Scriptures
2 Nifae 28


Kgaolo 28

Dikereke di le dintsi tse e seng tsa boammaaruri di tlaa agiwa mo malatsing a bofelo—Di tlaa ruta dithuto tse e seng boammaaruri tsa lefela, le bomatla—Kgelogo e tlaa ata ka ntlha ya baruti ba e seng ba boammaaruri—Diabole o tlaa gakala mo dipelong tsa batho—O tlaa ruta mekgwa yotlhe ya dithuto tse e seng boammaaruri. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, bonang, bakaulengwe ba me, ke buile le lona, go ya ka fa mowa o neng o mpatika ka teng; ka jalo he, ke itse gore ka nnete di tlaa diragala.

2 Mme dilo tse di tlaa kwalwang go tswa mo bukeng di tlaa nna tsa botlhokwa jo bogolo go bana ba batho, mme bogolo jang mo peong ya rona, e e leng masalela a ntlo ya Iseraele.

3 Gonne go tlaa diragala mo letsatsing leo gore dikereke tse di agilweng, mme e seng go Morena, fa e ngwe e tlaa re go e nngwe: Bonang, nna, ke wa Morena; mme tse dingwe di tlaa re: Nna, ke wa Morena; mme jalo go tlaa rialo mongwe le mongwe yo o agileng dikereke, mme e seng go Morena—

4 Mme ba tlaa ganetsana nngwe le e nngwe; mme baperesiti ba tsone ba tlaa ganetsana mongwe le yo mongwe, mme ba tlaa ruta ka thutego ya bone, le go latola Mowa o o Boitshepho, o o nayang puo.

5 Mme ba latola thata ya Modimo, Moitshephi wa Iseraele; mme ba raya batho ba re: Obamelang go rona, mme utlwang ditaolwana tsa rona; gonne bonang ga go na Modimo tsatsi leno, gonne Morena le Morekolodi o dirile tiro ya gagwe, mme o neetse thata ya gagwe batho;

6 Bonang, obamelang lona go ditaolwana tsa me; fa ba ka re go na le kgakgamatso e dirilwe ka seatla sa Morena, lo seka lwa dumela; gonne ka letsatsi le, ga se Modimo wa dikgakgamatso; o dirile tiro ya gagwe.

7 Ee, mme go tlaa nna le ba le bantsi ba ba tlaa reng: Jang, nwang, mme lo ipele, gonne ka moso re a swa, mme go tlaa siama ka rona.

8 Mme go tlaa nna gape ba le bantsi ba ba tlaa reng: Jang, nwang, mme lo ipele; le fa go ntse jalo, boifang Modimo—O tlaa tlhoka molato mo go direng sebe se sennye; ee, akang go le go nnye, dirisang yo mongwe ka ntlha ya mafoko a gagwe, epela lehuti moagisanyi wa gago; ga go na molato mo go se; mme dirang dilo tse tsotlhe, gonne ka moso re a swa; mme fa e le gore re molato, Modimo o tlaa re itaya ka di thupa di se kae, mme kwa morago re tlaa bolokwa mo motseng wa bogosi jwa Modimo.

9 Ee, mme go tlaa nna le ba le bantsi ba ba tlaa rutang go latela mokgwa o, dithuto tse e seng tsa nnete, e le tsa lefela le bomatla, mme ba tla bo ba bodulogile mo dipelong tsa bone, mme ba tlaa batla kwa teng go fitlhela Morena dikgakololo tsa bone; mme ditiro tsa bone di tla bo di le mo lefifing.

10 Mme madi a baitshephi a tlaa lela go tswa fa fatshe kgatlhanong le bone.

11 Ee, botlhe ba dule mo tseleng; ba tsile mo tshenyegong.

12 Ka ntlha ya boikgogomoso, le ka ntlha ya baruti ba e seng ba nnete, le dithuto tse e seng tsa nnete, dikereke tsa bone di tsile mo tshenyegong, mme dikereke tsa bone di tsholeleditswe godimo; ka ntlha ya boikgogomoso ba budulogile.

13 Ba thukutha bahumanegi ka ntlha ya mafelo a a boitshepho a bone a mantle; ba thukutha bahumanegi ka ntlha ya diaparo tsa bone tse dintle; mme ba tshwenya ba ba bonolo le ba ba humanegileng mo pelong, ka gonne mo boikgogomosong jwa bone ba budulogile.

14 Ba apara melala e e gagametseng le ditlhogo tse di kwa godimo; ee, mme ka ntlha ya boikgogomoso, le boleo, le bodiabole, le boaka, botlhe ba latlhegile fa e se ba se kae, ba e leng balatedi ba ba boikokobetso ba ga Keresete; le fa go ntse jalo, ba eteletswe pele, gore mo makgethong a le mantsi ba a fosa ka gonne ba rutilwe ka ditaolwana tsa batho.

15 O batlhalefi, le barutegi, le bahumi, ba ba budulogileng mo boikgogomosong jwa dipelo tsa bone, le botlhe ba ba rerang dithuto tse e seng nnete, le botlhe bao ba ba dirang boaka, le go sokamisa tsela e e siameng ya Morena, khutsafalo, khutsafalo, khutsafalo go bone, go bua jalo Morena Modimo Mothatayotlhe, gonne ba tlaa latlhelwa tlase kwa moleteng!

16 Khutsafalo go bone ba ba kgaphelang kwa thoko ba ba tshiamo le tlhamalalo e le selo sa lefela mme ba kgoba kgatlhanong le seo se se molemo, mme ba re ga se na mosola! Gonne letsatsi le tlaa tla le Morena Modimo o tlaa etelang ka bofefo banni ba lefatshe; mme ka letsatsi leo fa ba budule mo boikeping, ba tlaa nyelela.

17 Mme bonang, fa banni ba lefatshe ba ka ikotlhaela boleo jwa bone le bodiabole ga ba na go senngwa, go bua jalo Morena wa Masomosomo.

18 Mme bonang, kereke e kgolo e e bodiabole eo, seaka sa lefatshe lotlhe, e tshwanetse go thubagana fa fatshe, mme bogolo e tlaa nna go wa ga yone.

19 Gonne motse wa bogosi wa ga diabole o tshwanetse go tshikhinyega, mme bao ba e leng ba one ba tshwanetse go tlhokega go fuduiwa go boikotlhao, e seng jalo diabole o tlaa ba bofa ka dikeetane tsa gagwe tsa bosakhutleng, mme ba tlaa fuduiwa go tšhakgalo, le go nyelela;

20 Gonne bonang, ka letsatsi leo o tlaa galefa mo dipelong tsa bana ba batho, mme o tlaa ba fuduwa go tšhakgalo kgatlhanong le seo se se molemo.

21 Mme ba bangwe o tlaa ba kokobetsa, le go ba fora mo tshireletsegong senama, gore ba tle ba re: Tsotlhe di siame mo Sione; ee, Sione o a tswelela, tsotlhe di siame—mme jalo diabole o tsietsa botho jwa bone, mme o ba isa go sele ka kelotlhoko go ya tlase kwa moleteng.

22 Mme bonang, ba bangwe o a ba fora, mme o ba bolelela ga go na molete; mme o ba raya a re: ga ke diabole, gonne ga a yo—mme jalo o sebela mo ditsebeng tsa bone, go fitlhelela a ba bofa ka dikeetane tsa gagwe tse di boitshegang, go tswa kwa go senang kgololo.

23 Ee, ba golegilwe ka loso le molete; mme loso, le molete, le diabole, le tsotlhe tse di tshwerweng ke tsone di tshwanetse go ema fa pele ga setilo sa bogosi jwa Modimo, mme ba atlholwe go ya ka fa ditirong tsa bone, go tsweng kwa ba tlaa yang mo lefelong le le baakanyeditsweng bone, le e leng tota letsha la molelo le magala, le e leng botlhoko le khutsafalo e e sa feleng.

24 Jalo he, khutsafalo go ene yo o iketlileng mo Sione!

25 Khutsafalo go ene yo o golang: Tsotlhe di siame!

26 Ee, khutsafalo go ene yo o obamelang go ditaolwana tsa batho, mme a latola thata ya Modimo, le mpho ya Mowa o o Boitshepho!

27 Ee, khutsafalo go ene yo o reng: Re amogetse, mme ga re tlhoke sepe!

28 Mme mo tshobolokong, khutsafalo go botlhe bao ba ba roromang, mme ba šakgetse ka ntlha ya boammaaruri jwa Modimo! Gonne bonang, yo o agileng mo godimo ga lefika o bo amogela ka boitumelo; mme yo o agileng mo motheong o o motlhaba o a roroma, e sere kgotsa o tlaa wa.

29 Khutsafalo go ene yo o tlaa reng: Re amogetse lefoko la Modimo, mme ga re tlhoke gape go feta ka lefoko la Modimo, gonne re na le mo go lekaneng!

30 Gonne bonang, go bua jalo Morena Modimo: Ke tlaa naya bana ba batho tselana mo tselaneng, kaelo mo kaelong, fa bonnye fale bonnye; mme go segofaditswe ba ba obamelang dikaelo tsa me, mme ba sekegela tsebe kgakololo ya me, gonne ba tlaa ithuta tlhalefo; gonne go ene yo o amogelang ke tlaa naya gole gontsi; mme go tswa mo go bone ba ba tla reng, Re na le mo go lekaneng, go tswa mo go bone go tlaa tsewa le mo ba nang le gone tota.

31 Khutsego go yoo yo o beileng tshepho ya gagwe mo mothong, kgotsa a dira nama letsogo la gagwe, kgotsa o tlaa obamela dikaelo tsa batho, fa e se dikaelo tsa bone di tlaa bo di filwe ka thata ya Mowa o o Boitshepho.

32 Khutsafalo go Baditšhaba, go bua jalo Morena Modimo wa Masomosomo! Gonne go sa kgathalesege ke tlaa lelafatsa letsogo la me go bone go tswa letsatsing go ya letsatsing, ba tlaa ntatola; le fa go ntse jalo, ke tlaa nna kutlwelobotlhoko mo go bone, go bua Morena Modimo, fa ba ka ikotlhaya mme ba tla kwa go nna; gonne letsogo la me le lelefetse letsatsi lotlhe, go bua Morena Modimo wa Masomosomo.