme o tlaa bolaya masalela a gago.

31 Goa, O kgoro; lela, O motse, wena, Filisitia yotlhe, o phatlaladitswe; gonne go tlaa tla go tswa kwa bokone mosi, mme ope o tla bo a se nosi mo nakong ya gagwe e e beilweng.

32 Go tlaa arabang jaanong foo barongwa ba ditšhaba? Gore Morena o thaile Sione, mme bahumanegi ba batho ba gagwe ba tlaa tshepa mo go yone.